Jump to content

Dahabaya Oumar Souni

Go tswa ko Wikipedia
Dahabaya Oumar Souni
Mohumagadi wa Chad
Assumed office
Moranang a le amsome mabedi le motso ngwaga wa 2021
PresidentMahamat Déby
Pele Ga GagweHinda Déby Itno
Ka Ga Ena
O tsetsweMorule a le malatsi a marataro ngwaga wa 1992
N'Djamera
Mo/BakapeloMahatma Déby
Alma materÉcole supérieure des sciences et techniques de l'information et de communication de Yaoundé

Dahabaya Oumar Souni[1][2] (o o tshotsweng ka Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 1992) ke mmegadikgang, le mogakolodi wa bobegadikgang jwa khansele ya sesole ya ga tautona kwa Chad. Ke mosadi wa boraro wa ga Mahamat Déby, tautona wa Chad fa e sale Idriss Déby a tlhokafala ka Moranang le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2021, gape ke mohumagadi wa Chad fa e sale ka 2021.[1][2][3][4][5][6]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a santse a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Souni ke morwadia General Oumar Souni, o o tlholegang kwa Mourtcha kwa lephateng la pele la Ennedi, gape e le leloko la morafe wa Gaida wa batho ba Toubou. O nnile mo maemong a a farologaneng a a kwa godimo mo sesoleng sa Chad mo pusong ya ga Idriss Déby le Hisséne Habré. E ne e le ramasole wa Naional and Nomadic Guard, le moeteledipele wa babereki mo pusong ya ga Idriss Déby, le moeteledipele wa sesole se se faphegileng mo pusong ya ga Hisséne Habré. Mmaagwe, Ache Touka Haliki, o tswa kwa Faya-Largeau, kwa Chad, ke leloko la morafe wa Toubou kwa Anakhaza. Ache Touka Haliki ke morwadia General Touka Haliki Elehi, tona o o berekileng mo lefatsheng fa e sale ka boipuso ka 1960.

Dahabaya Oumar Souni o tsholetswe kwa N'Djamena. Ke ngwana wa borataro mo go ba le bantsi. O tlholega kwa bokone jwa lefatshe, ke leloko la morafe wa Toubou. Ka batsadi ba gagwe, ke wa morafe wa Toubou, Zaghawa le Arab. Ka ntlha ya tiro ya ga rraagwe kwa sesoleng, Souni o feditse bongwana jwa gagwe mo ditoropong tse difarologaneng kwa Chad, di akaretsa Sarh, Bardai le Faya.

Tsa Pereko le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Dahabaya Oumar Souni[7] o alogile kwa École supérieure des sciences et techniques de l'information et de communication de Yaoundé kwa Cameroon ka degree ya bobegadikgang ka 2014. O itebagantse le ditlhaeletsanyo tsa sepolotiki le botsalano jwa bobegadikgang. O simolotse tiro ka Firikgong 2015 kwa ofising ya phatlalatso mafoko. Ka lwetse 2015, o ne a nna leloko la setlhopha sa ofisi ya ga tautona wa Chad ka fa tlase ga tautona Idriss Déby.[2] Ka 2017, Souni o ne a tlhatlosiwa maemo go nna moeteledipele wa lephata la kgatiso kwa lephateng la phatlalatso mafoko la ga tautona. O ne a nna mookamedi wa botsalano jwa maphata ka 2018, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela ka Motsheganong 2021. O ne a bereka le matsalaagwe, Idriss Déby go fitlhelela a tlhokafala ka Moranang 2021.

Ka Motsheganong 2021, Dahabaya Oumar Souni o ne a thapiwa go nna mogakolodi wa bobegadikgang mo khanseleng ya ga tautona ya sesole, gompieno o bereka le monna wa gagwe, Mahamat Déby.[7]

Souni ke mosadi wa boraro wa ga tautona Mahamat Déby, o bidiwa mohumagadi wa Chad fa e sale ka 2021.[6]

  1. 1 2 "Tchad: voici qui est la nouvelle première dame du pays". CamerounWeb. 2021-04-26. Archived from the original on 2021-08-03. Retrieved 2025-10-29
  2. 1 2 3 "Présidence de la République du Tchad: Le Secrétariat Général de la Présidence". Office of the President of Chad. Archived from the original on 2022-05-11. Retrieved 2025-10-29
  3. "Tchad. Qui est Mahamat Idriss Déby, le jeune général qui succède à son père à la tête du pays". Ouest-France. 2021-04-21. Archived from the original on 2021-08-03. Retrieved 2025-10-29
  4. "Tchad: comment Mahamat Idriss Déby a pris la tête du Conseil militaire de transition". Jeune Afrique. 2021-04-26. Archived from the original on 2022-05-22. Retrieved 2025-10-29
  5. Asala, Kizzi (2021-04-21). "Deby's son named "president" of Chad as opposition decries coup d'état". Agence France-Presse. Africa News. Archived from the original on 2021-08-03. Retrieved 2025-10-29
  6. 1 2 "Tchad: voici Dahabay oumar Souni, la communicante et 3è épouse du président du CMT". CamerounWeb. 2021-05-08. Archived from the original on 2022-06-09. Retrieved 2025-10-29
  7. 1 2 "Tchad: le président du CMT s'entoure d'une vingtaine de conseillers techniques". Journal du Tchad. 2021-05-17. Archived from the original on 2021-06-20. Retrieved 2025-10-29