Jump to content

Daniela Ruah

Go tswa ko Wikipedia

Daniela Sofia Korn Ruah Olsen (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e thola bobedi (2) ka ngwaga wa 1983) [1]ke motshameki wa difilimi wa Moamerika-wa-Portugal le motsamaisi wa difilimi yo o itsegeng thata ka go tshameka karolo ya NCIS Special Agent Kensi Blye mo motseletseleng wa sepodisi wa CBS wa NCIS: Los Angeles.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ruah o tsholetswe kwa Boston, U.S., ke batsadi ba Bajuta ba ba tswang kwa Portugal,[2] koo mmaagwe e leng ngaka ya ditsebe le rraagwe e leng ngaka ya ENT.[2] Fa Ruah a ne a le dingwaga di le tlhano, lelapa la gaabo le ne la boela kwa Portugal, kwa a neng a tsena sekolo sa St Julian's School, mme fa a le dingwaga di le lesome le borataro (16) o ne a simolola go tshameka mo thelebisheneng.[3] O ne a fenya kgaisano ya go bina ya thelebišene ya kwa Portugal.[2]

Ruah o ne a fudugela kwa UK a le dingwaga di le lesome le boferabobedi (18) mme a bona dikerii ya Bachelor of Arts mo go tsa go tshameka kwa London Metropolitan University. [4]O ne a boela kwa Portugal koo a neng a tswelela go tshameka, mme ka 2007 o ne a fudugela kwa New York City go ya go ithuta kwa Lee Strasberg Theatre and Film Institute.[4]

Ruah o ne a bolela fa a goletse mo tikologong e e neng e le ya Sephardic le Ashkenazi;[2] rraagwe ke wa setlogolo sa Sepotokisi-Sejuta, mme mmaagwe ke wa Bajuta ba ba tswang kwa Russia, Ukraine le Portugal.[2]O na le boagi jwa Portugal le jwa Amerika.[5]

Ruah o simolotse go tshameka mo diterameng tsa Sepotokisi fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome. O ne a simolola go tshameka a le dingwaga di le lesome le borataro (16), fa a ne a tshameka karolo ya ga Sara mo seraleng sa Jardins Proibidos ("Tshaba e e Thibetsweng").[6]

Fa Ruah a na le dingwaga di le lesome le boferabobedi (18), o ne a fudugela kwa Lontone go ya go ithuta kwa kholetšheng. Fa a sena go aloga, o ne a boela kwa Portugal go ya go dira tiro ya gagwe ya go nna motshameki wa diterama. O ne a fenya kgaisano ya go bina ya batho ba ba tumileng ya Dança Comigo (phetolelo ya Sepotokisi ya Dancing with the Stars) [2][7] mme a nna le seabe se segolo mo thelebišeneng, mo difiliming tse dikhutshwane le mo thelebišeneng. [8]Ka ngwaga wa 2007, o ne a fudugela kwa New York go ya go ithuta kwa Lee Strasberg Theatre and Film Institute.[8]

Ruah o ne a tshameka karolo ya Special Agent Kensi Blye mo NCIS: Los Angeles, e e neng ya gasiwa la ntlha ka kgwedi ya Lwetse a le masome a mabedi le bobedi (22), ka ngwaga wa 2009. Ka ngwaga wa 2011, o ne a tshameka moanelwa yo o neng a tlhagelela mo thelebišeneng ya Hawaii Five-0.[9]

Ka ngwaga wa 2013, Ruah o ne a tlhagelela mo terameng ya ga David Auburn ya Proof kwa Los Angeles' Hayworth Theatre.[10]

Ka kgwedi ya Ferekgong a le boferabobedi (8) ka ngwaga wa 2018, go ne ga tlhomamisiwa gore Ruah o tla nna motshwaramogolo wa Eurovision Song Contest 2018 kwa Lisbon, Portugal mmogo le Catarina Furtado, Sílvia Alberto le Filomena Cautela.[11][12]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ruah o na le letshwao le le bonalang mo leitlhong la gagwe la moja, le le bidiwang nevus ya Ota. [3]

