Jump to content

Colette Kress

Go tswa ko Wikipedia

Colette Kress (o tshotswe ka ngwaga wa 1967 kgotsa ka ngwaga wa 1968) [1] ke motsamaisi wa kgwebo wa kwa Amerika. Ga jaana ke motlhankedi mogolo wa matlotlo (CFO) wa Nvidia. [2] Badiri ba gagwe ba ba fetileng ba akaretsa Microsoft, Cisco, le Texas Instruments.[3]

Go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2025, Forbes e fopholetsa gore madi a gagwe a ka nna $1 billion.

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Kress o na le dikerii ya bachelor go tswa kwa Yunibesithing ya Arizona le Master of Business Administration (MBA) degree go tswa kwa Southern Methodist University Cox School of Business.[3]

Kress o ne a dira ditiro tse di farologaneng kwa Texas Instruments kwa tshimologong ya tiro ya gagwe.

O ne a bereka dingwaga di feta lesome kwa Microsoft. O ne a le CFO wa Server le Tools Division kwa Microsoft ka dingwaga di le nne.[4]Morago ga Microsoft, o ne a dira kwa Cisco jaaka CFO wa Business Technology le Operations Finance.[5][6]

Kress o ne a tsenela Nvidia jaaka CFO ya yone ka ngwaga wa 2013.[5]

O ne a tlhophiwa jaaka CFO wa Ngwaga wa 2016 ke Silicon Valley Business Journal, kgatiso ya American City Business Journals. [7]

Kress mmogo le mookamedi wa thekiso ya Nvidia Jay Puri jaanong ke dibilioneire.[8]Nvidia e ne e na le babeeletsi le batsamaisi ba dibilione ba le supa ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2025 fa tlhotlhwa ya Nvidia e ne e tlhatlogela kwa godimo ga $200, go ya ka Forbes. [9]

Kress ke mongwe wa dibilioneire tsa CFOs/ba-CFO ba maloba ba ba akaretsang Safra Catz wa Oracle le John Reece wa Ineos.[10]

O ne a le mo maemong a bo 44 mo lenaaneng la Fortune la Basadi ba ba Maatla go Gaisa ka ngwaga wa 2025.[11] Kress o ne a le mo maemong a bo 55 mo Forbes World's Most Powerful Women 2024 List.[12]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kress o nyetswe ke David Kress mme o na le barwa ba le babedi. O nna kwa Saratoga, California.[3]

  1. "NVIDIA Appoints Colette Kress as Chief Financial Officer". nvidia.com. 16 September 2013. Retrieved 11 November 2025.
  2. John, Steven (12 April 2025). "Who is Colette Kress? Meet the Nvidia CFO who has overseen the chipmaker's meteoric rise". businessinsider.com. Retrieved 16 November 2025
  3. 1 2 3 "Colette Kress". nvidia.com. Retrieved 11 November 20
  4. Lilly, Paul (17 September 2013). "NVIDIA Appoints Former Cisco and Microsoft Exec as New CFO". hothardware.com. Retrieved 12 November 2025.
  5. 1 2 McEntegart, Jane (18 September 2013). "Nvidia Appoints New CFO After Two-year Search". tomshardware. Retrieved 12 November 2025
  6. Estrada, Sheryl (19 June 2024). "Nvidia's CFO has been 'instrumental' in success and 'key to Jensen's vision,' top analyst says". fortune.com. Retrieved 16 November 2025.
  7. Stangel, Luke (2 December 2016). "CFO of the Year 2016: Colette Kress of Nvidia". bizjournals.com. Retrieved 16 November 2025.
  8. Carson, Biz (30 July 2025). "Nvidia's Billionaire Ranks Expand to Include CFO, Sales Chief". bloomberg.com. Retrieved 14 November 2025.
  9. Garcia, Emily (11 November 2025). "Nvidia Loses 2 Billionaires Amid Softbank-Led Selloff". forbes.com. Retrieved 15 November 2025
  10. Zaki, Adam (30 July 2025). "Nvidia's CFO crosses billion-dollar net worth mark". cfo.com. Retrieved 16 November 2025
  11. "Most Powerful Women". fortune.com. Retrieved 16 November 2025
  12. Forbes, Moira; McGrath, Maggie; Sairam, Erin Spencer; Burho, Erika (11 December 2024). "The World's Most Powerful Women". forbes.com. Retrieved 16 November 2025