Jump to content

Dafne Schippers

Go tswa ko Wikipedia
Dafne Schippers
Dafne Schippers with her gold 200 m medal at the 2017 World Championships in London
Personal information
Born (1992-06-15) 15 June 1992 (age 32)
Utrecht, Netherlands
Height1.79 m (5 ft 10 in)
Weight68 kg (150 lb)
WebsiteDafneSchippers.com
Sport
SportTrack and field
Event(s)60 m, 100 m, 200 m, 4 × 100 m relay, long jump, heptathlon
Retired2023

Dafne Schippers (se tolokiwa jaana [ˈdɑfnə ˈsxɪpərs]; yo o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le botlhano ka 1992) ke motabogi wa pele wa mo- Dutch yo o o neng gaisana mo mabelong a makhutshwana le dikgaisano tse di tlhakaneng. O tshwere rekote ya Yuropa mo 200 m ka nako ya metsotswana e le 21.63, se se modira go nna mosadi wa borataro mo lobelong leo. Gape o tshwere le direkote tsa Se-Dutch mo lebelong la 100 m le go tlola ka boleele, mme o abelana direkote tsa Se-Dutch mo lebelong la 60m mo lebaleng la mo teng le la neelano la 4 × 100 m.

Schippers e ne e le mmampodi wa lefatshe wa 200m kwa dikgaisanong tsa 2015 le 2017 World Athletics Championships, motshwari yo o wa selefera mo 200 m ka 2016 Diolimpiki tsa Rio le go nna mmampodi wa 200 m ka 2016 Diamond League. Go tlaleletsa foo, o ne a fenya o ne di etsele tse pedi tsa selefera le tse pedi tsa boronse mo dikgaisanong tsa lefatshe lotlhe - a fenya boronse ka 2013 mo metabogong e e kopaneng; selefera ya 100m ka 2015; selefera ya mo lebaleng le le mo teng ka 2016; le boronse mo 100 m ka 2017 -le bommampodi jwa Yuropa ga tlhano (tsa mo teng le tsa kwa ntle). O fentse bommampodi bo le masome mabedi le bobedi ya Dutch (mo teng le tsa kwa ntle).

O ne a bidiwa e le motshameki wa Yuropa wa ngwaga ka 2014 le 2015.

Ka 2023, Schippers o ne a itsise gore o ne a tlogela tiro ya gagwe jaaka motabogi wa porofeshenale.[1]

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Dafne Schippers o tshotswe ka Seetebosigo a le lesome le botlhano ka 1992 kwa Utrecht, Netherlands. [2][3]

O ne a simolola go gaisana a le dingwaga di robabongwe a le mo tseleng e e neng kwa mabaleng a setlhopha sa Hellas kwa Utrecht.[2]

Heptathlon

[fetola | Fetola Motswedi]

Schippers kwa tshimologong o ne e gaisana mo heptathlon mme a fenya dietsele tsa gauta kwa dikgaisanyong tsa 2010 World Junior Championships in Athletics [4]le kwa 2011 European Athletics Junior Championships. Ka dikgaisano tsa 2010 World Junior Championships gape o ne a fenya boronse mo lebelong la neelano la 4 × 100 metres le batabogi ka ene Loreanne Kuhurima, Eva Lubbers le Jamile Samuel.[5]

Ka 2011 kwa dikgaisanyong tsa Lefatshe kwa Daegu, Korea Borwa, Schippers o ne a roba rekote ya bosetshaba sa Dutch mo sekgeleng sa 200 mo legatong la Heats ka 22.69,[6] pele ga a fetsa mo maemo a boferabongwe kwa sekamakgaolakgannyeng, a palelwa ke go bona phatlha kwa makgaolakgannye a tlhaela ka metsotswana e le 0.04. Setlhopha sa motabogo wa neelano sa 4 × 100 metres (Kadene Vassell, Schippers, Anouk Hagen le Samuel) se ne sa ntshiwa mo legatong la Heats ba dira rekote ya bosetshaba ka metsotswana e le 43.44.

  1. "Dafne Schippers (31) zet punt achter indrukwekkende atletiekloopbaan: 'De race stopt hier'". Algemeen Dagblad (in Dutch). 2023-09-26. Retrieved 22 February 2025.
  2. 2.0 2.1 (in Dutch) Biografie Archived 2015-08-28 at the Wayback Machine, Homepage Daphne Schippers. Retrieved 22 February 2025.
  3. Athlete Profile – Dafne Schippers, IAAF. Retrieved 22 February 2025.
  4. Women's Heptathlon, International Association of Athletics Federations - IAAF, 24 July 2010. Retrieved 22 February 2025.
  5. Women's 4 × 100 m final, International Association of Athletics Federations – IAAF, 24 July 2010. Retrieved 22 February 2025.
  6. Women's 200m - Heats - No surprises as Felix, Campbell-Brown and Jeter advance, International Association of Athletics Federations - IAAF, 1 September 2011