Dana Walden
Dana Michelle Walden (o tshotswe ka ngwaga wa 1964 kgotsa ka ngwaga wa 1965) [1]ke mosadi wa kgwebo wa Moamerika le modulasetulo-mmogo wa Disney Boitlosobodutu. Ga jaanong jaana o direla jaaka leloko la Lekgotla la Tautona la Thomelontle.[2]
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhopha sa Thelebišene sa Fox
Pele ga nako ya gagwe kwa Disney Entertainment, Walden e ne e le modulasetulo le Mokhuduthamaga wa Setlhopha sa Thelebišene sa Fox,[3] se se neng se akaretsa Khamphani ya Kgaso ya Fox, Thelebišene ya Fox ya Lekgolo la bo lesome le bobedi (20) la Dingwaga, Ditudio tsa Thelebišene tsa Fox 21, Dikumo tsa Badirisi tsa Fox le moabi wa thelebišene ya kopano, Thelebišene ya bo masome a mabedi (20).[4][5]
Khamphani ya Walt Disney
Walden e ne e le modulasetulo wa Boitlosobodutu kwa Thelebisheneng ya Walt Disney. Ka kgwedi ya Seetebosigo a le boferabongwe (9),ka ngwaga wa 2022, Walden o ne a emisetsa Peter Rice jaaka Modulasetulo wa Diteng tsa Boitlosobodutu ka Kakaretso tsa Disney.[6][7]
Dana Walden o ne a tlhomiwa go nna modulasetulo-mmogo wa Disney Boitlosobodutu ka kgwedi ya Tlhakole e ele boferabobedi (8), ka ngwaga wa 2023, koo a ikarabelang ka go elela ga lefatshe lotlhe le thelebishene.[8][9] Jaaka karolo ya seabe seno, Walden o etelela pele Boitlosobodutu jwa ABC, Dikgang tsa ABC, Diteišene tsa Thelebishene tse di nang le ABC, Thelebishene e e nang le Letshwaokgwebo la Disney, Ditudio tsa Thelebishene tsa Disney (Thelebishene ya bo20, Mosaeno wa ABC, Ditshwantsho tsa Thelebishene tsa bo masome a mabedi (20) le Mofuta o mongwe wa Thelebishene wa Bosetšhaba wa Walt Disneyo), Freeform, FX, Hulu Geny Con Original Originals. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, Khamphani ya Walt Disney e ne ya bona rekoto ya ditlhopho tsa Awate ya Emmy di le 183 ka 2024.[6]
Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2024, CNBC e ne ya bega gore Walden o ne a le mo lebelong la go nna Mokhuduthamaga yo o latelang wa Disney,[10] fa a ka tlhophiwa, e tla nna Mokhuduthamaga wa ntlha wa mosadi wa Disney mo hisitoring ya yone ya dingwaga di le lekgolo(100). [11]
Ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2025, Walden o ne a tsaya tshwetso ya go emisa Jimmy Kimmel Live!, thulaganyo ya thelebišene ya bosigo thata e e neng e gasiwa mo Khamphaning ya Kgaso ya Amerika (ABC), ka ntlha ya ditshwaelo tsa gagwe ka tiragalo e e neng e gasiwa mo nakong e e fetileng malebana le dipatlisiso tsa motho yo go tweng o thuntshitse Charlie Kirk.[12] Mo puong ya gagwe ya go simolola ya pontsho ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le botlhano (15), Kimmel o ne a re baemanokeng ba ga Moporesitente Donald Trump ba ne ba "leka ka natla go tlhalosa" Tyler Robinson, mosha wa dingwaga di le masome a mabedi le bobedi (22) yo o latofadiwang ka polao ya ga Kirk, jaaka "sengwe le sengwe kwa ntle ga mongwe wa bone." Mo bekeng e e fetileng, Kimmel le ene o ne a kgala Trump ka go bolela gore Ba-Democrat ba ne ba na le maikarabelo a loso lwa ga Kirk kwa khamphaseng ya Utah ka kgwedi ya Lwetse e le lesome(10). Morago ga kitsiso ya gore FCC e tla batlisisa dipolelo tseno, Walden o ne a emisa tlhagiso eno pele ga nako pele ga e ka filimiwa, le fa e le gore Kimmel o ne a rulagantse