Jump to content

Dalia Kaddari

Go tswa ko Wikipedia
Dalia Kaddari
Kaddari in 2017
Personal information
National teamItaly (1 cap)[1]
Born (2001-03-23) 23 March 2001 (age 24)
Cagliari, Sardinia, Italy
Height1.70 m (5 ft 7 in)
Weight53 kg (117 lb)
Sport
SportAthletics
Event(s)Sprint
ClubFiamme Oro
As Tespiense Quartu[1]
Coached byFabrizio Fanni

Dalia Kaddari (yo o tshotsweng ka Mopitlo a le masome a mabedi le boraro ka 2001)[2] Ke motagi yo o itebagantseng thata le lebelo la sekgele sa 200 m. O ne a a fenya gauta kwa dikgaisanong tsa 2021 European U23 Championships. Kaddari gape ke ene mmampodi wa Italy gabedi mo kgaisanong eo.

Fa a le dingwaga di le lesome le bosupa, Kaddari o ne a fenya selefera mo lebelong la 200m kwa 2018 Youth Olympics. O ne a gaisana gape kwa metshamekong ya 2020 Summer Olympics mo go yone 200 m.[3]

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kaddari o belegwe ka Mopitlo a le masome mabedi le boraro ka 2001 kwa Cagliari, Sardinia, mmagwe e le mo Italy le fa rraagwe a tsholetswe kwa Morroco.[4]

Fa a gola, o ne a tlhoma direkote tse di latelanang tsa Italy mo lebelong la gagwe le a le itseng thata la 200 m. Fa a le dingwaga di le lesome le botlhano, o ne a fenya seetsele sa selefera kwa metshamekong ya 2018 Youth Olympics kwa Buenos Aires ka nako ya bosetshaba ya ba ba kwa tlase ga dingwaga di le lesome le borobabobedi mo rekoteng ya bosetshaba ya metsotswana e le 23.45.

Ka 2019 - 20 o ne a tlhoma direkoto tsa bosetshaba tsa mo lebaleng la mo teng, tse di ka fa tlase ga masome mabedi, mme kwa bofelong a e fokotsa go ya go 23.85 s. Ka Phatwe wa 2020, fa a sa ntse a le mmotlana, Kaddari o ne a tsaya seetsele sa gauta mo dikgaisano tsa Italian Championships, ka nako ya gagwe e e gaisang ya, ya 23.30 s.[5] Ka Lwetse, o ne a kgaola 0.022 go tswa mo rekoteng ya Italy ya ba ba ka fa tlase ga masome a mabedi, a taboga nako ya 23.23 s kwa Bellinzona, Switzerland.

Ka Motsheganong wa 2021, Kadari o ne a fetsa mo maemong a bobedi kwa dikgaisanyong tsa European Team Championships, tse dikgaisano tsa yone tsa Super League di neng tshwaretswe kwa Chorzów, Poland. O ne a fenya bommampodi jwa bobedi jwa Italy ka kgwedi ya Seetebosigo, mme kgweding e e neng ya latela, o ne a amogela seetsele sa gauta kwa dikgaisanyong tsa European U23 Championships kwa Tallinn, Estonia.

  1. 1 2 "Dalia Kaddari – Athlete Profile". Fidal.it (in Se Italiano). Italian Athletics Federation. Archived from the original on 5 July 2016. Retrieved 20 June 2021.
  2. "Dalia KADDARI – Athlete Profile". World Athletics. Archived from the original on 20 October 2020. Retrieved 22 February 2025.
  3. "Athletics KADDARI Dalia". Tokyo 2020 Olympics. Tokyo Organising Committee of the Olympic and Paralympic Games. Archived from the original on 4 August 2021. Retrieved 22 February 2025.
  4. Perlato, Massimiliano (13 January 2022). In movimento: L'universo femminile: tasselli globali di un unico mosaico (in Italian). AmicoLibro. p. 404. ISBN 979-12-208-8575-1.
  5. "Campionati italiani atletica 2020, primo titolo assoluto per Larissa Iapichino". sport.sky.it (in Italian). 30 August 2020. Retrieved 22 February 2025.