Deolinda Guezimane
Deolinda Guezimane | |
|---|---|
| Tsalo | Mopitlo a le malatsi a marataro ngwaga wa 1945 Búzi |
Deolinda Guezimane (o o tshotsweng ka Mopitlo a le malatsi a marataro ngwaga wa 1945)[1] ke molwela boipuso le mopolotiki wa kwa Mozambique. E ne e le mokwaledi wa ntlha wa lekgotla la basadi ba Mozambique (OMM).
O tshotswe ka leina la Deolinda Simango kwa Búzi, kwa kgaolong ya Sofala kwa Mozambique. O godisitswe ke nkukuagwe, o tsene sekolo kwa Chicumbane kwa kgaolong ya Gaza.[2]
Ka ngwaga wa 1965, o ne a ya kwa Tanzania, a nna leloko la FRELIMO, lekgotla la Mozambique la boipuso. FRELIMO e ne e amana thata le Soviet Union, Guezimane o ne a tsenelela Komsomolo koo ka 1966 go tsena 1967. O berekile e le morutabana kwa Tunduru kwa Tanzania. O ne a nna moeteledipele wa lekgotla la boipuso le puso ya pele ya Mozambique, a le mo lekgotleng la basadi, a tloga a nna mokwaledi wa ntlha wa OMM ka 1973.[3] Ka 1976, ene le khansele ya gagwe e e rulaganyang ba ne ba kobiwa ka potlako le ka dikganetsano mo OMM ke Samora Machel.[2][3]
Kwa bokopanong jwa borataro jwa FRELIMO ka 1991, o ne a nna mosadi wa ntlha go bereka mo lekgotleng la polotiki la FRELIMO (Political Bureau of the Central Committee of FRELIMO.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Partido FRELIMO felicita Deolinda Guezimane pelo 80º aniversário". Partido FRELIMO felicita Deolinda Guezimane pelo 80º aniversário. Retrieved 2025-10-30
- 1 2 Darch, Colin (2019). Historical dictionary of Mozambique. African historical dictionaries (New ed.). Lanham (Md.): Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1134-5.
- 1 2 Darch, Colin (2019). Historical dictionary of Mozambique. African historical dictionaries (New ed.). Lanham (Md.): Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1134-5.
- ↑ The Greenwood encyclopedia of women's issues worldwide. Westport, Conn.: Greenwood Press. 2003. ISBN 978-0-313-32787-2 – via Internet Archive.