tlhalosa dipolelo tsa gagwe ka ga dikarolo tse di kileng tsa gasiwa. Tiro eno e ile ya belaelwa ke motshwari mongwe le mongwe wa thelebishene wa bosigo thata, go akaretsa le Stephen Colbert le Jimmy Fallon, mmogo le bagale ba intaseteri ya boitlosobodutu e bong Jean Smart, Billy Eichner le Margaret Cho. [13]Mo godimo ga moo, SAG-AFTRA le Writers Guild of America ka bobedi ba ne ba ganetsana le go tlhopha ga ga Walden go goga thulaganyo eno mo moweng. "SAG-AFTRA e kgala go emisiwa ga Jimmy Kimmel Live! Setšhaba sa rona se ikaegile ka kgololesego ya go tlhagisa maikutlo. Go gatelela kgololesego ya go bua le go ipusolosetsa ka ntlha ya go bua ka dikgang tse di botlhokwa tse di amang setšhaba go thulana le ditshwanelo tsa motheo tse rotlhe re ikaegileng ka tsone. Temokerasi e atlega fa ditshwetso tse di farologaneng di tlhagisiwa. ke mofuta wa kgatelelo le go ipusolosetsa o o tsenyang dikgololesego tsa mongwe le mongwe mo kotsing SAG-AFTRA e ema le bataki botlhe ba bobegakgang le go sireletsa tshwanelo ya bone ya go tlhagisa maikutlo a bone a a farologaneng, le tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go ba utlwa," jaaka go boletswe ke SAG-AFTRA. "Tshwanelo ya go bua dikakanyo tsa rona le go sa dumalane le ba bangwe – go tshwenya, tota – e mo pelong ya se go rayang go nna batho ba ba gololesegileng. Ga e a tshwanela go ganwa. E seng ka tirisodikgoka, e seng ka tirisobotlhaswa ya maatla a puso, le fa e le ka ditiro tsa bogatlapa jwa dikhamphani," go buile jalo WGA mo polelong ya bone ya semmuso. [14]Disney e ne ya fedisa go sekegwa ga ga Kimmel malatsi a matlhano moragonyana.[15]
Kimmel o ne a akgola Walden ka tsela e a neng a rarabolola boemo jono ka yone mme a ba a mo ema nokeng gore a tlhatlhame Bob Iger jaaka Mokhuduthamaga wa Khamphani ya Walt Disney.[16]
Maemo a mangwe a boto
[fetola | Fetola Motswedi]Walden o nna mo botong ya bakaedi ba Boitlosobodutu jwa Live Nation [17] le Setheo sa Kankere sa Jonsson sa UCLA.[18]
Botshelo jwa motho ka namana
[fetola | Fetola Motswedi]Walden o ne a nyala Matt, yo e neng e le mokhuduthamaga wa kgwebo, ka ngwaga wa 1995. [19] Ba na le barwadi ba babedi. [20]Go tloga ka 2024, ba nna kwa Brentwood, kwa Los Angeles. Nkoko wa gagwe Rose Freedman, mofaladi go tswa kwa Austria, e ne e le mofalodi wa molelo wa Feme ya Dihempe tsa Khutlotharo yo o neng a tshela go fitlha a nna dingwaga di le 107. [21]Ke wa lotso lwa Bajuta.[22]
Dipolotiki
Walden o abetse boradipolotiki ba Democratic Party le go tshwara ditiragalo tsa go kokoanya madi a lekoko. [1]Ene le monna wa gagwe gape e nnile ditsala tsa nako e telele tsa ga Kamala Harris le monna wa gagwe, Doug Emhoff.[1]
Tautona Joe Biden o tlhomile Walden mo Lekgotleng la Moporesitente la Thomelontle le mo komiting ya konokono ya bagakolodi ka kgwebisano ya boditšhabatšhaba ka 2023.[23]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Grynbaum, Michael W.; Barnes, Brooks (August 11, 2024). "Atop ABC, a Personal Connection to Kamala Harris". The New York Times. Retrieved August 12, 2024
- ↑ "President's Export Council Members". International Trade Administration. 2024. Retrieved March 8, 2024
- ↑ Littleton, Cynthia (July 14, 2014). "Dana Walden, Gary Newman Take Over Fox Broadcasting in Restructuring". Variety.
