Jump to content

David Edevbie

Go tswa ko Wikipedia
David Edevbie
Tiromopolotiki
O itsegi kaPeoples Democratic Party, PDP leloko la2023 gubernatorial elections in Delta State, Nigeria
Political partyPeople's Democratic Party (PDP)

David Edevbie ke mopolotiki wa Nigeria mme e kile ya bo e le ntlhopheng wa People`s Demogratic Party, (PDP) wa ditlhopho tsa bobusi ba Nigeria tsa 2023 kwa mmusong wa Delta.[1][2] O fentswe ke Sheriff Oborevwori.

Edevbie e ne e le Mokhomišenara wa Matlole le Thulaganyo ya Itholelo ka fa tlase ga Tsamaiso e e eteletsweng pele ke James Ibori fa gare ga Seetebosigo 1999 go fitlha ka Lwetse 2005.[3] Gape e ne e le Mokhomišenara wa Matlole ka fa tlase ga Mmusi Ifeanyi Okowa go tloga ka 2015 go fitlha ka 2019.[4]Edevbie e ne e le Mokaedi wa Matlole wa Mokgatlho wa Letsholo la ga Umaru Musa Yar’Adua ka 2006–2007 mme moragonyana a nna Mokwaledi yo Mogolo wa ga Tutona Umaru Musa Yar’Adua go tloga ka 2008 go ya go 2010.[3] Seabe sa gagwe sa bošeng mo botshelong jwa setšhaba e ne e le jaaka Moeteledipele wa Badiri ba ga Mmusi Ifeanyi Okowa, se a neng a se tlogela go tswelela ka keletso ya gagwe ya go nna mmusi yo o latelang wa mmuso wa Delta .[5]

Edevbie o ithutile thuto ya itsholelo kwa Mmadikolo wa Lagos mme a aloga ka B.Sc. (Hons.) ka 1985. O ne a ithutela Masters ya Tsamaiso ya Kgwebo (MBA) mo go tsa Matlole a Dikgwebo tsa Boditšhabatšhaba kwa Sekolong sa Kgwebo sa Cardiff sa Mmadikolo wa Wales – Cardiff, UK fa gare ga 1987 le 1988.[6]Edevbie o dirile Lenaneo la Botsamaisi jo bo Tsweletseng kwa Sekolong sa Kgwebo sa Harvard, ka 2003.[7]

Matlole a project le tsamaiso

Edevbie o ne a dira le polokelo ya Barclays Plc, kwa UK jaaka moithuti ka Lenaneo la Tlhabololo ya Botsamaisi la polokelo.[8] Fa gare ga 1988 le 1992, o ne a tlhatlogela kwa maemong a Mothusa Motsamaisi, wa Kadimo ya Dikompone.[8]

Ka 1992, o ne a dira le Hill Samuel, polokelo ya kgwebo ya U.K., jaaka Motsamaisi wa polokelo ya Dipeeletso.[8] Ka 1995, o ne a dira le Koporasi ya Tlhabololo ya mafatshe a selekanyo (CDC), UK (Setlhopha sa CDC), jaaka Motlhankedi wa Dipeeletso yo o ikarabelang mo Dikgaolong tsa Asia le Pacific.[9] Ka 1996, o ne a tlhatlhosiwa go nna Mothusa-Tlhogo ya lefatshe, mme o ne a na le maikarabelo a go tlhoma Ofisi ya CDC ya Philippines.[9]Ka Mopitlo 1998, o ne a boela kwa Ofising ya London mme a tlhatlhosiwa go nna Motsamaisi wa Dipeeletso.[9]

Edevbie o ne a dira jaaka Mogakolodi yo Mogolo wa Bogakolodi jwa madi jwa Project ya Avantgarde le Bogakolodi jwa go Tlhokomela, kwa Lagos, go simolola ka 2010 go ya go 2015.[10]

Dipolotiki tsa mmuso wa Delta

Ka Seetebosigo 1999, Edevbie o ne a tlhomiwa go nna Mokhomišenara wa Matlole le Thulaganyo ya Itsholelo, kwa mmusong wa Delta .[11] Ka 2006, o ne a lalediwa ke mongwe wa Batlhophiwa ba Tautona wa PDP ka nako eo, Umaru Musa Yar'Adua go nna leloko la setlhopha sa gagwe se sennye sa letsholo jaaka Mokaedi wa Matlole le Togamaano.[12]

