Conservation International Botswana
| Abbreviation | CI Botswana |
|---|---|
| Formation | ngwaga wa 1993 |
| Type | lenaneo la lefatshe |
| Headquarters | Gaborone Botswana |
Region served | Botswana |
| Fields | Tshomarelo tikologo; mafelo a a sireleditsweng; go tshela mmogo ga batho le diphologolo; go emelelana le seemo sa loapi |
Parent organization | Conservation International |
| Website | https://botswana.conservation.org/ |
Conservation International Botswana (CI Botswana) ke lenaneo la lefatshe la Botswana la tshomarelo la mafatshefatshe. Conservation International e simolotse go bereka mo Botswana ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro ka lenaneo la bone la CI-Okavango.[1]
CI Botswana e dirile mananeo kwa kgaolong ya makgobokgobo a Okavango, a akaretsa thuto ka tikologo, dipuisano tsa melao, go tlhama dikgwebo le itsholelo ya bojanala, ditshekatsheko tsa diphologolo tsa naga le go tlhokomela ga tshekatsheko ya diphologolo tsa naga ka maranyane le tiro ya go paka e e diregang ka bofefo.[2][3] E tsere karolo mo mananeong a go tshela mmogo ga batho le diphologolo tsa naga le mekgatsha ya pabalelo kwa bokone le bophirima jwa Botswana.[4] Ka dingwaga tsa dikete pedi masome a mabedi, lenaneo la yone la tiro le ne le akaretsa porojeke ya go tlwaela le go rarabolola tikologo mo lefatsheng la masimo la Botswana le engwe nokeng ke letlole la Green Climate.[5][6]
Dintlhakaretso
[fetola | Fetola Motswedi]CI Botswana e na le diofisikgolo kwa Gaborone, mme gape e na le diofisi kwa Maun le Bobonong.[7]
Lenaneo la letsha la Okavango le tlhalositswe e le maiteko a a kopanetsweng a a akaretsang thuto, molao, dipuisano, go tlhabolola dikgwebo le itsholelo ya bojanala, dipatlisiso le go tlhokomela, e bereka le puso ya mo gae e engwe nokeng ke khansele ya bogakolodi e modulasetilo wa yone e leng tona wa khuduthamaga ya Botswana.[2][3] CI Botswana gape e tsere karolo mo diporojekeng tsa go tshela mmogo ga diphologolo tsa naga le batho le go dira mekgatsha ya tshomarelo kwa bokone le bophirima jwa Botswana.[5]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Conservation International e simolotse go bereka mo Botswana ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro, e butse ofisi kwa Maun e le bontlha jwa lenaneo la yone la CI.[1][2]
Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bosupa, lefatshe la Namibia le ne la ntsha kakanyo ya go fefosa nako ya go fepa Windhoek ka metsi ka metsi a a tswang kwa nokeng ya Okavango. Conservation International e ne ya re nako e fefositswe ya bo ya ema nokeng dikopo tsa gore komiti ya metsi a kgampu ya noka ya Okavango (OKACOM) go dira dithuto tse di tseneletseng tsa ditlamorago mo tikologong le matshelo a batho pele ga porojeke e simologa.[8]
Ka dingwaga tsa dikete pedi di santse di simologa, lenaneo la CI-Okavangi le ne la amogela madi a ditlhabololo (ka ngwaga wa dikete pedi go tsena dikete pedi le boraro) go re tiro e diriwe mo kgaolong ya makgobokgobo a Okavango, fa godimo ga madi a mangwe a a neng a abetswe lenaneo.[5]
Tiro e e amanang le lenaneo la makgobokgobo a Okavango morago e ne ya akaretsa go tsaya karolo mo mananeong a go tshela mmogo ga diphologolo tsa naga le batho le go aga mekgatsha ya tshireletso ya diphologolo, ka dingwaga tsa dikete pedi masome a mabedi e ne e akaretsa lenaneo la masimo a setshaba le engwe nokeng ke letlole la Green Climate.[5][6]
