Jump to content

Diane Bellemare

Go tswa ko Wikipedia

Diane Bellemare (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Phalane e le lesome le boraro (13),ka ngwaga wa 1949) ke moitseanape wa ikonomi wa Canada le leloko la palamente go tswa kwa Quebec, yo o neng a tlhomiwa go nna mo Senateng ya Canada ka kgwedi ya Lwetse e le borataro (6), ka ngwaga wa 2012 mme a direla go fitlha a fitlha mo dingwageng tsa go rola tiro tse di gapelediwang tsa 75 ka kgwedi ya Phalane e le lesome le boraro (13),ka ngwaga wa 2024[1].

Go tloga ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2007, o ne a dira ditiro tsa bokhuduthamaga le Conseil du patronat du Québec, go akaretsa le Motlatsamoporesidente yo Mogolo le Raikonomi yo Mogolo go tloga ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2006 go fitlha ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2007.[2]

Bellemare o ne a tlhomiwa mo Senateng ke Mmusisi-Kakaretso David Johnston ka kgakololo ya ga Tonakgolo Stephen Harper mme a nna jaaka leloko la lekoko la Conservative la Canada go fitlha ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2016 fa a ne a rola tiro go nna jaaka Moikemedi. Ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2016, o ne a tlhomiwa go nna Motlatsa Moemedi wa Puso kwa Senateng ke Moemedi wa Puso Peter Harder.[3]

Ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le bonne (14), ka ngwaga wa 2019, ka lone letsatsi le Lekgotla la Senate la Liberal le neng la phatlaladiwa ka lone mme la tlhatlhangwa ke Setlhopha sa Senate sa Kgatelopele, Senator Bellemare o ne a tlogela maemo a gagwe mme a tsenela ISG.[4][5]

Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bosupa (17),ka ngwaga wa 2021, Senator Bellemare o ne a nna leloko la Setlhopha sa Senate sa Kgatelopele.[6]

  1. "New Conservative senator warns EI reform will drive down wages". The Globe and Mail, September 7, 2012
  2. Le CPQ remercie Diane Bellemare pour sa contribution à l’organisme, April 23, 2007 Archived July 6, 2011, at the Wayback Machine
  3. "Liberals' New Senate Positions Dismissed As 'Word Games'". HuffPost Canada. 2016-05-04. Retrieved 2018-12-21
  4. Bellemare, Senator Diane (14 November 2019). "The 43rd Parliament will begin soon and it's time for me to pass the torch. It has been a privilege to carry out the functions of Legislative Deputy in the GRO during this historic period of modernization. A special thank you to @SenHarder and @SenMitchell for their support". Twitter. Retrieved 14 November 2019
  5. "Senators List". Senate of Canada. Retrieved 14 November 2019.
  6. Bellemare, Senator Diane (17 September 2021). "Sharing a similar vision of a modernized Senate, I join today the @Prog_Senat". Twitter. Retrieved 18 September 2021