Desirée Cormier Smith
Desirée Cormier Smith ke moemedi wa puso wa mo America o o berekileng e le moemedi o o faphegileng wa tekatekano ya bong le tshiamo kwa lephateng la lefatshe, la United States go tswa ka Seetebosigo a le lesome le bosupa ngwaga wa 2022 go tsena Firikgong a le masome mabedi ngwaga wa 2025.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Cormier Smith o alogile kwa Stanford University ka degree ya Bachelor of Arts ya sepolotiki le tlhaloganyo le go tswa kwa Harvard Kennedy School ka Master of Public Policy.[1]
Tiro ya boemedi
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa ka 2010 go tsena 2012, Cormie Smith o ne a romelwa kwa ofising ya diteseletso tsa mesepele kwa ofising ya boemedi ya semolao kwa Tijuana. O ne a supa fa a itemogetse tlhaolele ya lotso le mmala, go tswa mo bakoping le babereki ba melelwane ba ba neng ba botsa ka lotso lwa gagwe le maemo.[2] O berekile ditiro tsa tlalelelso tsa mafatshe a sele kwa Aforika borwa le Washington D. C go tswa ka 2015 go tsena 2020, Cormier Smith e ne e le mookamedi mogolo wa Africa Practice kwa Albright Stonebridge Group.[1]
Moemedi o o faphegileng wa tekatekano ya lotso le tshiamo
[fetola | Fetola Motswedi]Cormier Smith ke motho wa ntlha go bereka mo ofising e, a filwe tiro ya go lwantsha kgethololo ya lotso le mmala mo lefatsheng ka bophara. E ne e le bontlha jwa barongwa ba ba neng ba ile US, baya monwana maitlamo a go leka gore go nne le tekatekano ya lotso le mmala le mafatshe a Mexico le Canada kwabokopanong jwa 2023 jwa baeteledipele wa America Bokone. Ka Tlhakole 2023, Comier Smith o ne a buisana le tona wa Brazil wa tekatekano ya ditso Anielle Franco, o a neng a batla go tlhamiwa sesha ga leano le le tlhakanetsweng ke mafatshe oo mabedi go fedisa kgethololo ya lotso morago ga kopo ya makgotla a mafatshe a batho bantsho ba Brazil. Ka Moranang 2024, o ne a emela United States kwa bokopanong jwa boraro jwa United Nations jwa batho ba Aforika. Ka Lwetse a le lesome le botlhano ngwaga wa 2025, Comier Smith o ne a re go thata go tsaya tshwetso ya go sa ithola marapo, ka go ema le Gaza.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phukwi ngwaga wa 2021, Comier Smith e ne e le moemisi kwa French Riviera kwa lonyalong lwa tsala ya gagwe, modiragatsi Issa Rae, le mogwebi Louis Diame.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Desirée Cormier Smith". US Department of State. Retrieved 09 December 2025
- ↑ Gramer, Robbie (Summer 2020). "The Difficult Role of America's Black Diplomats". Foreign Policy (237): 52–56.