Jump to content

Cynthia Konlan

Go tswa ko Wikipedia

Cynthia Konlan Findib (yo o tshotsweng ka Ngwanaatseele a le masome mabedi le boferabongwe 2002) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa seporofešenale wa Ghana yo o tshamekang jaaka motshwaradino wa setlhopha sa Liki ya Basadi ya Saudi sa Al-Hilal le setlhopha sa bosetšhaba sa Ghana.

Tiro ya setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]

Konlan o simolotse loeto lwa gagwe lwa kgwele ya dinao kwa Ghana a le dingwaga di le lesome le bone fela, a tsenelela Pearl Pia Ladies ka 2016. O ne a nna mo maemong a gagwe koo go fitlha ka 2022.[1]

Swieqi United, 2022–23

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Lwetse 2022, setlhopha sa Basadi sa Malta sa Lephata la Ntlha sa Swieqi United se ne sa saena Konlan. Morago ga gore a nne karolo ya tlhopho ya Ghana ya Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa 2022 sa FIFA U-20 se se neng se tshwaretswe kwa Costa Rica.[2] Ka Motsheganong 2023, o ne a atolosa konteraka ya gagwe le Swieqi United mo dipakeng tse pedi tse di latelang, jaaka go netefaditswe semmuso ke setlhopha sa Assikura Women’s League ka Labotlhano. Konlan o nnile le seabe se se botlhokwa mo phenyong ya bosheng ya Swieqi United mo kgatong ya Knockout ya Basadi ya Assikura. Mo setlheng sotlhe, o ne a tshwarelela thata a ntsha dino di le thataro fela. Tiragatso e e kgatlhang ya ga Konlan e ne ya dira gore a newe sekgele sa Motshwaradino wa Ngwaga wa Mokgatlho wa Batshameki ba Kgwele ya Dinao wa Malta.[3]

Al Hilal, 2023–gompieno

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe 2023, Konlan o ne a saena tumalano ya kadimo ya ngwaga o le mongwe le Al Hilal kwa Saudi Arabia, a tlogela setlhopha sa gagwe ysa ga jaana, Swieqi United FC. Kitsiso ya go fuduga ga gagwe e ne ya dirwa mo Facebook, mme setlhopha se ne sa tlhagisa boitumelo jwa sone ka loeto lwa gagwe lo losha mo Setlheng sa 23/24.[4][5]

Tiro ya boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Cynthia e ne e le karolo ya setlhopha sa Ghana sa dingwaga tse di ka fa tlase ga 17 sa ditlhopha tsa Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA U-17 sa 2018. A tshameka motshameko o le mongwe fela, kgatlhanong le Mexico a tla jaaka moemedi mo metsotsong wa bo masome a ferabongwe le botlhano go tshameka diphenalethi tse ba neng ba di latlhegelwa ke tse pedi go tse nne.

Konlan o ne a akarediwa mo setlhopheng sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le masome mabedi sa Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA U-20 sa 2022. A tshameka metshameko e le mebedi fa Ghana e tswa mo legatong la ditlhopha.

Konlan o amogetse pitso ya gagwe ya ntlha go tsenela setlhopha sa bosetšhaba se segolo mo motshamekong wa botsalano kgatlhanong le Morocco ka Moranang a le lesome le bobedi 2022, mme kwa bofelong ga a ka a tshameka. O ne a tshameka la ntlha mo setlhopheng sa bosetšhaba kgatlhanong le Benin ka Tlhakole a le lesome le boferabongwe 2023, le gape mo motshamekong wa botsalano. O ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo Black Queens ka 2023 mme a itlhoma jaaka tlhopho ya ntlha ka fa tlase ga bakatisi Nora Häuptle le Kim Björkegren. Ka nako ya go ipatlela pphatlha kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Paris 2024 o ne a nna le seabe mo letsholong la Ghana le mo dipuisanong tsa bobegadikgang.

Kwa Sejaneng sa Ditšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2024 (se se tshamekilweng ka Phukwi 2025 kwa Morocco), Konlan o ne a le botlhokwa thata fa Ghana e ne e fitlha kwa makgaolakgannyeng lekgetlho la ntlha fa e sale ka 2016. O ne a sireletsa diphenalethi tse pedi mo phenyong ya kotara ya makgaolakgang ya go tlhago kgatlhanong le Algeria morago ga go tshameka maleka a lefela lefela, a bona pako e e anameng. O simolotse motshameko wa ntlha wa Ghana kgatlhanong le Aforika Borwa mme a nna mo dikwateng mo kgaisanong yotlhe.

Ka Phatwe 2025, GFA e ne ya bitsa Konlan mongwe wa batlatsa-bakapotene ba babedi ba setlhopha se segolo mmogo le Jennifer Cudjoe, ka fa tlase ga mokapotene Portia Boakye.

Mokgwa wa go tshameka

[fetola | Fetola Motswedi]

Konlan o itsege ka bokgoni jwa gagwe jwa go sireletsa diphenalethi le go laola lefelo la gagwe la diphenalethi, e leng dinonofo tse di neng tsa tlhomololwa ka nako ya motshameko wa Ghana wa kotara ya makgaolakgang wa WAFCON 2024 kgatlhanong le Algeria.

Dipalopalo tsa tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]

E sale ka motshameko o o tshamekilweng ka Sedimonthole a le masome mararo 2023

Diponagalo le dino go ya ka setlhopha, paka le kgaisano
Setlhopha Setlha Liki Kopi Tsa kontinente Tse dingwe Palogotlhe
Division Diponagatso Dino Diponagatso Dino Diponagatso Dino Diponagatso Dino Diponagatso Dino
Al Hilal 2023–24 SWPL 5 0 2 0 7 0
Palogotlhe 5 0 2 0 7 0

Boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]
E sale ka Sedimonthole a le malatsi matlhano 2023
Ghana
Ngwaga Iponagatso Dino
2022 0 0
2023 10 0
Total 10 0

Swieqi United

  • Assikura Women’s Knock-Out: 2022–23

Ghana

Bo ga gagwe

  • MFPA Motshwaradino wa ngwaga: 2022–23
  1. "Cynthia Konlan Fiindib signs for Swieqi United FC!". 19 September 2022. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  2. "Swieqi United women sign Ghana U-20's pair, American forward ahead". shopsofmalta.com. 19 September 2022. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  3. "Ghana goalkeeper Cynthia Konlan extends Swieqi contract". timesofmalta.com. 26 May 2023. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2023.
  4. "Black Queens goalkeeper Cynthia Konlan joins Saudi Arabian giants Al Hilal". GhanaSoccerNet. 18 August 2023. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.
  5. "Black Queens Goalkeeper, Cynthia Konlan Fiindib joins Al-Hilal in Saudi on loan". ournewsgh.com. 17 August 2023. Retrieved 29 Ngwanaatsele 2025.