Della Sowah

Della Adjoa Sowah (O belegwe ka di 23 Ngwanaatsele 1959) Ke mo Ghana, E ne ele Tona ya tsa bong, bana le tshireletso ya bone.[1][2]. Ke leloko la palamente ya kwa Kpando constituency.[3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Sowah o belegetswe kwa Kpandu, Volta Region ya Ghana ka 23 Ngwanatsele 1959.
Dithutego
[fetola | Fetola Motswedi]Sowah o bone degree ya gagwe ya Social Sciences kwa Kwame Nkrumah University of Science and Technology ka 1981. O na le Dipoloma ya tsa Ditšhelete le Master of Business Administration.[ 4]
Ditiro tse a di berekileng
[fetola | Fetola Motswedi]Dipolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Sowah ke leloko la National Democratic Congress le leloko la palamente ya Kpando (karolo ya palamente ya Ghana) mo Palamenteng ya bo 6, ya bo 7 le ya bo 8 ya Rephaboliki ya Bone ya Ghana.[ 7]
Ditlhopho tsa 2016
Sowah o ne a lwela setilo sa palamente sa kgaolo ya Kpando ka thekete ya National Democratic Congress ka nako ya ditlhopho tsa kakaretso tsa Ghana tsa 2016 mme a fenya ka diboutu di le 17,318, tse di emelang 82.38% ya palogotlhe ya diboutu. O ne a fenya ditlhopho go feta Djampoh Elvis Kweku wa New Patriotic Party yo a neng a bona diboutu di le 3,058 tse di lekanang le 14.55%, moemedi wa palamente wa NDP Daniel Karl o ne a na le diboutu di le 359 tse di emetseng 1.71% mme moemedi wa palamente wa Convention People's Party Isaac Adjanya o ne a na le diboutu di le 286 tse di emetseng 1.36% ya diboutu tsotlhe.[ 8]
Ditlhopho tsa 2020 Sowah o ne gape a gaisana ka setilo sa palamente sa Kpando mo Kgaolong ya Volta ka thekete ya National Democratic Congress ka nako ya ditlhopho tsa kakaretso tsa Ghana tsa 2020 mme a fenya ka diboutu di le 13,582 tse di emetseng 62.29% mo godimo ga mokgatlhotekanyetsi wa palamente wa New Patriotic Party Quist Ernest Theophilus yo a boneng diboutu di le 8,221 tse di lekanang le 37.71% ya diboutu tsotlhe. [9]
Dikomiti Sowah ke leloko la komiti ya Meepo le Maatla, komiti ya Ditaolo tse di emeng le komiti ya Kgwebo. [7]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Sowah ke Mokeresete.O nyetse mme o na le bana ba le bararo.[ 5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Teenage Pregnancy Increases From 6 To 26% -Della Sowah - The Chronicle - Ghana News". 15 March 2016. Retrieved 9 September 2016.[permanent dead link]
[2] "Ghana: Teenage Pregnancy Increases From 6 to 26 Percent - Della Sowah". Ghanaian Chronicle. Accra. 15 March 2016. Retrieved 3 August 2020 – via AllAfrica.
[3] "Deputy Ministers - Government of Ghana". Government Of Ghana. Archived from the original on 24 September 2019. Retrieved 9 September 2016.
[4] "Della Sowah | 18th Microcredit Summit". 18microcreditsummit. Archived from the original on 16 September 2016. Retrieved 9 September 2016.
[5] "Ghana MPs - MP Details - Sowah, Della". GhanaMps. Retrieved 24 February 2020.
[6] "Hon. Della Adjoa Sowah". Parliament of Ghana. Retrieved 3 August 2020.
[7] "Parliament of Ghana". parliament of ghana. Retrieved 16 October 2023.
[8]FM, Peace. "Kpando Constituency Results - Election 2016". Ghana Elections - Peace FM. Retrieved 16 October 2023.