Clovis Razafimalala
Clovis Razafimalala ke mosireletsi wa ditshwanelo tsa batho le molwela-tikologo go tswa kwa lefatsheng la Madagascar. O itsege thata ka go buelela go rengwa ga ditlhare mo go seng ka fa molaong kwa lefatsheng la Madagascar. [1] [2]
Razafimalala, yo o tlhalosiwang ke Mongabay jaaka molweladitshwanelo yo o itsegeng thata kwa Madagascar. [3] Ofentse Sekgele sa Aforika kwa Jeremane ka ngwaga 2018. [4]
Ka botshelo jwa gage
[fetola | Fetola Motswedi]Razafimalala o ntse a dira letsholo kgatlhanong le tiriso ya logong lwa rosewood go tsweng lefatsheng la Madagascar ka ngwaga wa 2009. Ka Moranang, morago ga mathata a sepolotiki sa Malagasy ka 2009, ene le ditsala tsa gage tse tlhano ba ne ba simolola lenaneo la seromamowa se se tlhamilweng kwa Maroantsetra kwa Radio 2000, le mo go lone ba neng ba tlotla ka go rengwa ga ditlhare tsa ebony le rosewood mo go seng ka fa molaong. Mo kgweding e le nngwe fela, mongwe o ne a fisa ntlo ya gagwe. Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 2010 o ne a tlhoma mokgatlho wa Lampogno MaMaBaie, o o neng o lebile thata go sireletsa diphaka tsa bosechaba tsa Masoala le Makira mo go ntshenyong ya metswedi e e neng seng ka fa molaong. [5] Razafimalala gape o dira jaaka morulaganyi wa kgaolo wa Mokgatlho wa bo sechaba wa ba Bobueledi tsa ka ga Tikologo. [6]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- Go rema ditlhare mo go seng ka fa molaong kwa Madagascar
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Clovis Razafimalala". Front Line Defenders (in Sekgoa). 2020-12-16. Archived from the original on 2023-04-27. Retrieved 2023-06-15.
- ↑ "Madagascar: Environmental Activist Clovis Razafimalala". American Bar Association (in Sekgoa). Archived from the original on 2023-04-26. Retrieved 2023-06-15.
- ↑ Carver, Edward (2017-10-20). "Another Madagascar environmental activist imprisoned". Mongabay (in American English). Archived from the original on 2023-02-04. Retrieved 2023-06-15.
- ↑ Oneko, Sella (23 May 2018). "Deutscher Afrika-Preis 2018 geht an Naturschützer". Deutsche Welle (in German). Archived from the original on 2018-05-29. Retrieved 2018-05-30.
- ↑ Rafidiharinirina, Fabienne (2017-05-08). "Anti-trafficking activist held without trial in Madagascar". Mongabay (in American English). Archived from the original on 2023-04-26. Retrieved 2023-06-15.
- ↑ "Clovis Razafimalala - Peace Post". Peace Post. Archived from the original on 2023-04-22. Retrieved 2023-06-15.