Jump to content

Diamond Platnumz

Go tswa ko Wikipedia

Naseeb Abdul Juma Issack, o itsege e le Diamond Platnumz, ke moopedi wa kwa Tanzania wa moopelo wa bongo flava, Mmini, rrakgwebo le mothusa batho. Ke motlhami wa kompone ya WCB Wasafi ya baopedi, Wasafi Bet le Wasafi Media. Diamond o na le balatedi ba bantsi mo bogareng jwa Aforika le kwa botlhaba.[1] keene moopedi wa ntlha mo Aforika go tshwara millione di le 900 golebelelwa thata mo YouTube.[2]

Morago ga go nna le tumalano le kompone ya kopelo ya Universal Music ka 2017, Platnumz o ne a golola alobamo ya boraro ya A Boy from Tandale (2018).

Ka 2021, Diamond le kompone ya gagwe ya kopelo WCB Wasafi[3] ba ne ba tsena mo tumalanong le kompone ya Warner Music Group.[4][5]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O simolotse tiro ya gagwe ya mmino ka 2006 a le dingwaga di le 15 a ntse a rekisa diaparo. O ne a rekota dipina ka madi a a neng a a bona mo kgwebong ya diaparo mme kgabagare a rekota pina ya gagwe ya ntlha e e bidiwang "Toka Mwanzo", pina ya setso sa se-Bongo e e kopantsweng le R&B.[6]

Pina ya gagwe ya "Kamwambie ye e golotsweng ka 2010 ke yone ye e mmuletseng dikgoro .[6] Pina yeo e fentse dietsele tse tharo kwa Tanzania Music Awards.[7] o ne a golola alobamo ya Kamwambie gone gape ka 2010.

Ka 2014 , Platnumz o ne a nna mongwe wa bagaisani kwa BET Awards 2014 e le sa Best International Act: Africa. Platnumz o nna a ikgolagantse le motsaya dinepe tsa motshikinyego KennyFa a dira dipina tsa gagwe. pina ya gagwe ya "Waah", e ne e eteletswe pele ke Kenny, e ne ya nna ngwe ya motshikinyego o o thapileng kwa2021 All Africa Music Awards.[8][9]E na le 100 Million views mo YouTube, Waah ke ngwe ya ditshwantsho tsa motshikinyego tse di lebilweng thata kwa Tanzania mo YouTube.[10][11]

Ka ngwaga wa 2022, o ne a golola lenaane la gagwe la dipina tse 10 le le itsegeng e le First Of All (FOA) koo a neng a na le baopedi ba ba itsegeng jaaka Zuchu, Adekunle Gold, Focalistic le baopedi ba bangwe ba ba itsegeng ba Aforika.[12] First Of All e tlhalositswe e le motswako wa R&B, Bongo Flava le Afrobeats [13] mme go rotloetsa EP, Diamond Platnumz o ne a bontsha dibidio tsotlhe tsa kopelo go tswa go FOA EP kwa Cinema, e le lantlha go dirwa mo Tanzania.[14]

Ka 2023 Diamond Platnumz o ne a golola pina ya gagwe ya bobedi a ikgolagantse le moopedi wa ko Congo Koffi Olomide e nna kgolano ya bone ya bobedi morago ga pina ya Waah e gololwa ka 2020.[15][16]

Ka 2023, Diamond Platnumz o ne a fenya seetsele sa gagwe sa boraro sa MTV EMA e le motshameki wa difilimi yo o gaisitseng mo Aforika.[17][18][19]

  1. ↑ "Mastaa 20 wa burudani, michezo na urembo Tanzania wenye ushawishi mkubwa zaidi". bongo5. 26 April 2013.
  2. ↑ "Diamond Platnumz becomes first African artiste to hit 900 million views on Youtube". The Citizen Tanzania. 23 March 2020.
  3. ↑ "Diamond & WCB-Wasafi Ink Another Lucrative Deal with International Company (Photos)". Pulse Kenya (in Sekgoa). 18 May 2021. Retrieved 18 May 2021.
  4. ↑ "Warner Music Group Warner Music Announces Partnership with Diamond Platnumz and WCB-Wasafi". Warner Music Group Official Website (in Sekgoa). 18 May 2021. Retrieved 18 May 2021.
  5. ↑ "Warner Music partners with Diamond Platnumz | Complete Music Update". Archived from the original on 18 May 2021. Retrieved 18 May 2021.
  6. 1 2 "How Diamond Platnumz Became Tanzania's Biggest Star - The Citizen". The Citizen. 8 August 2021. Retrieved 8 August 2021.
  7. ↑ Neophytou, Nadia. "How Diamond Platnumz Became Tanzania's Biggest Star". Billaboard. Retrieved 8 June 2021.
  8. ↑ "Best African Video". www.afrima.org (in Sekgoa). Archived from the original on 27 October 2021. Retrieved 29 October 2021.
  9. ↑ "What Artists Are Nominated for All Africa Music Awards 2021". www.lifestyleuganda.com (in Sekgoa). 25 September 2021. Retrieved 12 October 2021.
  10. ↑ "Diamond Platnumz's Waah hits 100 million on YouTube". The Citizen (in Sekgoa). 11 February 2022. Retrieved 26 December 2023.
  11. ↑ "Africanews | Diamond Platinumz ft Koffi Olomide video song breaks Youtube record in Africa". Africanews (in Sekgoa). 20 January 2021. Retrieved 26 December 2023.
  12. ↑ "First Of All by Diamond Platnumz" (in en-US). 11 March 2022. https://ivorymp3.com/diamond-platnumz-first-of-all-album/.
  13. ↑ "Diamond Platnumz's "First of All" Album is a Concise and Sleek Take on Love - Afrocritik" (in Sekgoa). 21 March 2022. Retrieved 21 February 2023.
  14. ↑ "Diamond Platnumz To Premiere 10 Music Videos At The Cinema |Notjustok". Latest East African & Bongo Flava Music, Songs & Video - Notjustok (in American English). 18 March 2022. Retrieved 21 February 2023.
  15. ↑ BellaNaija.com (16 August 2023). "New Video: Diamond Platnumz feat. Koffi Olomide — Achii". BellaNaija (in American English). Retrieved 20 August 2023.
  16. ↑ "Diamond counters critics with Koffi Olomide studio teaser". Pulselive Kenya (in Sekgoa). 6 July 2023. Retrieved 20 August 2023.
  17. ↑ Folder, African (6 November 2023). "Diamond Platnumz, Rema Win Big At MTV EMA Awards 2023 (Full List Of Winners) | African Folder" (in American English). Retrieved 26 December 2023.
  18. ↑ "Diamond wins third MTV EMA award - Daily News" (in American English). 6 November 2023. Retrieved 26 December 2023.
  19. ↑ "Singer Diamond Platnumz outshines Nigerian stars at MTV Awards". TRT Afrika (in Sekgoa). 7 November 2023. Retrieved 26 December 2023.