Connie Mofokeng
Connie Mofokeng (o o tshotsweng ka 1959) ke mme wa mmala o montsho wa Aforika Borwa o e neng e le molweladitshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele. Mofokeng e ne e le leloko la khansele ya baemedi ba baithuti ba Soweto ka nako ya dikgoberego tsa Soweto, o ne a tshwarwa ga mmogo le ba bangwe ba le lekgolo,[1] Mofokeng e ne e le leloko le mokwaledi wa tshimologo ya lekgotla la Vaal la basadi. Ka ngwaga wa 1984, Mofokeng o ne a gwanta kgatlhanong le puso ya tlhaolele, a tshwarwa gape a isiwa kgolegelong. Morago, o ne a kgona go iphalotsa a tshelela mo go tshabeng.[2][3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mofokeng o tsholetswe kwa Johannesburg.[4]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga dikgwedi di le tharo a le mo kgolegelong ka natlha ya dikgoberego tsa Soweto, Mofokeng o ne a kobiwa kwa sekolong. O ne a rulaganya gore a kgone go tswelela a tsenelela dithuto tsa gagwe.[1]
Pogiso
[fetola | Fetola Motswedi]Mofokeng o ne a bogisiwa fa a le mo kgolegelong ka maiteko a gore a bue ka dikgoberego tsa Soweto. O ne a itewa ka mabole, a ragiwa, masole a ne a dirisa motlakase go mmogisa. Go tshwara ga gagwe ga 1984 go ne ga baka gore a bogisiwe gape a seka a fiwa dijo sentle, go fitlhelela a idibala. Mofokeng o ne a tlhaga fa a le mo tseleng a isiwa sepatela, atshela ka go nna motshabi. Fa a sena go bona ngaka, o a neng a supa fa a filwe botlhole jo bo senyang mateng a gagwe, o ne a diriwa loaro, mme a kgona go fola.[5] Ga ise ke a bolele sepe ka se se diragetseng. Mofokeng o ne a latlhegelwa ke kutlo mo tsebeng ya gagwe ya moja ka ntlha ya dipetso.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 sahoboss (2011-02-17). "Connie Mofokeng". South African History Online. Retrieved 20 November 2025
- ↑ sahoboss (2011-03-21). "A List of women involved in the women's struggle in South Africa, 1900-1994". South African History Online. Retrieved 20 November 2025
- ↑ Hassim, Shireen (2006-06-26). Women's Organizations and Democracy in South Africa: Contesting Authority. Univ of Wisconsin Press. ISBN 9780299213831.
- ↑ Russell, Diana E. H. (September 2003). Lives of Courage: Women for a New South Africa. iUniverse. ISBN 9780595291397.
- ↑ Russell, Diana E. H. (September 2003). Lives of Courage: Women for a New South Africa. iUniverse. ISBN 9780595291397.
- ↑ "Connie Mofokeng, interview by Diana Russell, South Africa, 1987 | Alexander Street, a ProQuest Company". search.alexanderstreet.com. Retrieved 20 November 2025