Jump to content

Claudia Romo Edelman

Go tswa ko Wikipedia

Claudia Romo Edelman (née Claudia González Romo) ke molweladitshwanelo tsa loago, sebui, le modipolomate wa nako e e fetileng wa Mexico le Switzerland. E ne e le Moeteledipele wa Ditlhaeletsano wa MokwalediMogolo wa Lekgotla la Ditshaba mme o ne a dira tiro ya go buelela UNICEF mo lefatsheng lotlhe, gape o ne a dira mo tirong ya go dirisana le batho le go rekisa mo mekgatlhong e mengwe ya boditšhabatšhaba, e e jaaka Foramo ya Itsholelo ya Lefatshe Lotlhe, Setheo sa Batshabi sa Lekgotla la Ditshaba le Letlole la Lefatshe Lotlhe la go lwantsha AIDS, Bolwetse jwa mafatlha le Malaria.

Claudia Romo Edelman
Tsalo (1971-01-14) January 14, 1971 (age 55)
ThutoUniversidad Intercontinental
London School of Economics
TiroActivist and Speaker
Bana2

Claudia Romo Edelman o na le dikirii tsa ditlhaeletsano le botlhalefi go tswa kwa Universidad Intercontinental, kwa Mexico, mmogo le masters mo ditlhaeletsanong tsa sepolotiki go tswa kwa London School of Economics.[1][2]

Claudia o dirile jaaka mookamedi wa ditlhaeletsano mo Kantorong ya Khuduthamaga ya Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano, a direla mogakolodi yo o kgethegileng wa Lenaneo la 2030 la Tlhabololo e e Tswelelang le phetogo ya tlelaemete.[3]Ka 2014 o ne a simolola gape go buelela UNICEF mo lefatsheng lotlhe,[2][4]mme e nnile leloko la Boto ya Kholetšhe ya Thuto ya Bank Street.[5]

O dirile mo dikamano tsa setšhaba le go bapatsa mo mekgatlhong ya boditšhabatšhaba e e jaaka Foramo ya itsholelo ya Lefatshe, Setheo sa Batshabi sa Ditšhabakopano[2][6]le Letlole la Lefatshe Lotlhe go lwantsha AIDS, Bolwetse jwa mafatlha le Malaria.[7][8][9][2]Claudia gape e nnile moporofesa yo o etileng wa go maketa kwa Yunibesithing ya Geneva.[2]

Romo Edelman o nnile le seabe mo dipolatefomong tsa bobegakgang tse di akaretsang Despierta América (Yunivision), NBC-Telemundo, AdAge, El Heraldo ya Mexico, le Reforma. O ne a tlhoma letsholo la Hispanic Star ka fa tlase ga Mokgatlho wa We Are All Human, o o tlhomang mogopolo mo go bonaleng le mo go emeleng baagi ba Hispanic le Latinx kwa United States. Ka 2024, o ne a simolola mmogo podcast ya A LA LATINA –The Playbook to Succeed Being Your Authentic Self e e neng e tlhomolola maitemogelo a seporofešenale a batsamaisi ba Latina.[10]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Claudia ke morwadia motshamiki wa kwa Mexico e bong Cecilia Romo le Raúl Domingo González Soto. O nna kwa New York City, o nyetse Richard Edelman mme o na le bana ba le babedi. Gape o bua dipuo di le thataro.[11]

Ditlotla le dietsele

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Latino Leaders Magazine 100 Latinas, 2020, 2025.[12]
  • TIME’s Latino Leaders, 2024 List.[13]
  • People en Español Poderosas, 25 Most Influential Latinas, 2020, 2025.[14]
  • ALPFA’s 50 Most Powerful Latinas, 2019, 2020, 2021, 2022.[15]
  • Crain’s Notable Hispanic Leaders and Executives Award, 2021.[16]
  • HPRA President’s Award, 2023.[17]
  1. "Claudia Romo Edelman". World Economic Forum. Retrieved 28 May 2025
  2. 1 2 3 4 5 "Claudia Gonzalez, Instructor". Coursera. Retrieved 28 May 2025.
  3. UN Web TV (20 Sep 2016). Special Commitment to the SDG’s. Archived from the original on 14 April 2018.
  4. "Marcas y agencias deben trabajar juntas para salvar vidas" [“Brands and agencies must work together to save lives.”]. Merca 2.0 (in Spanish). 21 June 2015. Retrieved 28 May 2025.
  5. "Statutory Trustees". Bank Street College of Education. Archived from the original on 31 January 2019.
  6. Mead, Rebecca (2009). "Better Halves". The New Yorker.
  7. Saavedra, Diana (July 21, 2010). "Utilizan Facebook en combate a SIDA". Reforma.
  8. Trentmann, Nina (December 20, 2011). "Das Facebook für Glüchtlinge". Welt Kompakt.
  9. "Claudia González, en pie de lucha a través del Fondo Mundial". ExpokNews. November 11, 2011
  10. "A LA LATINA - The Playbook To Succeed Being Your Authentic Self". A LA LATINA. Retrieved 2025-03-17.
  11. "Claudia Gonzalez". DLD Conference. Archived from the original on 14 June 2015. Retrieved 28 May 2025.
  12. Executive, Hispanic (2019-02-25). "Claudia Romo Edelman: "This is our time. There is no better time."". Hispanic Executive. Retrieved 2025-05-28
  13. Luscombe, Belinda (2024-09-12). "Claudia Romo Edelman Is Working to Challenge Stereotypes". TIME. Retrieved 2025-05-28
  14. "Las 25 mujeres más poderosas de 2025: poder ejecutivo". People en Español. Retrieved 2025-05-28.
  15. "ALPFA honors 50 most powerful Latinas of 2019". Al Día News (in Spanish). 2025-05-26. Retrieved 2025-05-28
  16. "Notable Hispanic Leaders & Executives 2021: Claudia Romo Edelman". Crain's New York Business. 2021-10-01. Retrieved 2025-05-28.
  17. "2023 HPRA President's Award"