Codou Bop
Codou Bop | |
|---|---|
| Tiro | Sociologist, journalist |
Codou Bop ke sociologist ya kwa Senegal, mmegadikgang le molweladitshwanelo tsa basadi yo gape a lwantshang le kgokgontsho ya bong mo Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara.[1]
Ka ga gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a ne a dira jaaka mmegadikgang kwa Dakar ka 2005,[2] Bop o ne a dira patlisiso ka ga seabe sa basadi mo bobegadikgannyeng jwa Senegal (Le Quotidien, Le Soleil, Wal Fadjri le dithomelo tsa AFP). O ne a bontsha gore basadi ba teng fela mo diperesenteng di ferabobedi tsa ditsebe tsa ntlha tsa makwalodikgang[3] mme ba emetswe go feta selekanyo mo dikgannyeng tsa bokebekwa le tsa tshebo.
Bop ke mogokaganyi wa Setlhopha sa Patlisiso sa Basadi le Molao kwa Senegal (GREFELS) se e leng karolo ya ofisi ya kgokaganyo ya kgaolo ya Basadi ba ba Tshelang ka fa Tlase ga Melao ya Islam ya Aforika le Botlhabagare.[4][5]
Ka 2004, o ne a rulaganya buka ya Notre corps, notre santé. La santé sexuelle des femmes en Afrique subsaharienne mmogo le Fatou Sow. E ne e le buka ya ntlha e e neng e diretswe basadi ba Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara e e neng e bua ka mebele ya bone le thobalano. E ne ya gatisiwa fa leroborobo la AIDS le ne le ama basadi ba Afrika e e buang Sefora. E ne e akaretsa dikakgelo go tswa go Tona ya pele ya Botsogo Awa Marie Coll-Seck, mmaditso Penda Mbow le go tswa go dingaka, baithutabotshelo, baithutaloago, babueledi le babegadikgang.[6] Buka e ne ya anamisiwa mo mafatsheng a le masome mabedi le motso tsa Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara mme dinopolo tsa yone di ne tsa bonwa mo maranyaneng.[7]
Ditiro tse di gatisitsweng
[fetola | Fetola Motswedi]- Codou Bop, Réseau de recherche en santé de la reproduction en Afrique, Notre corps, notre santé : la santé et la sexualité des femmes en Afrique subsaharienne, Paris, L'Harmattan, 2004, 364 p.
- Codou Bop, La presse féminine au Sénégal, Dakar, 1978, 45 p.
- Codou Bop, Les femmes chefs de ménage à Dakar, Dakar, Afrique et Développement, 1995
- Codou Bop, L'excision : base de la stabilité familiale ou rituel cruel, Dakar, Famille et Développement, 1975
- Codou Bop, L'ajustement structurel féminise l'exode rural, 1995
- Codou Bop, Tidiane Kassé, Afrique de l'Ouest: réguler l'information en situation de conflit, Institut Panos Afrique de l'Ouest, 2004, 143 p.
- Codou Bop, Planification familiale en Afrique et droits des femmes en matière de procréation, Paris, La Découverte, 1995, 143 p.
- Islam and Women’s Sexual Health and Rights in Senegal” in Islam and Human Rights: Advocacy for Social Change in Local Contexts, Global Media Publications, 2006.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "BIO CODOU BOP – CINEFEMFEST" (in French). Retrieved 5 Phalane 2025
- ↑ Agnès Rotivel (November 6, 2006). "Codou Bop, musulmane et féministe". La Croix (in French). Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Faible représentativité de la femme dans la presse : La journaliste Codou Bop livre ses constats". Le Quotidien (in French). Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Codou Bop". African Feminist Forum. March 14, 2016. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Women Organising in Senegal: Charmaine Pereira speaks with Codou Bop". Feminist Africa. February 4, 2020. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "La femme invitée à connaître son corps pour mieux se l'approprier". Sénégal Education (in French). March 19, 2018. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Senegal: Research Group on Women and Laws in Senegal". Our Bodies Ourselves. 2005. Retrieved 5 Phalane 2025.
- ↑ "Codou Bop » African Feminist Forum". African Feminist Forum. March 14, 2016. Retrieved 5 Phalane 2025.