Dato Seiko
Dato Seiko | |
|---|---|
| Leina la Matsalo | Katlego Ntirang |
| Mefota | Alternative.R&B. Soul |
| Ditiro | Moopedi, Mokwadi wa dipina, mogatisi wa difilimi |
| Dingwaga tsa a le mo boopeding | ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro go tsena gompieno |
Dato Seiko, o o tshotsweng ka leina la Katlego Ntirang, ke seopedi sa Motswana, mokwadi wa dipina le motlhagisi wa difilimi o o nnang kwa Gaborone, Botswana. O itlhalosa e le seopedi se se fetolang mefuta ya mmino o a o dirang, tiro ya gagwe e akaretsa mmino o mongwe wa R&B le soul, a dirisa maitemogelo a gagwe a lorato, sekao le go itshoka mo maikutlong. Ke kgaitsadie seopedi sa mmino wa kwaito Mapetla o monnye. O katisitswe mo go tlhagiseng difilimi kwa AFDA Botswana mme o dirisa kitso ya gagwe ya go bolela polelo ka go supa ka ditshwantsho go tlaleletsa mmino o a o ntshang. [1]
Pina ya gagwe ya ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le boraro ya The Vow e ne ya anamisiwa ka Warner Music Africa mme ya tlhagisa ditshwantsho di feta dikete di le masome a mane le bone, tse di itiretsweng ke badirisi ba maranyane a TikTok ka kakaretso tsa bonwa makgetho a le didikadike di le masome a mane le bone le metso e robabobedi mo seraleng seo. [2]
Botshelo le tiro ya gagwe ya a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Katlego Ntirang o goletse kwa Gaborone mo lelwapeng la mmino, mme o tlhalositse mmino e le tsela ya gagwe ya konokono ya go supa maikutlo a gagwe go tswa bonyaneng. O ne a ithutela go dira difilimi kwa AFDA Botswana, e le tshwetso e a e amanyang le tumelo ya gagwe ya gore go bolela dipolelo ka ditshwantsho go tlaa tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go tlhaeletsanya ka mmino. Pele ga a nthsa dipina tsa gagwe o ne a dirisana le DJ Kuchi, a kwala mmogo le go gatisa pina ya letsholo la go nonotsa banana la SKY Girls BW . [1]
O ne a diragatsa kwa moletlong wa tshimolodiso ya Multichoice Talent Factory kwa Zambia mo dikgatong tsa ntlha tsa tiro ya gagwe, mme morago a diragatsa kwa moletlong wa ga Tautona wa Botswana makgetho a le mabedi ka go latelana. Gape o diragaditse a na le badiragatsi Mpho Sebina le Thato Jessica mo Aforika Borwa. [1]
Dipina tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Grace Effect (ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso)
[fetola | Fetola Motswedi]Dato Seiko o ntshitse motshameko wa gagwe wa ntlha o o atolositsweng, wa Grace Effect, ka la letsatsi la bosupa la kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso ka Oasis Studio Africa. Porojeke ya dipina tse thataro e ne e le dingwaga di le tlhano e ntse e diriwa, ka setlhogo se se tserweng mo bokaong jwa baebele jwa palo ya botlhano e le letshwao la tshegofatso. EP e na le tirisanommogo le Mpho Sebina mo pineng ya "Moonstone" le Thato Jessica mo pineng ya "Oh No". Dipina tse dingwe di akaretsa "Hurda", "Lunathi", "Kaone Kario" le "Sapiosexual". [3]
EP e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa tatelano ya dipina tse di tshamekilweng thata ya Apple Music Alternative mo Botswana mme ya tshamek mo dikgatisong tsa mmino wa mafatshefatshe di akaretsa le bukana ya Tha Native. [4]
Dipina tse di ikemetseng
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le boraro, Dato Seiko o ne a ntsha pina ya "The Vow", e a tlhalositseng e le e e simolotseng mo tirong ya go tlhomamisa dilo ka namana e mo go yone a neng a akanya ka mafoko a a neng a tlaa batla go a bolelelwa kwa lenyalong la gagwe. Pina e ne ya anama mo maranyaneng a TikTok mme morago ga moo ya anamisiwa ka Warner Music Africa. [2]
Ka ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le bone, o ne a ntsha pina ya "Sahasrara", pina e setlhogo sa yone se tserweng mo lefokong la Sesanskrit la chakra ya serwalo sa mo tlhogong. Pina e, e bua ka sekgala sa maikutlo se se ka nnang teng mo teng mo botsaleng jo bo tseneletseng, mme e ne ya tlhalosiwa ke seopedi se e le pina e e bonolo e e kgalang e e nang le medi mo tumelong ya gagwe ya karma go na le go ipusolosetsa. [5]
Go diragatsa ka tlhamalalo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Ngwanatsele ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le motso, Dato Seiko o ne a diragatsa pina e e amang maikutlo e e tumileng ya ga DJ Zinhle ya Umlilo kwa Avani Gaborone Resort & Casino ka nako ya tiragalo DJ Zinhle a neng a le teng kwa go yone. Tiragatso e, e ne ya ama DJ Zinhle ka tsela e e bonalang, o ne a akgela ka gore o tshwanetse go akanyetsa go gatisa pina mo Botswana. [6]
Ka Ngwanatsele ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano, o ne a itsise ka pina e a e opelang a le nosi e e bidiwang The Healing Point kwa moletlong wa kwa Maitisong kwa Gaborone. Moletlo o, o ne o akanyeditswe e tlaa nna bokhutlo jwa dintlha tse tharo tsa go rata, go latlhegelwa le go fola. [7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Meet Dato Seiko, one of BW's best genre fluid vocalists". Botswana Gazette. 9 December 2020. Retrieved 13 March 2026. Cite error: Invalid
<ref>tag; name "gazette" defined multiple times with different content. - 1 2 "The Breakdown with: Dato Seiko". Zkhiphani. 2024. Retrieved 13 March 2026. Cite error: Invalid
<ref>tag; name "zkhiphani" defined multiple times with different content. - ↑ "Dato Seiko serenades fans with "Grace Effect"". Sunday Standard Botswana. 16 December 2020. Retrieved 13 March 2026.
- ↑ "Dato Seiko Delivers a Soul-Stirring Experience with New Single "Sahasrara"". Ghana Music. 1 November 2024. Retrieved 13 March 2026.
- ↑ "Botswana: Dato Seiko shares new single Sahasrara". Music In Africa. 4 November 2024. Retrieved 13 March 2026.
- ↑ "Dato Seiko leaves DJ Zinhle in tears". Mmegi Online. 22 November 2021. Retrieved 13 March 2026.
- ↑ "Dato Seiko announces an immersive show: Healing Point". Mmegi Online. 13 November 2025. Retrieved 13 March 2026.