Ka 2008, Tutona Yar’Adua o ne a mo tlhoma go nna Mokwaledi Mogolo wa Tautona (PSP) go tsaya maikarabelo a Moeteledipele wa Badiri yo o neng a tswa mo tirong.[13] O ne a nna mo Botautoneng go fitlha ka bonako fela morago ga loso lwa ga Tautona Yar’Adua ka Moranang 2010.[13]

Ka 2015, Edevbie o ne a tlhomiwa go nna Mokhomišenara wa Matlole, kwa mmusong wa Delta go fitlha ka Motsheganong 2019.[14] E ne e le Moeteledipele wa Badiri ba ga Mmusisi Ifeanyi Okowa go tloga ka Seetebosigo 2019 go fitlha ka Motsheganong 2021.[14]

Ka 2021, Edevbie o ne a simolola go latelela keletso ya gagwe ya go nna mmusi yo o latelang wa mmuso wa Delta ka fa tlase ga serala sa People`s Democratic Party mo ditlhophong tse di tlang tsa bobusi tsa 2023 kwa mmusong wa Delta , Nigeria.[15][16]

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Omon-Julius Onabu,"Court Removes Oborevwori, Installs Edevbie as Delta PDP Guber Candidate thisdaylive.com. 30 July 2022. Retrieved2025-03-11
  2. Ikechukwu Nnochi, "Delta gov poll: Recognise me as PDP candidate, Edevbie tells INEC".vanguardngr.com. 18 July 2022. Retrieved 2025-03-11
  3. Allison Abanum,"David Edevbie: Exceptional Leader @ 58" thisdaylive.com. 22 December 2021. Retrieved 2025-03-11
  4. Nweje, Chukwudi (14 October 2021). "Why I want to govern Delta State –David Edevbie". sunnewsonline.com. Retrieved2025-03-11
  5. "David Edevbie: Technocrat as Delta Chief of Staff". vanguardngr.com. 7 December 2020. Retrieved 2025-03-11
  6. Uzoalu Odili,"David Edevbie: Simply the best to succeed Okowa" vanguardngr.com. 6 February 2022. Retrieved2025-03-11
  7. Onyeka Ibe, "Delta 2023: When a technocrat comes calling"vanguardngr.com. 11 May 2022. Retrieved 2025-03-12
  8. 8.0 8.1 8.2 Amos Oweifighe,"DELTA 2023: Edevbie belongs to unusual breed"vanguardngr.com. 7 May 2022. Retrieved 2205-03-12
  9. 9.0 9.1 9.2 Fred Edoreh, "David Edevbie: THE HOPE OF DELTA" flashpointnews.com. 23 May 2022. Retrieved 2025-03-12
  10. "Olorogun David Edevbie: Personality profile of the banker, technocrat and politician who secured the first A+ international credit rating for Delta State". govbusinessjournal.ng. 29 July 2021. Retrieved 2025-03-12
  11. Allison Abanum,"A Deep Dive on David Edevbie".thisdaylive.com. 30 April 2022. Retrieved 2025-03-11
  12. "I'm Well Equipped To Provide Developmental Solutions To Delta's Challenges – Edevbie". independent.ng. 24 May 2022. Retrieved 2025-03-11
  13. 13.0 13.1 "Edevbie: Okowa is My Friend and Political Leader". thisdaylive.com. 8 June 2022. Retrieved 2025-03-11
  14. 14.0 14.1 "My 'Modernise Delta' agenda will take Deltans into greater prosperity — Edevbie". vanguardngr.com. 22 May 2022. Retrieved 2025-03-12
  15. Emma Amaize,"Delta PDP primaries: Edevbie, Manager, Otuaro, others react to Oborevwori's victory". Ephraim Oseji & Ochuko Akuopha,vanguardngr.com. 27 May 2022. Retrieved 2025-03-12
  16. Emma Amaize, Ephraim Oseji & Ochuko Akuopha, "Edevbie: Delta PDP Crisis Over Soon". thisdaylive.com. 4 August 2022. Retrieved 2025-03-11