Jump to content

Democratic Republic of the Congo

Go tswa ko Wikipedia
Democratic Republic of the Congo

République démocratique
Motto: "JusticeTempolete:SndPaixTempolete:SndTravail"
("JusticeTempolete:SndPeaceTempolete:SndWork")
Mošate
and largest city
Kinshasa
4°19′S 15°19′E / 4.317°S 15.317°E / -4.317; 15.317
Diteme tsa semmusôFrench
Recognised national languages
Sedumedi
(2021)[1]
Demonym(s)Congolese
GovernmentUnitary semi-presidential republic
• [President of the Democratic Republic of the Congo|President]]
[[[Félix Tshisekedi]]
Judith Suminwa
LegislatureParliament
Senate
National Assembly
Formation
• Colonised
17 November 1879
1 July 1885
15 November 1908
30 June 1960[2]
20 September 1960
• Democratic Republic
1 August 1964
27 October 1971
17 May 1997
18 February 2006
Fatshe
• Total
2,345,409 km2 (905,567 sq mi) (11th)
• Land
Tempolete:Convinfobox/sec2
• Water (%)
3.32
Batho
• 2025 estimate
Tempolete:IncreaseNeutral 111,050,097[3] (15th)
• Bokete
50/km2 (129.5/sq mi)

Lefatshe la Democratic Republic of the Congo (DRC), le le itsegeng gape ka leina la the DR Congo, Congo-Kinshasa kgotsa Congo fela, ke lefatshe le le mo legareng la Aforika. Ke lefatshe la bobedi ka botona jwa bophara jwa lefatshe mo Aforika, mme e le la bo lesome le bongwe mo lefatsheng ka kakaretso. Lefatshe la DR Congo ke lone le le nang le palo ya batho ba le bantsi go fetisa mafatshe otlhe a a buang puo sa French, le na le batho ba le didikadike di le lekgolo, lesome le botlhano. Puo ya French ke yone ee tlhomilweng semmuso ebile ke yone e e buiwang thata le ntswa go na le dipuo tsa mo gae di feta makgolo a mabedi. Toropokgolo ke Kinshasa, e gape e leng yone boremelelo jwa thekiso. lefatshe le le tlhakanetse molelwane kwa bophirima le a Republic of Congo, Cabinda exclave kwa Angola le lewatle la Atlantic, kwa bokone ke mafatshe a Central African Republic le la South Sudan, fa kwa botlhaba e le Uganda, Rwanda, Burundi le Tanzania, kwa borwa e le a Zambia le Angola. E re ka lefatshe le le le mo legareng la mokgatsha wa Congo, le nelwa ke dipula tse dintsi, ebile le kgabaganngwa ke dinoka tse dintsi, fa kwa borwa-botlhaba go le dithaba.

Kgaolo ya Congo, e simolotse go nna le banni dingwaga di ka nna dikete tse di masome a ferabongwe te di fetileng, e le balemi, batho bantsho bone ba gorogile dingwaga di ka nna dikete tse pedi go ya kwa go tse tharo tse di fitileng.[4] Kwa bophirima, bogosi jwa Kingdom of kongo bo eteletse pele kwa molomong wa noka ya Congo .

Ketsaetsego e e bakilweng ke go goromela ga batshabi ba ntwa ya selegae ya kwa Rwanda, e ne ya baka ntwa ya ntlha ya Congo go tswa ka ngwaga wa 1996 go tsena ka 1997, phelelo ya ntwa e e ne ya nna go thankgolwa ga ga Mobutu.[5] Leina la yone le ne la fetolwa go boelwa kwa go DRC mme la itemogela ntwa ya bobedi go tswa ka 1998 go tsena ka 2003, mo go neng ga baka dintsho tsa batho ba le didikadike di le tlhano le dikete di le nne, le go bolawa ga ga tautona Laurent-Desire Kabila.[6][7][8][9] Ntwa, e gantsi e tlhalosiwang e le yone e e bolaileng batho ba le bantsi fa e sale ka ntwa ya lefatshe ya bobedi,[10] e ne ya fela ka go busa ga ga tautona Joseph Kabila o o neng a tsosolosa lefatshe le fa go lwa go ne ga tswelela bogolo jang kwa botlhaba. Ditshwanelo tsa setho e ne e se tse di tswisang pelo ebile di akaretsa go tshwenngwa ka go nyelediwa ga batho, go bogisiwa, go isiwa kgolegelong le go idiwa go gololesega.[11] Kabila o ne a ithola marapo ka ngwaga wa 2019, e le lantlha lefatshe le nna le neelano ya kagiso fa e sale le tsaya boipuso, morago ga gore Felix Tshisekedi a fenye ditlhopo tsa ngwaga wa 2018.[12] Fa e sale dingwaga tsa 2000 di simologa, go nnile le ditlhopha di feta lekgolo di tshotse dibetsa, bogolo jang kwa Kivu. Nngwe ya ditoropo tse dikgolo, ebong Goma, e ne ya busiwa ke ditsuolodi ka ngwaga wa 2012 le ka 2025. M23 e ne ya simolola go tlwaelesega ka ngwaga wa 2025 morago ga go gapa ditoropo di le mmalwa kwa botlhaba, ba enngwe nokeng ke sesole sa kwa Rwanda, golo mo go bakileng kgotlhang gareng ga mafatshe a mabedi a.

