Jump to content

Congo: Ditso tse di makatsang tsa batho

Go tswa ko Wikipedia
Congo: Ditso tse di makatsang tsa batho
Setshwantsho:Congo The Epic History of a People.jpg
MokwadiDavid Van Reybrouck
Setlhogo sa yoneCongo. Een geschiedenis
TemeDutch
ModiriDe Bezige Bj
Letsatsi le dirilweng ka lone
2010
Published in English
2014
Media typee e gatisitsweng
Pagesmakgolo marataro, masome a mararo le borataro
ISBN978-0-06-220011-2

Congo: Ditso tse di makatsang tsa batho ke buka e e seng ya ditlhamane ya ditsebe di le makgolo a marataro, masome a mararo le borobabongwe e e kwadilweng ke David Van Reybrouck, e gatisitswe lantlha ka ngwaga wa 2010. E tlhalosa ditso tsa lefatshe la Democratic Republic of the Congo go tswa motlheng wa bogologolo go tsena gompieno, boremelelo jwa yone e le motlha wa bokolone jwa Belgium go fitlhelela buka e ntshiwa. Buka e e ne e gatisitswe pele ke De Bezige Bij ka Motsheganong a le malatsi a a mararo ngwaga wa 2010.[1] Fa ngwaga wa 2012 o ya bokhutlong e ne e rekisitswe makgetho a le dikete di le makgolo a mararo ka puo ya Dutch.[2] Thanolo ya yone ya sekgowa e ne e dirwa ke Sam Garrett.

Van Reybrouck o bolela ditso tsa lefatshe la Democratic Republic of the Congo go tswa ka nako ya kgwebo ya bokgoba go tsena nako ya dipatlisiso le bokolone jwa mafatshe a Europe ka fa tlase ga Congo Free State le Belgian Congo, boipuso, dipharagobe tsa Congo, bobusaesi jwa ga Mobutu, dintwa tsa selegae tse pedi, le nako ya fa lefatshe le banni ba lone ba neng ba itlwaetsa maemo a mašha mo lefatsheng. Buka e ke ditlamorago tsa tshekatsheko ya dingaga tse thataro, mokwadi o tsere maeto a le lesome go ya Congo a nna le dipuisano di le makgolo a matlhano le banni ba Congo, ba maemo a a fa godimo le beng gae.[2] Van Reybrouck o tlhatlhoba morafe wa Congo wa gompieno kwa Guangzhou kwa bagwebi ba ka nna dikete di le mmalwa ba neng ba romela ditanka kwa gae ka lewatle di rwele dithoto tsa thekiso. Kwa phelelong mokwadi o gwetlha kakkanyo e e tlwaelesegileng ya gore lefatshe leo ke lefelo la dikhumo tsa tlholego tse di thusitseng itsholelo ya lefatshe ka bophara, le gore ditso tsa lone di felela fela mo gae, di tletse ditoro le meriti.[3] O supa gore tiriso botlhaswa ya raba e bakile nngwe ya matsholo a ditshwanelo tsa setho a matona mo ditsong, masole a Congo a ne a na le seabe mo phenyong ya botlhokwa mo Aforika mo dintweng tsoo pedi, ntwa ya United States le Soviet Union mo Aforika e simolotse kwa Congo, jaaka go diragetse le ka tsenelelo ya United Nations, le gore dintwa tsa selegae di gwetlhile letsholo la go dira kagiso le letona ebile le tura go fetisa selekanyo.[3]

Mo bathobng ba Van Reybrouck a buisantseng le bone go na le Etienne Nkasi, o a neng a nna mo mokhukhung kwa Kinshasa. "Digalase tsa gagwe di ne di bofeletswe mo tlhogong ka sekgomaretsi sa raba. Kwa morago ga galase e e kima ebile e kgobogile, ke ne ka bona matlho a a tletseng dikeledi." Nkasi o ne a mmolelela gore o tshotswe ka ngwaga wa 1882. [4]Van Reybrouck o ne a tlhola gore a go a kgonagala gore a bo a le dingwaga di le lekgolo, masome a a mabedi le borataro, a fitlhela a itse maina a barongwa ba nako tseo ebile a itse Simon Kimbangu ka sebele, o a neng a le mmotlana a tsholetwe mo motseng o o gautshwane. Nkasi o tlhokafetse ka ngwaga wa 2010 a le dingwaga di ka nna lekgolo, masome a mabedi le borobabobedi.

