Döbra, Namibia
Döbra ke lefelo la bonno kwa Namibia, dikhilomithara di le masome mabedi le botlhano kwa bokone jwa toropokgolo Windhoek.
Go na le thaba ya leina leo gape e e di mithara di le dikete pedi le masome a mabedi le boraro go feta metsi a lewatle. E gaufi le Kursteneck kwa dithabeng tsa Eros dikhilomithara di le thataro go tswa kwa bophirima jwa moepo wa Otjihase.
Kwa Dobra go na le lefelo la borongwa la kereke ya Katoliki ya Namibia.[1] Lefelo le le ne le rutela barutabana kwa St. Josephs Teacher Training Centre fa e sale ka 1924, le sekolo sa St Joseph High School.[2] Sekolo seo se santse se dira le gompieno.[3]
Lefelo le le rutelang barutabana kwa Dobra e ne e le lengwe la a a mmalwa mo kgaolong ya South West Africa le le neng le rutela batho ba mo gae ditiro. Le ne le alosa baithuti ba le bantsi ba morago ga boipuso jwa Namibia ba nnileng batho ba maemo mo setšhabeng.[2] Le ne la atolosiwa gape go nan lefelo la go lwantsha. Mokgatlho wa baithuti ba Namibia wa NANSO o tlhamilwe mo lefelong le ka Seetebosigo a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1984, le mogwanto wa baithuti wa 1988 kwa Namibia o simologile go tswa kwa Dobra go ya toropokgolo.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "St. Joseph". TheCatholicDirectory.com. Retrieved 07 October 2025
- 1 2 Beris, Hermenegildus (2006). "Chapter 4: Dutch Catholic Missionaries in Namibia" (PDF). In Hendrix, Huub (ed.). Namibia and The Netherlands, 350 Years of relations. Windhoek, Namibia: Embassy of the Kingdom of the Netherlands. p. 45.
- ↑ Kangootui, Nomhle (17 June 2014). "Döbra school girls on family planning". The Namibian.
- ↑ Nunuhe, Margreth (9 July 2018). "The student uprising that changed the course of history".Southern Times.