Diana Kipyokei
Diana Chemtai Kipyokei (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e thola botlhano (5) ka ngwaga wa 1994) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. O ne a fenya kgaisano ya basadi kwa Istanbul Marathon wa ngwaga wa 2020 (2:22:06).[1]
2021 Boston Marathon le thibelo ya diokobatsi
[fetola | Fetola Motswedi]Kipyokei o ne a fetsa pele mo lobelong lwa basadi kwa Boston Marathon wa ngwaga wa 2021 (2:24:45) ka kgwedi ya Phalane e le lesome le bongwe (11) ngwaga wa 2021.[2]
Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2022, Athletics Integrity Unit e ne ya itsise gore o ne a tlhatlhobetswe triamcinolone acetonide mo tekong e e neng ya dirwa morago ga phenyo ya gagwe. O ne a kgaolwa nakwana mo tirong ka ntlha ya teko eno e e neng ya supa gore o na le bolwetse jono le ka ntlha ya go kgoreletsa thulaganyo ya go laola tiriso ya diokobatsi. Boston Athletic Association e ne ya itsise gore, fa go santse go letilwe boikuelo, o ne a tla amogwa sereto sa gagwe, mme maemo le madi a sekgele a ne a tla fetolwa.[3]Ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi (20), go ne ga itsisiwe gore Diana Kipyokei o ne a ileditswe dingwaga di le thataro le go amogwa sereto sa gagwe sa Boston Marathon, mme dipholo tsa gagwe di ne tsa kgaolwa go tloga ka kgwedi ya Phalane e le lesome le bongwe (11) ka ngwaga wa 2021 go ya pele. [4]
Mokwalo wa leina
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga malatsi a le mararo pele ga Marathone wa Boston wa ngwaga wa 2021, Diana o ne a bolelela balaodi ba lobelo gore o rata go peleta Kipyokei go na le Kipyogei. Le fa go ntse jalo, kopo ya gagwe e ne ya dirwa morago ga gore a gatisiwe le Kipyogei.[5]
Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe
[fetola | Fetola Motswedi]- 10 kilometres – 30:23 (Prague 2018)
- Half marathon – 1:07:07 (Valencia 2018)
- Marathon – 2:22:06 (Istanbul 2020)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Diana Kipyogei Of Kenya Wins Boston Marathon Women's Race". CBS Boston. 11 October 2021. Retrieved 11 October 2021.
- ↑ Mather, Victor (11 October 2021). "Diana Kipyogei of Kenya wins the women's race of the Boston Marathon". The New York Times. Retrieved 11 October 2021.
- ↑ "Diana Kipyokei could lose 2021 Boston Marathon title over banned substance". ESPN. 14 October 2022. Retrieved 14 October 2022
- ↑ "Diana Kipyokei stripped of 2021 Boston Marathon title". AW. 20 December 2022. Retrieved 20 December 2022
- ↑ McCarthy, Lauren (11 October 2021). "Boston Marathon Highlights: Benson Kipruto and Diana Kipyokei Win After a Lost Year". The New York Times. Retrieved 12 October 2021