Delilah Asiago
Ponalo
Delilah Asiago (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bone (14) ka ngwaga wa 1972) ke moatlelete wa mosadi yo o tlogetseng tiro go tswa kwa Kenya. O ne a rata go taboga sekgala se seleele, go akaretsa le marathone.
O ne a kganelwa dingwaga di le pedi morago ga gore a tlhatlhobiwe a fitlhelwa a dirisitse diokobatsi tsa doping ka nako ya ngwaga wa 1999 Saint Silvester Race.[1]Le fa go ntse jalo, o ne a santse a le matlhagatlhaga ka ngwaga wa 2006 fa a ne a fenya Dubai Marathon.[2]
Asiago o tshwere rekoto ya lefatshe ya go taboga ka tsela ya 4-Mile le 12-Kilometer.[3]O ne a fiwa sekgele sa "Road Racer of the Year" ka ngwaga wa 1995 ke Running Times.[4]
Dikgaisano tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Notes |
|---|---|---|---|---|---|
| 1991 | All-Africa Games | Cairo, Egypt | 3rd | 3000 m | |
| World Championships | Tokyo, Japan | 12th | 10,000 m | ||
| 1995 | All-Africa Games | Harare, Zimbabwe | 2nd | 10,000 m |
Mabelo a mo tseleng
[fetola | Fetola Motswedi]- 1995 - Falmouth Road Race, 1st
- 1995 - Steamboat Classic, 1st (time 19:28, a 4-Mile world record)
- 1995 - Bay to Breakers, 1st, (time 38:23, a 12-km world record)
- 2002 - Great Lake Marathon, 1st
- 2003 - Nairobi Marathon, 2nd
- 2004 - Rotterdam Marathon, 6th (time 2:37:24, her personal record)
- 2005 - Nairobi Marathon, 6th
- 2006 - Dubai Marathon, 1st
- 2006 - Salt Lake City Marathon, 3rd