Dawid Boois
Dawid Boois (yo a bonweng ka Ferikgong a tlhola malatsi a le lesome le boraro ngwaga wa 1952 kwa Berseba) ke mopolotiki le morutabana wa kwa Namibia.
Boois o tsene sekolo kwa St. Theresa kwa Tses le sekolo se segolwane sa Augustineum kwa Windhoek. Morago o ne a nna morutabana le mogokgo wa seskolo sa Ecumenical kwa Berseba.[1]
Boois e ne e le leloko la SWAPO le mopalamente go tswa ka 2000 pele ga a tlhomiwa molaodi wa kgaolo ya IKaras ka 2004.[1] Fa e sale jalo o ne a lwela bopalamente jwa kwa Berseba, kwa a neng a nna mokhanselara ka 2004 morago ga go fenya mo ditlhophong tsa lefatshe tsa 2004 ka ditalama di le sekete, makgolo a supa, masome a mabedi le bone jwa batlhophi ba le dikete tharo, makgolo a matlhano, masome a robongwe le motso.[2] O ne a tlhophiwa gape mo ditlhophong tsa 2010 ka ditalama di le sekete, makgolo amabedi, masome a mabedi le botlhano,[3] le ka 2015 ka di le sekete, makgolo a supa, masome a supa le bone.[4]
Boois o ne a le mo kganetsanong mabapi le makgamu a a farologaneng a boeteledipele jwa setso jwa ǀHaiǀKhaua (Berseba Orlam) jwa morafe wa Nama. O ne a le mo lotlhakoreng lwa setlhopha se se neng se botsolosa ka go boelana ga merafe, ba leka go atolosa kgaogano ya dingwaga tse di masome a matlhano ya Berseba kwa Orlam. Boois o ne a felela a ema nokeng go kopana ga morafe ka go agisana le moeteledipele wa IKARAS Stephanus Goliath ka 2011.[5]
Go ya ka dipego tse di ntshitsweng ka 2003 fa Boois e le leloko la palamente, Boois ke moeteledipele wa go kompone ya go tshwara ditlhapi ya Kaiseb Fishing. O na le seabe sa 8% mo komponeng eo. O na gape le diabe di le dikete di le lesome le botlhano kwa borwa jwa Namibia, a berekisana le opolotiki wa SWAPO Willem Konjore. O ne gape a na le lefelo le le rekisang dijo le la boroko kwa kgaolong ya IKaras.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Dawid Boois Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine Namibia Institute for Democracy
- ↑ "Electoral Act, 1992: Notification of Result of General Election for Regional Councils" (pdf). Government Gazette of the Republic of Namibia. No. 3366. Government of Namibia. 3 January 2005. p. 16.
- ↑ Election results from Electoral Commission of Namibia Archived 2011-07-17 at the Wayback Machine
- ↑ "Regional Council Election Results 2015". Electoral Commission of Namibia. 3 December 2015. p. 1. Archived from the original on 8 December 2015. Retrieved 07 October 2025
- ↑ Boois and Goliath bury the hatchet Archived 2011-02-28 at the Wayback Machine The Namibian, 25 February 2011