Stephen W. Smith (wa pampiri ya dikgang ya The Guardian) o supile fa tumalano e le gore buka e e balega jaaka padi ya itloso bodutu, mme e le matsetseleko jaaka ditso tsa thuto.[5] O akgola mokwadi go dira ditso tsa Congo gore di kgone go balwa ke batho ba tshwana le rona.[6] Nicholas van de Walle (wa Foreign Affairs) a re buka e e sekasikilwe ebile o rata dinepe tse di nang le tlhotlheletso tsa batho ba ba tshwanang le nna le webna. Chris Hartman (wa pampiri ya The Chrstian Science Monitor) o dumela fa buka e ka bo e tswetswe ke mosola tshekatsheko ya segajaja sa AIDS, mme o supa fa Van Reybrouck a kopantse sekao se se tsepameng mo dikwalong tse di fetileng ka tlhaselo ya bokolone.[7] J M Legard wa new York Times o tlhalosa buka e batlisitswe thata, ebile e le maleba mo mongwe le mongweng o o nang le keletso ya gore ditso di amana jang le bokamoso jwa rona.[8]

Dithanolo

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 2010: AKO Literatuurprijs (kwa Netherlands le Flanders.[10]
  • 2010: Libris History Prize (kwa Netherlands le Flanders[10]
  • 2012: Prix medicis essa (kwa France)[2][10]
  • 2012: Prix du Meilleur Livre Etranger (kwa France)[11]
  • 2012: NDR Kultur Sachbuchpreis (kwa Germany)[11]
  • 2013: Prix Aujourd'hui (kwa France)[12]
  • 2014: nngwe ya tse thataro tse di neng di tlhophilwe,[13] eble e le nngwe ya tse tharo tsa ntlha ka seetsele sa Cundill.[14]
  1. Hellemans, Frank (29 April 2010). "Congo-namiddag met David Van Reybrouck". Knack (in Dutch). Retrieved 09 July 2025
  2. 1 2 3 ""Congo, une histoire", une somme impressionnante de David Van Reybrouck". RTBF (in French). 6 November 2012. Retrieved 09 July 2025
  3. 1 2 David van Reybrouck (25 March 2014). Congo: The Epic History of a People. HarperCollins, 2012. p. 555f. ISBN 978-0-06-220011-2.
  4. David Van Reybrouck. Congo: The Epic History of a People. HarperCollins, 2014. p. 7.
  5. Stephen W. Smith (August 8, 2014). "Congo: The Epic History of a People and Stringer: A Reporter's Journey in the Congo – review". The Guardian. Retrieved 09 July 2025.
  6. Nicholas van de Walle (May 2014). "Congo: The Epic History of a People (Review)". Foreign Affairs. 93 (3). Retrieved 09 July 2025
  7. Chris Hartman (June 4, 2014). "'Congo' is a magnificent, epic look at the history of the region". The Christian Science Monitor. Retrieved 09 July 2025.
  8. J. M. Legard (May 1, 2014). "History's Stranglehold. David Van Reybrouck's 'Congo'". The New York Times. Retrieved 09 July 2025.
  9. O'Toole, Sean (27 October 2012). "Africa's a bit of all write". Mail & Guardian. Retrieved 09 July 2025
  10. 1 2 3 "Prijsbeest Van Reybrouck wint NDR Cultuur non-fictieprijs" (in Dutch). Brusselnieuws.be. 13 November 2012. Retrieved 09 July 2025
  11. 1 2 "Boek David Van Reybrouck is internationaal success". Het Nieuwsblad (in Dutch). 14 November 2012. Retrieved 09 July 2025
  12. "Le Prix Aujourd'hui à David Van Reybrouck pour "Congo"". RTBF (in French). 9 April 2013. Retrieved 09 July 2025
  13. "Cundill Prize shortlist for historical literature spans the globe". Toronto Star. 29 September 2014. Retrieved 09 July 2025
  14. "2014 Cundill Prize Finalists". Cundill Prize. Retrieved 09 July 2025