Ka dingwaga tsa dikete pedi di ya fifing, CI Botswana e ne ya tsaya karolo mo go rulaganyeng le go neelana dintlha mo go amanang ke porojeke ya go tshedisana mmogo ga diphologolo le batho kwa bokone le bophirima jwa Botswana, ya bereka le lephata la diphologolo tsa naga le mafelo a itloso bodtu (DWNP) kwa porojekeng ya bophirima jwa Kgalagadi.[5]
Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, letlole la Green Climate le ne la tlhomamisa porojeke thulaganyo e e ikaegileng ka tikologo le go fokotsa ditlamorago mo mafudisong a setshaba sa Botswana, Conservation International Foundation ke yone e okametseng; go diragadiwa go simolotse ka Morule a rogwa ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, porojeke e simolotswe semmuso kwa Tsabong ka Motsheganong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano.[6][7][9][10]
Mananeo le ditsamaiso
[fetola | Fetola Motswedi]Mo lefatsheng
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaneo la lefatshe la CI Botswana le akaretsa go bereka mo porojekeng ya thulaganyo e e ikaegileng ka tikologo le go fokotsa ditlamorago mo mafulong a Botswana, e le lenaneo le le itebagantseng le busetseng le go tlhokomela mafulo go tokafatsa diruiwa le go emelelana le komelelo ya mafulo fa go okediwa carbon mo mmung le go fokotsa go ntsha gase.[6][7] Ditirelo kwa mafudisetsong a kwa Ngamiland, Bobirwa le Kgalagadi di akaretsa o fudisa ka go fapaana le methale e mengwe ya go tsosolosa mafulo jaaka go baakanya didiba le go lema.[11][10][9] Porojeke e ne ya simololwa semmuso phatlalatsa kwa Tsabong ka Motsheganong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano.[9][10]
Kgaolo ya Makgobokgobo a Okavango
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaneo la CI Botswana la makgobokgobo a Okavango le akareditse thuto ka tikologo, dipuisano tsa melao, kemo nokeng ya dikgwebo le itsholelo ya bojanala, le tshekatsheko le ditirelo tsa go okamela go nna le dintlha ka tikologo le metsamao ya diphologolo tsa naga.[2][3] Lenaneo le tlhalositswe le okametswe ke babereki ba lefatshe le batsaya karolo ba kaelwa ke khansele ya bogakolodi modulasetilo wa yone e le tona o o mo khuduthamageng, batsaya karolo e le matona a puso le ditlhopha tse dingwe tsa batsaya karolo.[2][3]
Mananeo a thuto le a setshaba a a amantsweng le lenaneo a akaretsa lefelo la go ithuta kwa Maun Wildlife Educational Park, didirisiwa tsa thuto di dirilwe ke lephata la thuto go tsenya thuto ya tikologo mo dikolong, dikampa tsa ngwaga le ngwaga tsa bana go tswa kwa metseng go bapa le kwa makgobokgobong, le kemo nokeng ya dikgwebo tsa go dira ditlatlana.[3][2] CI Botswana le yone e ne ya tsaya karolo mo go rulaganyeng le go abelana dintlha tse di amanang le porojeke ya go tshela le diphologolo tsa naga ga batho kwa bokone jwa Botswana.[4]
Makgadikgadi Pans
[fetola | Fetola Motswedi]CI Botswana e eme nokeng ditshekatsheko tsa diphologolo tsa naga le go di tlhokomela kwa tikologong ya Makgadikgadi Pans.[1] go sekaseka le go tlhokomela kgaolo ya Makgadikgadi go akareditse ditshekatsheko tsa diphologolo tsa naga le go ithuta go anama ga dipitse tsa naga le metsamao e e farologaneng ka dipaka, go akaretsa phudugo ya tsone ya sebaka se seleele gareng ga makgobokgobo a Okavango le Makgadikgadi.[12][13]
Mosepele wa noka ya Cuando