Le ntswa le humile ditswammung, lefatshe la DRC ke lengwe la mafatshe a a humanegileng mo lefatsheng ka bophara, ka le itemogetse go tlhoka go ritibala ga sepolotiki, go tlhoka dikago tse di siameng, tshenyetso sechaba le go gatelelwa ke mafatshe a mangwe, golo mo go neng ga salwa morago ke dingwaga tse di masome a marataro a boipuso go sena ditlhabololo.[13][14] Kwa ntle ga toropokgolo Kinshasa, ditoropo tse dingwe tse di humileng ditswammung ke Lumbumbashi le Mbuji-Mayi.Lefatshe la DRC le rekisetsa mafatshe a mangwe ditswammung le tshipi, tse di dirileng 80% ya thekiso ka ngwaga wa 2023, le rekisetsa thata lefatshe la China.[15]

  1. The term "Kikongo" in the Constitution is actually referring to the Kituba language – which is known as Kikongo ya leta by its speakers – not the Kongo language proper. The confusion arises from the fact that the government of the DRC officially recognizes and refers to the language as "Kikongo".
  1. "Democratic Republic of the Congo". United States Department of State. 2 June 2022. Archived from the original on 29 January 2023. Retrieved 23 March 2023.
  2. Central Intelligence Agency (2014). "Democratic Republic of the Congo". The World Factbook. Langley, Virginia: Central Intelligence Agency. Archived from the original on 22 February 2021. Retrieved 29 April 2014.
  3. "DR Congo Population (2025) - Worldometer".
  4. Van Reybrouck, David (2015). Congo : the epic history of a people. New York, NY: HarperCollins. pp. Chapter 1 and 2. ISBN 9780062200129.
  5. CIA World Factbook I, "Introduction".
  6. Coghlan, Benjamin; et al. (2007). Mortality in the Democratic Republic of Congo: An ongoing crisis: Full 26-page report (PDF) (Report). p. 26. Archived (PDF) from the original on 8 September 2013. Retrieved 11 March 2025.
  7. Robinson, Simon (28 May 2006). "The deadliest war in the world". Time. Archived from the original on 11 September 2013. Retrieved 11 March 2025.
  8. Bavier, Joe (22 January 2008). "Congo War driven crisis kills 45,000 a month". Reuters. Archived from the original on 14 April 2011. Retrieved 11 March 2025.
  9. "Measuring Mortality in the Democratic Republic of Congo" (PDF). International Rescue Committee. 2007. Archived (PDF) from the original on 11 August 2011. Retrieved 11 March 2025.
  10. "Conflict in the Democratic Republic of Congo". Council on Foreign Relations. 11 March 2025.
  11. "Democratic Republic of Congo in Crisis | Human Rights Watch". Archived from the original on 13 May 2021. Retrieved 11 March 2025.
  12. Mwanamilongo, Saleh; Anna, Cara (24 January 2019). "Congo's surprise new leader in 1st peaceful power transfer". Associated Press. Archived from the original on 18 May 2021. Retrieved 11 March 2025.
  13. BBC. (9 October 2013). "DR Congo: Cursed by its natural wealth". BBC News website Archived 31 May 2018 at the Wayback Machine Retrieved 11 March 2025.
  14. O'Neil, Patrick (2004). Essentials of Comparative Politics. New York, London: Norton. p. 147. ISBN 9780393976540.
  15. "General Profile: Dem. Rep. of the Congo" (PDF). UN Trade and Development. 2023.