- ↑ Rose, Lacey (December 5, 2012). "20th TV's Dana Walden On Her Career-Changing 'Jerry Maguire' Moment". The Hollywood Reporter.
- ↑ "Dana Walden on TV's 'Existential Crisis,' TV Studio Vision and Why She Joined Disney". June 19, 2019.
- 1 2 Andreeva, Nellie; Fleming Jr, Mike (June 9, 2022). "Shocker! Peter Rice Fired From Disney; Dana Walden Taking His Post As Chairman, General Entertainment Content". Deadline Hollywood
- ↑ "Dana Walden on Verge of Making History as Disney's First Female CEO". Women's Tabloid. April 1, 2024. Retrieved August 21, 2024
- ↑ "Dana Walden". The Walt Disney Company. Retrieved February 11, 2023
- ↑ White, Peter (February 8, 2023). "Dana Walden & Alan Bergman To Oversee New Disney Entertainment Unit". Deadline. Retrieved February 11, 2023
- ↑ Sherman, Alex (April 1, 2024). "How Dana Walden could defy critics and become Disney's first female CEO". CNBC
- ↑ Sherman, Alex (April 1, 2024). "How Dana Walden could defy critics and become Disney's first female CEO". CNBC. Retrieved July 22, 2024.
- ↑ Koblin, John (September 17, 2025). "ABC Pulls Jimmy Kimmel Off Air for Charlie Kirk Comments After F.C.C. Pressure". New York Times. Retrieved September 17, 2025.
- ↑ Robledo, Anthony (September 17, 2025). "What did Jimmy Kimmel say about Charlie Kirk? Watch the monologue". USA Today. Retrieved September 17, 2025.
- ↑ White, Peter (September 17, 2025). "What did Jimmy Kimmel say about Charlie Kirk? Watch the monologue". Deadline. Retrieved September 17, 2025
- ↑ Chmielewski, Dawn; Shepardson, David; Gorman, Steve (September 23, 2025). "Disney says Kimmel will return to the air on Tuesday, six days after suspension". Reuters. Retrieved September 27, 2025.
- ↑ White, Peter (October 8, 2025). "Jimmy Kimmel Wants Dana Walden To Be The Next Disney CEO, But Doesn't Want To Talk About His Late-Night Future". Deadline. Retrieved October 9, 2025.
- ↑ Variety Staff (June 8, 2018). "Fox's Dana Walden Joins Live Nation Entertainment Board". Variety.
- ↑ Littleton, Cynthia (October 8, 2019). "Dana Walden Backs the Cancer Center That Helped Save Her Mother's Life". Variety.
- ↑ "WEDDINGS;Dana Freedman, Matthew Walden". The New York Times. December 17, 1995. Retrieved October 31, 2024.
- ↑ Brower, Alison (December 8, 2017). "Shonda Rhimes, Dana Walden, More Hollywood Moguls Pose With Their Daughters". The Hollywood Reporter. Retrieved October 31, 2024.
- ↑ Martin, Douglas (February 17, 2001). "Rose Freedman, Last Survivor of Triangle Fire, Dies at 107". The New York Times. Retrieved December 20, 2018
- ↑ Uriel-Beeri, Tamar (September 22, 2022). "Jewish chair Dana Walden shapes creation of Disney content". The Jerusalem Post.
- ↑ Schwartzel, Erich; Krouse, Sarah (October 26, 2024). "They're Close Friends—and Stars in America's Biggest Succession Dramas". The Wall Street Journal. Retrieved October 31, 2024.