Daniela Amodei
Daniela Amodei (o tshotswe ka ngwaga wa 1986 kgotsa ngwaga wa 1987) [1]ke rakgwebo wa kwa Amerika. Ke Tautona le motlhami-mmogo wa khamphani ya AI ya Anthropic, e e tlhamang metseletsele ya dimotlelara tsa dipuo tse dikgolo tse di bidiwang Claude.[2][3][4]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Rraagwe, Riccardo Amodei, e ne e le mothudi wa letlalo yo o tsholetsweng kwa Italy. Mmaagwe, e bong Elena Engel, e ne e le Moamerika wa Mojuda yo o tsholetsweng kwa Chicago, e ne e le mookamedi wa porojeke ya dilaeborari. Ke kgaitsadie Dario Amodei. Riccardo o ne a nna le mathata a boitekanelo ka nako ya bongwana jwa bone mme a tlhokafala fa ba ne ba fitlha mo bogolong. .[5] Daniela o alogile kwa Lowell High School.[6] Mme a aloga summa cum laude kwa University of California, Santa Cruz ka Bachelor of Arts mo English Literature.[7]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Amodei o simolotse tiro ya gagwe mo go tsa boitekanelo jwa lefatshe le dipolotiki, a na le seabe mo letsholong le le atlegileng la go nna leloko la Kongerese kwa Pennsylvania. Morago ga moo o ne a tsamaisa tlhaeletsano ka bokhutshwane ya Moemedi wa Ntlo Matt Cartwright kwa Washington D.C., pele a tlogela dipolotiki go ya go dira mo intasetering ya thekenoloji.Ka ngwaga wa 2013, o ne a tsenela khampani ya ditirelo tsa madi ya Stripe jaaka modiri wa pele, pele a fetela kwa OpenAI ka ngwaga wa 2018.[8]O ne a le motlatsa Tautona wa pabalesego le pholisi koo, mme a tsamaya ka ngwaga wa 2020 go ya go tlhama Anthropic le morwarraagwe Dario Amodei. [9][1]
Ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2023, Daniela le morwarragwe ba ne ba tlhophiwa jaaka batho ba le babedi ba Time 100 Most Influential People in AI (Time100 AI).[1]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2017, Daniela o ne a nyala Holden Karnofsky, motlhami-mmogo wa setheo sa Open Philanthropy. [10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Will, Henshall; Perrigo, Billy (September 7, 2023). "Time100 AI 2023: Dario and Daniela Amodei". Time
- ↑ Roose, Kevin (July 11, 2023). "Inside the White-Hot Center of A.I. Doomerism". The New York Times.
- ↑ Prescott, Katie (June 26, 2024). "Anthropic boss Daniela Amodei makes her pitch for 'trustworthy' AI". www.thetimes.com.
- ↑ Perrigo, Billy (30 May 2024). "Inside Anthropic, the AI Company Betting That Safety Can Be a Winning Strategy". Time. Retrieved 3 October 2025.
- ↑ Levy, Steven. "If Anthropic Succeeds, a Nation of Benevolent AI Geniuses Could Be Born". Wired. ISSN 1059-1028. Retrieved 2025-03-28.
- ↑ "Lowell Alumni Newsletter Fall 2005 by Lowell Alumni Association - Issuu". issuu.com. 2014-08-23. Retrieved 2024-11-07
- ↑ Amodei, Daniela. "Daniela Amodei LinkedIn".
- ↑ Palazzolo, Stephanie (April 24, 2023). "How Anthropic cofounder Daniela Amodei plans to turn trust and safety into a feature, not a bug". Business Insider. Archived from the original on May 7, 2023.
- ↑ Sullivan, Mark (September 6, 2023). "How Anthropic's Daniela Amodei is keeping AI from spinning out of control". Fast Company.
- ↑ McMillan, Robert; Seetharaman, Deepa (November 22, 2023). "How a Fervent Belief Split Silicon Valley—and Fueled the Blowup at OpenAI". The Wall Street Journal. Archived from the original on November 24, 2023.