Deolinda Kinzimba

Deolinda Inês Caetano Kinzimba (o belegwe ka 11 Motsheganong 1995) ke moopedi-mopedi wa se-Angola le motshameki.[1]
Botshelo ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Kinzimba o tsholetswe kwa Luanda mme a golela kwa Ingombota. O ne a bolela gore o ne a itumelela bongwana jwa gagwe e bile o ne a kgatlhegela mmino go tloga a sa le monnye. O ne a tlhotlhelediwa ke Phyllis Hyman le Selena Quintanilla.[2] Kinzimba o ne a nna kwa Tanzania fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome ka gonne o ne a na le kgaitsadie yo o neng a dira kwa embasing ya Angola. O ne a fudugela kwa Guimarães, Portugal ka 2014 go ya go ithuta le go nna le ditshono tse di botoka.[3] Kinzimba o ne a tsenela dithuto tsa molao kwa Porto.
Ka 2016, o ne a fenya mo kgaisanong ya boraro ya The Voice Portugal. Kinzimba o ne a bidiwa "Whitney Houston yo mosha" fa a ne a opela pina ya ga Houston ya "I Have Nothing" e e neng ya amogelwa thata. O ne a tshameka pina ya "I Will Always Love You" ya ga Mariah Carey le ya "A Moment Like This" ya ga Kelly Clarkson kwa makgaolakgannyeng. Kinzimba o ne a kopana gape le mmaagwe, yo a neng a sa mmona mo dingwageng tse pedi.[4] Ka ntlha ya phenyo, Kinzimba o ne a saena tumalano le Universal.[5] Ka Lwetse 2016, o ne a tshameka mo lenaneong la "Dentro".[6]
Single ya gagwe ya ntlha, "Primeira Vez", e ne ya gololwa ka Diphalane 2016.[7] Ka Ngwanatsele 2017, o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e e nang le leina la gagwe.[8]"Deolinda Kinzimba" e amogetse dinaledi di le tharo le halofo go tswa go Sábado, ba baka maikutlo a Kimzimba le go dira ga gagwe mme ba tshwaya phoso rekoto ya gagwe. Le fa go ntse jalo, makasine ono o ne wa re e ne e le tshimologo e e molemo ka dipina di le mmalwa tse di maatla.[9] O ne a tsaya karolo mo moletlong wa RTP da Canção 2017, ka taletso ya mokwadi wa dipina Rita Redshoes, mme a fitlha kwa makgaolakgannyeng a tiragalo eo.[10]
Dipina tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]2017: Deolinda Kinzimba
Difilimi tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]2016: Dentro (as Raquel)
2016-2017: Sociedade Recreativa (as herself)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Artist Profile". MusicBrainz. Retrieved 7 October 2024
- ↑ Machado, Solange (23 December 2016). "Deolinda Kinzimba: "Sempre acreditei que um dia conseguiria mostrar ao mundo aquilo que mais amo que é cantar"". Ver Angola (in Portuguese). Retrieved 5 October 2020
- ↑ "Conhece Deolinda Kinzimba? Mickael Carreira apresentou-a no Meo Arena". Jornal I (in Portuguese). 27 October 2015. Retrieved 5 October 2020
- ↑ "Deolinda Kinzimba: a diva angolana que conquistou Portugal". Conexão Lusófona (in Portuguese). 12 January 2016. Retrieved 5 October 2020
- ↑ "Deolinda Kinzimba: "Nada na vida acontece por acaso"". Flash.pt. 16 December 2016. Retrieved 5 October 2020
- ↑ "Deolinda Kinzimba canta original em português e mostra que é mais do que intérprete". The Voice Portugal (in Portuguese). 24 August 2016. Retrieved 5 October 2020
- ↑ Cardoso, Nuno (10 October 2016). "Ouça o "single" de estreia de Deolinda Kinzimba". Diário de Notícias (in Portuguese). Retrieved 5 October 2020.
- ↑ Palma, Goncalo (10 November 2017). "Taylor Swift nos lançamentos de hoje". Radio Comercial. Archived from the original on 14 October 2020. Retrieved 5 October 2020
- ↑ Salgado, Pedro (27 February 2018). "Crítica de Música: Deolinda Kinzimba". Sábado (in Portuguese). Retrieved 5 October 2020
- ↑ "DEOLINDA KINZIMBA MOSTRA O LADO SEXY". VIP.pt. 1 January 2019. Retrieved 5 October 2020