Ruah o ne a nyala David Olsen, mogolowe le mogaka wa ga Ruah wa NCIS: Los Angeles, Eric Christian Olsen, mo moletlong wa ditumelo tse di farologaneng ka kgwedi ya Seetebosigo a le lesome le boferabongwe (19), ka ngwaga wa 2014. Olsen ke Molutere.[5][13][14]Ba na le ngwana wa mosimane, River Isaac Ruah Olsen (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole ale masome a mararo (30),ka ngwaga wa 2013),[15] [16]le ngwana wa mosetsana, Sierra Esther Ruah Olsen (o tshotswe kakgwedi ya Lwetse e thola bonne (4),ngwaga wa 2016). [17]

  1. "Daniela Ruah profile". TVGuide.com. Archived from the original on April 3, 2016. Retrieved July 29, 2016.
  2. 1 2 3 4 5 6 Henerson, Evan (November 8, 2012). "Film Fest celebrates Sephardim". Jewish Journal. Archived from the original on August 29, 2016. Retrieved March 1, 2015
  3. 1 2 Sancton, Julian (August 8, 2011). "Daniela Ruah Officially Checks In". Esquire. Archived from the original on June 17, 2016. Retrieved April 11, 2012
  4. 1 2 "Hollywood movie and major LA pilot for London Met graduate". London Metropolitan University. October 19, 2009. Archived from the original on October 24, 2009. Retrieved February 28, 2015
  5. 1 2 Miller, Gerri (August 28, 2014). "NCIS: Los Angeles' Daniela Ruah on Interfaith Marriage and Motherhood". InterfaithFamily.com. Archived from the original on March 4, 2016. Retrieved March 3, 2015.
  6. "IMDB Daniela Ruah". IMDb. Retrieved April 22, 2016.
  7. Gostin, Nicki (February 29, 2012). "Meet the 'NCIS:LA' star who won 'Dancing' in another country". CNN. Retrieved March 9, 2015
  8. 1 2 Ventura, Maria Ana (November 1, 2011). "Daniela Ruah – Shoot for the stars". UP Magazine. Archived from the original on February 11, 2017. Retrieved September 17, 2013.
  9. Gonzalez, Sandra (September 7, 2011). "'NCIS: LA' exec producer spills on Kensi's trip to 'Hawaii Five-0', possibility of another crossover". Entertainment Weekly. Retrieved September 17, 2013.
  10. King, Susan (May 7, 2013). "The Whitmore family will never grow out of this stage". Los Angeles Times. Archived from the original on December 7, 2015. Retrieved July 29, 2016
  11. "Quatro mulheres apresentam Festival Eurovisão da Canção em Lisboa". RTP Notícias (in Portuguese). Rádio e Televisão de Portugal. January 8, 2018. Retrieved January 8, 2018.
  12. "Here come the girls! Presenters of Eurovision 2018 revealed!". eurovision.tv. European Broadcasting Union. Retrieved January 8, 2018.
  13. Frith, Vanessa (June 19, 2014). "'NCIS: LA' Daniela Ruah & David Olsen Marry". Enstarz.com. Archived from the original on March 4, 2016. Retrieved March 3, 2015
  14. Ruah, Daniela [@DanielaRuah] (June 21, 2014). "Just lived the best week of my life; I married my best friend. [...]" (Tweet). Archived from the original on August 10, 2015. Retrieved July 29, 2016 – via Twitter.
  15. Rizzo, Monica (September 16, 2013). "Baby Boy on the Way for Daniela Ruah". People. New York City: Meredith Corporation. Retrieved February 23, 2020
  16. Michaud, Sarah; Gomez, Patrick (January 5, 2014). "Daniela Ruah Welcomes Son River Isaac". People. New York City: Meredith Corporation. Retrieved July 29, 2016.
  17. Kimble, Lindsay; Michaud, Sarah (September 7, 2016). "Daniela Ruah Welcomes Daughter Sierra Esther". People. New York City: Meredith Corporation. Retrieved February 23, 2020