[fetola | Fetola Motswedi]Diterata tsa molelwane le tsa go laola mesepele ya diruiwqa di dirisiwa go farologanya diphologolo tsa naga le diruiwa go thibela go tshelana malwetsi.[14] Kwa go nna diphologolo teng gaufi le noka ya Cuando, terata ya diruiwa e tona e e kgaoganynag Namibia le Botswana gape e iletsa mesepele ya diphologolo tsa naga mo molelwane wa Botswana le Namibia.[15] Go sekaseka dintlha tse di tserweng ke GPS go tswa mo ditloung tse di tsentsweng maranyane a GPS di feta lekgolo kwa lefelong la pabalelo ya diphologolo tsa naga kwa Okavango le Zambezi go ne ga supa fa terata ya molelwane e e kgaoganyang mafatshe a Botswana le Namibia e ne e esa kgongwe go tlolwa ke ditlou tsa basadi ebile e fokotsa metsamao mo dikgaolong dingwe, fa ditlou tsa banna tsone di tlola gangwe le gape.[14] CI Botswana e ikgolagantse le puso ka diterata tsa diruiwa le ka fa di amanang ka teng le diphologolo tsa naga, go akaretsa tiro e e amanang le mosele wa dikhilomithara di le masome mane kwa nokeng ya Cuando.[1] Lenaneo le amantswe le dipuisano le batsaya karolo le dikgakololo tsa go aga diterata tsa diruiwa kwa bokone jwa Botswana, mo go akaretsang go kopa tshekatsheko ya tikologo e e amanang le go aga diterata kwa kgaolong ya Okavango.[16][17]
Mosele wa pabalelo ya diphologolo wa Kgalagadi Bophirima
[fetola | Fetola Motswedi]CI Botswana e berekile le DWNP mo porojekeng ya mosele wa tshomarelo diphologolo tsa naga kwa bophirima jwa Kgalagadi, o o tlhalosiwang e le mosele o o amanyang Kgalagadi Transfrontier Park le Central Kalahari Game Reserve o o amanang le go ditlamelo tsa diphologolo tsa naga, go tlhabolola setshaba le bojanala mo kgaolong ya mosele.[4] Porojeke ya mosele wa pabalelo ya diphologolo kwa bophirima jwa Kgalagadi e ne e supa mebepe ya mafelo a diphologolo di nnang kwa go one, ditsela tse di tsamayang ka tsone le mesele e e mo tikologong ya Klahari e e amanyang Kgalagadi Transfrontier Park le lefelo la diphologolo la Central Kalahari, e ne gape ya leka go tlhopha le go ema nokeng diporojeke tsa setshaba tse di amanang le go tlhokomela mosele; porojeke e ne ya tswalwa ka ngwaga wa dikete pedi le lesome.[18]
Makgabisa naga a lenaneo la Conservation International Botswana




Ditirisanommogo
[fetola | Fetola Motswedi]Mananeo a CI Botswana a akareditse tirisanommogo le makgotla a puso ya Botswana le batsaya karolo ba bangwe. Kwa kgaolong ya makgobokgobo a Okavango, go okamela lenaneo go akareditse khansele ya bogakolodi e modulasetilo wa yone e leng tona wa khuduthamaga ya Botswana le go tsaya karolo ga puso le baemedi ba setshaba, thuto ya tikologo e akareditse didirisiwa tsa thuto tse di dirilweng ke lephata la thuto la Botswana.[2][3]
Mo legatong la lefatshe, tiro ya go tsosolosa mafulo e akareditse letlole la Green Climate le lephata la temothuo la Botswana, ga mmogo le go simolodisa semmuso kwa Tsabong ka Motsheganong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano.[5][9][10] CI Botswana le yone e ne ya tsaya karolo mo go rulaganyeng le go go abelana dintlha mo go amanang le porojeke ya go tshela le diphologolo kwa bokone jwa Botswana, ba bereka le lephata la diphologolo tsa naga mo porojekeng ya mosele wa bophirima jwa Kgalagadi.[4] Ka nako ya dingangisano tsa kgaolo ka nako e e tlhokegang go goga metsi kwa nokeng ya Okavango ga Namibia, e ne ya ema nokeng dikopo tsa gore thomo ya kgampu ya noka ya Okavango e dire dipatlisiso tse di tseneletseng tsa tikologo le ditlamorago pele ga porojeke e tswelela.[8]
