Diana Sigei Chepkemoi
Diana Sigei Chepkemoi (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane ele lesome le bone,ngwaga wa 1987) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo metshamekong ya marathone lesephato sa metshameko ya marathone.
Chepkemoi o tsholetswe kwa Kenya ka ngwaga wa 1987. Monna wa gagwe e bong Henry le morwarraagwe e bong Salim Kipsang, ka bobedi jwa bone ke batabogi. Ene le monna wa gagwe ba na le morwa mme ba nna kwa Eldoret. Mogokgo wa gagwe ke motabogi wa kwa Kenya yo o tlogetseng tiro Patrick Sang mme ke ene mosadi a le esi yo o katisang mo setlhopheng kwa Kaptagat [1]gaufi le Great Rift Valley kwa Kenya.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2010, o ne a tsaya maemo a ntlha a le mararo mo mafelong a a farologaneng kwa Austria, Fora le Netherlands. [2]Chepkemoi o ne a itsege thata fa a ne a fenya maemo a borataro kwa Dubai Marathon le maemo a bone kwa Toronto Marathon ka 2011. O ne a tsaya maemo a bobedi kwa Amsterdam mo sekgaleng sa dikilometara di le lesome ka nako ya 52:46, mme a nna wa bobedi kwa Berlin mo sekgaleng sa dikilometara di le masome a mabedi le botlhano.[1]
Ka ngwaga wa 2012, o ne a nna mofenyi wa bobedi kwa Lisbon le Lille Half Marathons. O ne a fetsa a le mo maemong a bone mo Amsterdam Marathon mme a le mo maemong a botlhano mo Boston Marathon ka letsatsi le le mogote thata.[1]Ka ngwaga wa 2013, o ne a nna mofenyi wa bobedi mo Jakarta Marathon mme a fenya halofo ya marathon ya Lille. [2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Diana Sepei Chepkemoi, BAA.org, 2013, Retrieved 3 February 2016
- 1 2 Diana Sigei, ARRS, Retrieved 3 February 2016