DBN gogo
Mandisa Radebe o itsege jaaka DBN Gogo, ke DJ wa Afrika Borwa le motlhami wa mmino yo o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong ele masome a mabedi le boferabobedi (28) ka ngwaga wa 1993[1]. O tsholetswe kwa Durban mme a golela kwa Pretoria, o ne a bona tlhokomelo ya selegae morago ga go gololwa ga pina ya gagwe ya ntlha "Khuza Gogo", e e neng ya amogelwa jaaka ya Platinamo mo Afrika Borwa.[2]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Moranang 2020, o ne a tlhagelela mo Channel O's Lockdown House Party e e neng e tshwerwe ke Channel 0 mme a ngoka kgatlhego ya selegae.[3]
"Khuza Gogo" e e nang le Mpura, Ama Avenger, le M.J e ne ya gololwa ka la 19 Mopitlwe 2021. [1]Pina e ne ya netefadiwa platinamo ke kwa Afrika Borwa. [4]
Ka kgwedi ya Phato ele masome a mabedi le bongwe(21) ka ngwaga 2021, EP ya gagwe ya ntlha ya tirisanommogo Thokoza Café le DJ Dinho e ne ya gololwa [1] [5]
Ka kgwedi ya Diphalane 2021, o ne a nna Moaforika Borwa wa ntlha go tsenela lenaneo la Global Equal la Spotify. [6]
Ka kgwedi ya Tlhakole ele bongwe (1), o ne a itsisiwe jaaka moamogedi wa Boiler Room x Ballantine's True Music Studios.[7][ 9] Rekoto ya gagwe ya rekoto Zikode Records e ne ya tlhomiwa ka kgwedi ya Tlhakole 2022, ka tirisanommogo le Universal Music Group. [8]
"Bells" le TNK MusiQ, DJ Stopper le Eltonk SA e ne ya gololwa ka kgwedi ya Mopitlwe e thola malatsi a mane(4), 2022. Pina e tsene mo Local Streaming Top 10 kwa palo 1.[9]
Ka kgwedi ya Mopitlwe 2022, o ne a tlhagisiwa mo lenaneong la Spotify Africa Radar. [10]
Ka kgwedi ya Moranang ale masome a mabedi le bone (24), o ne a le kwa Coachella Valley Music and Arts Festival e e neng e tshwaretswe kwa U.S. [11]
Kwa tshimologong ya Ngwanatsele 2022, o ne a itsise alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio What's Real.
Alebamo e ne ya gololwa ka kgwedi ya Ngwanatsele ele masome a mabedi le botlhano(25) ka ngwaga wa 2022.
Ka ngwaga wa 2023, o ne a dira mmogo le moopedi yo o nang le talente Zee Nxumalo le DJ duo Shakes & Les mo pineng ya "Funk 55". Pina e ne ya fitlha kwa maemong a bo 6 mme ya newa setifikeiti sa 5× platinum ke Recording Industry of South Africa (RiSA).
Botshelo jwa Gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mandisa Radebe o belegetswe kwa Durban, fela lelapa la gagwe le ne la fudugela kwa Pretoria kwa a goletseng teng mme a fetsa bongwana jwa gagwe teng. O ne a simolola go kgatlhegela mmino a sa le monnye, a nna le seabe mo dikoranteng tsa sekolo. O ne a ithutela molao kwa Yunibesithing ya Pretoria. [12][13]
Radebe o tswa mo lelapeng la bagwebi le la sepolotiki. Ke morwadia tona wa maloba wa Aforika Borwa mo pusong Jeff Radebe yo gape e neng e le tona wa maloba wa maatla. Mogwebi wa mosadi le mogwebi wa meepo Bridgette Motsepe Radebe ke mmaagwe wa bobedi..[3]
Gape o amana le ramatlotlo wa Afrika Borwa Patrice Motsepe le Tautona wa Afrika Borwa Cyril Ramapho.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 https://www.musicinafrica.net/magazine/sa-dbn-gogo-named-spotify-equal-africa-artist
- ↑ https://www.thesouthafrican.com/lifestyle/celeb-news/local-celebs/dbn-gogo-makes-history-at-tomorrowland-festival-in-belgium/
- 1 2 Magadla, Mahlohonolo (1 April 2022). "DBN Gogo to play at Coachella – here are 5 things to know about her | Truelove". Truelove. South Africa. Retrieved 21 May 2022.
- ↑ Nkabinde, Tebogo (15 June 2021). "DBN Gogo's 'Khuza Gogo' is officially a platinum status record – Entertainment SA". Entertainment SA. Retrieved 21 May 2022
- ↑ "DBN Gogo & Dinho 'Thokoza Cafe' EP | YoMzansi | Documenting THE CULTURE", YoMzansi, 26 August 2020, retrieved 21 May 2022
- ↑ "DBN Gogo makes history as 1st SA artist to join Spotify's global Equal Music Program". Independent Online. Retrieved 21 May 2022.
- ↑ "DBN Gogo to host SA's edition of Boiler Room x Ballantine's True Music Studios – Texx and the City". Texx and the City. February 2022. Retrieved 22 May 2022
- ↑ Keteyi, Oluthando (21 February 2022). "DBN Gogo speaks on her new venture Zikode Records". Independent Online. Retrieved 21 May 2022
- ↑ "DBN Gogo's 'Bells' still ringing all week long". The Official South African Charts.
- ↑ Nkonki, Anita (11 May 2022). "Dbn Gogo recognised lights up Spotify Africa Radar". Independent Online. Retrieved 21 May 2022
- ↑ Gaanakgomo, Constance (3 April 2022). "DBN Gogo to set to take over Coachella". TimesLIVE. Retrieved 21 May 2022
- ↑ Mvelashe, Phakamani (20 March 2020). "DJ DBN Gogo on making hits and knowing her worth | Drum". Drum. South Africa. Retrieved 21 May 2022.
- ↑ Dlomo, Londiwe (3 November 2019). "Newcomer DBN Gogo taking music scene by storm". Independent Online. Retrieved 21 May 2022.