Madi a go somarela diphologolo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka dingwaga tsa dikete pedi go tsena dikete pedi le boraro, lenaneo la CI la Okavango le ne la amogela madi a ditlhabololo a dikete di le makgolo a supa, a tiro e ba e dirang kwa makgobokgobong a Okavango, ga mmogo le madi a mangwe a dithuso.[2]
Ka dingwaga tsa dikete pedi le masome a mabedi, Conservation International Foundation e ne ya nna lekgotla le le tlhomamisitsweng la letlole la Green Climate la bojanala jwa tikologo le go tlwaela kgotsa go femela tshenyego ya mafulo mo Botswana.[5][6] Porojeke e ne ya dumelwa ka Mopitlo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, ya simolola go diragatsa ka Morule a rogwa ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, ka kakanyetso ya gore e tlaa fediwa ka Seetebosigo a rogwa ngwaga wa dikete pedi masome a mararo; madi a akaretsa madi a didikadike di le masome a mararo le borataro le a didikadike di le masome a marataro a a kopanetsweng.[5] Porojeke e akaretsa pego ya tikologo le selegae le leano la go diragatsa mo go tsa bong.[19][20] Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi, Conservation International, letlole la Green Climate le lephata la temothuo di ne tsa simolodisa lenaneo la go busetsa mafudiso la didikadike di le masome a robabaongwe le borobabobedi.[21]
Ditlamorago le tshekatsheko
[fetola | Fetola Motswedi]Go tlhokomela le go sekaseka dintlha tsa tiro ya CI Botswana go gatisitswe mo mafaratlhatlhaeng a go bega a bathusi ba madi.[22][11]
Mo porojekeng ya bokone jwa Botswana ya go tshela le diphologolo ga batho, pego ya nwgaga wa dikete pedi lesome le botlhano e ne ya bega fa go na le ba ba anywileng mo porojekeng ba le sekete, lekgolo masome a mane le borataro, ba ne ba akaretsa le pego ya batho ba ba thapilweng go tlatsa le ba ba dirang ditiro tsa go leka go thibela, malwapa a le makgolo mabedi masome a robabaongwe le bosupa a dirisa ditsela tsa go thibela (di akaretsa dintsa tse di disang, go aga masaka le go nna le dinotshi), le maloko a le masome a marataro le bosupa a a thapilweng mo dikgwebong tsa mo gae tsa tlholego; e ne gape ya supa maano a go sekaseka ditsela tsa go simolola go thibela ka ngwaga wa bofelo wa tshimolodiso porojeke e le tsela ya go ithuta mo go oketseng.[22]
Mo porojekeng ya mafudiso e e engweng nokeng ke letlole la Green Climate, dipego tsa ka fa e dirang ka teng tsa ngwaga le ngwaga go tswa ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi go tsena ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bone di ne di kgobokanya tswelelo pele, maduo kgatlhanong le tsela ya go beeletsa le ditshupo tsa porojeke, dintlha tsa madi, le dintlha tse disha tsa tikologo le go somarela, beng gae le dikgang tsa bong, gammogo le dikgwetlho le ditsela tsa go thibela; dipego di neelwa mokwaledi wa letlole go di sekaseka, ke lekgotla le le tlhomamisitsweng.[11][23][24]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "About Conservation International Botswana". Conservation International Botswana.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 Delivering Global Public Goods Locally: Lessons Learned and Successful Approaches (PDF) (Report). World Bank, Development Grant Facility (DGF). February 2003. p. 8.
- 1 2 3 4 5 6 Good Practice in Global and Regional Programs: Engaging the Poor and Civil Society, Building Inclusion, Harnessing Markets, Working with the Private Sector, and Managing Donor Relationships (PDF) (Report). World Bank, Development Grant Facility (DGF). December 2000. pp. 20–24.
