Jump to content

Daisy Danjuma

Go tswa ko Wikipedia

Daisy Ehanire Danjuma (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le borataro (6) ka ngwaga wa 1952) ke mopolotiki wa kwa Nigeria yo e neng e le mosenatoro yo o emetseng Edo South Senatorial District of Edo State kwa Senate ya Nigeria go tloga ka ngwaga wa 2003 go ya go tsena ngwaga wa 2007. O ne gape a tsenela ditlhopho tsa kakaretso tsa Nigeria ka ngwaga wa 2011 mme ga a ka a atlega.[1] [2]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Daisy Ehanire Danjuma o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le borataro (6) ka ngwaga wa 1952 kwa Benin City, Edo State, Nigeria. E ne e le wa bonè mo baneng ba le robedi. O goletse le mmangwane wa gagwe yo a nyetseng lepodisi kwa Benin City.[3]

Thuto le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Danjuma o tsene sekolo sa puso kwa Benin City, Edo state, pele ga a tsena kwa Ahmadu Bello University, Zaria, kwa a neng a aloga ka BA ya Molao ka ngwaga wa 1976. Ka ngwaga wa 1977, o ne a bitswa go ya go dira jaaka mmueledi wa kwa Nigeria. Danjuma o ne a dira tiro ya gagwe ya bosetšhaba mo NYSC jaaka Mogakolodi wa Puso le Lefapha la Bosiamisi la Naga ya Lagos, mme e ne e le mogakolodi wa semolao wa Lekgotla la Thuso ya Semolao la Nigeria. O ne a dira jaaka mothusi wa motsamaisi kwa Nigerian Acceptances Limited (NAL), [3] banka ya kgwebo, go tloga ka ngwaga wa 1977 go fitlha ka ngwaga wa 1978. E ne e le Mokwaledi wa Khampani/Mogakolodi wa tsa Molao wa Lekgotla la Thelebišene la Nigeria (NTA) go tloga ka ngwaga wa 1982 go fitlha ka ngwaga wa 1992

Dipolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya ga Danjuma ya sepolotiki e simolotse fa monna wa gagwe a ne a fudusediwa kwa Port Harcourt mme a nna tona ya Abuja. Morago ga go kopana le moagisani wa bone, Chief Bola Ige, o ne a swetsa go emela Edo South mo Senate.

Mo ditlhophong tsa palamente ya Nigeria tsa ngwaga wa 2003, Danjuma o ne a tlhophiwa go nna mosenatoro go emela Edo South constituency ya Edo State kwa Kokoanong ya Bosetšhaba ya Nigeria go tloga ka ngwaga wa 2003 go ya go ngwaga wa 2007 ka fa tlase ga Action Congress Party (AC). Jaaka mosenatoro o ne a direla jaaka Modulasetilo, Komiti ya Senate ya Merero ya Basadi le Tlhabololo ya Baša, Leloko, Komiti ya Senate ya Boitekanelo, Thuto, Ditšhelete le Dipalangwa tsa Naga tsa Kokoano Bosetšhaba. Go nna mosenatoro wa Nigeria go ne ga naya Danjuma tshono ya go nna leloko la Commonwealth Parliamentary Association (CPA). O ne gape a dira jaaka Modulasetilo wa Komiti ya Ditshwanelo tsa Basadi le Bana ya Economic Community of West African States (ECOWAS Parliament). Danjuma o ne a lwela maemo a gagwe a bobedi mo kantorong ya senate ka nako ya ditlhopho tsa kakaretso tsa Nigeria tsa ngwaga wa 2011 mme o ne a se ka a atlega mme a fenngwa ke Ehigie Edobor Uzamere ka pharologano ya diboutu tse di batlang di menagane gabedi; ka diboutu di le 135,346 go 70,725. Mme se se bontsha gore Uzamere o ne a atlega go tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2011 tsa kgaolo ya Senate ya Edo South. .[4][2][5]

Morago ga go dira boikuelo, ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2009, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya atlhola gore tota Uzamere o tlhophilwe ka tshwanelo.[6]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Danjuma o nyetswe ke mogenerale wa maloba wa sesole sa Nigeria le tona ya tshireletso ya Nigeria, Theophilus Yakubu Danjuma mothei wa khamphani ya patlisiso ya oli, South Atlantic Petroleum. Ba na le ngwana a le mongwe.

  1. "Senate:The AC Challenge". The Source. 23 April 2007. Archived from the original on 6 January 2009. Retrieved 23 November 2009.
  2. 1 2 "PDP Senate Race: Who wins, who loses?". The Nation. 12 February 2006. Retrieved 23 November 2009
  3. 1 2 Jibueze, Joseph (24 October 2023). "Daisy Danjuma: Lessons in law, family, love, career, politics". The Nation. Retrieved 13 September 2024.
  4. "INEC releases final results in Edo". In Depth Nigeria. 12 April 2011. Archived from the original on 19 July 2011. Retrieved 21 April 2011
  5. Aliu, Alemma-Ozioruva (28 June 2008). "Tribunal Condemns INEC Over Elections, Sacks Senator Uzamere". Nigeria Daily News. Archived from the original on 14 July 2011. Retrieved 23 November 2009
  6. [permanent dead link