- 1 2 3 4 Project Appraisal Document on a Proposed Grant from the Global Environment Facility Trust Fund to the Republic of Botswana for a Northern Botswana Human Wildlife Coexistence Project (PDF) (Report). World Bank. 26 October 2009. pp. 23–24, 62.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 "Ecosystem-based adaptation and mitigation in Botswana's communal rangelands". Green Climate Fund.
- 1 2 3 4 5 "Ecosystem-Based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 6 April 2021.
- 1 2 3 "Contact". Conservation International Botswana.
- 1 2 "Good rains save delta - for now". Mail & Guardian. 7 February 1997.
- 1 2 3 4 "Govt mitigates climate change effects" (PDF). Daily News (Botswana). 13 May 2025. p. 3.
- 1 2 3 4 "Adapt or Die". The Voice (Botswana). 19 May 2025.
- 1 2 3 "2024 Annual Performance Report for FP158: Ecosystem-Based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 15 August 2025.
- ↑ Makgadikgadi Framework Management Plan 2010: Volume 2 – Chapter 5: Wildlife Resources and Human Wildlife Conflict (PDF) (Report). Centre for Applied Research; Department of Environmental Affairs (Botswana). 2010. pp. ii, 35, 38–39.
- ↑ Bartlam-Brooks, H. L. A.; Bonyongo, M. C.; Harris, Stephen (April 2011). "Will reconnecting ecosystems allow long-distance mammal migrations to resume? A case study of a zebra Equus burchelli migration in Botswana". Oryx. 45 (2): 210–216. doi:10.1017/S0030605310000414.
- 1 2 Naidoo, Robin; Beytell, Piet; Brennan, Angela; Kilian, Werner; McCulloch, Graham; Stronza, Amanda; Taylor, Russell; Tsholofelo, Chief; Songhurst, Anna (17 February 2022). "Challenges to Elephant Connectivity From Border Fences in the World's Largest Transfrontier Conservation Area". Frontiers in Conservation Science. 3 788133. doi:10.3389/fcosc.2022.788133.
- ↑ KAZA TFCA – Master Integrated Development Plan, 2015–2020 (Report). Kavango Zambezi Transfrontier Conservation Area (KAZA TFCA) Secretariat. 29 January 2016. pp. 20–21.
- ↑ Good Practice in Global and Regional Programs: Engaging the Poor and Civil Society, Building Inclusion, Harnessing Markets, Working with the Private Sector, and Managing Donor Relationships (PDF) (Report). World Bank, Development Grant Facility (DGF). December 2000. pp. 136–138.
- ↑ Ferguson, K.; Hanks, J., eds. (2010). Fencing impacts: A review of the environmental, social and economic impacts of game and veterinary fencing in Africa with particular reference to the Great Limpopo and Kavango-Zambezi Transfrontier Conservation Areas (PDF) (Report).
- ↑ Action Plan for Implementing the Convention on Biological Diversity's Programme of Work on Protected Areas (PDF) (Report). Department of Wildlife and National Parks, Ministry of Environment, Wildlife and Tourism (Botswana). pp. 13–14 – via Convention on Biological Diversity.
- ↑ "Environmental and social safeguards (ESS) report for the programme - Ecosystem-based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 23 February 2021.
- ↑ "Gender action plan - FP158: Ecosystem-based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 23 February 2021.
- ↑ Tabane, Tshiamo (13 December 2022). "US$98 million initiative to restore rangelands in Botswana". Farmers Weekly.
- 1 2 Implementation Status & Results Report (ISR) – Northern Botswana Human Wildlife Coexistence Project (P095617) (PDF) (Report). World Bank. 12 June 2015.
- ↑ "2023 Annual Performance Report for FP158: Ecosystem-Based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 30 April 2024.
- ↑ "2022 Annual Performance Report for FP158: Ecosystem-Based Adaptation and Mitigation in Botswana's Communal Rangelands". Green Climate Fund. Green Climate Fund. 1 June 2023.