Dijo tsa Setswana,Botswana

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Dijo tsa Setswana)
Pap, also known as Ugali, and cabbage. The pap is the ball of cooked maize flour (top).
Buckets of samp, dried corn kernels that have been stamped and chopped until broken, but not as fine as Mielie-meal or mielie rice.

Dijo tsa lefatshe la Botswana di kgethegile le fa di na le mekgwa mengwe e e tshwanang le dijo tsa mafatshe a mangwe a mo Borwa jwa Aferika. Dikai di akaretsa phaletshe,setampa,magwinya le phane. Dijo tse di kgethegile sa lefatshe la Botswana di akaretsa seswaa,nama e e lokilweng thata e bo e thugiwa.

Metswako[fetola | Fetola Motswedi]

Mebaraka ya Botswana e tletse ka mefuta e le mentsi ya dijo. Dingwe di lemilwe gone mo Botswana go dirisiwa temo ya nosetso fa tse dingwe di tsewa kwa mafatsheng a baagisane. Nama ya selekanyo se se kwa godimo le boleng jwa bo kgatlhisang e dirwa mo Botswana. Nama ya nku, koko le dinama tse dingwe di dintshi thata. Nama ya kgomo ke yone nama e e tlwaelesegileng thata e latlelwa ke ya podi. Tlhapi ya noka le yone ke nngwe ya dijo tsa Botswana.

Mabele le mmidi ke tsone dimela tse thata di lengwang mo Botswana. Borotho le raese le mefuta e mengwe ya dijo tsa losika lwa raese kgotsa borotho ga dilengwe mo gae di tswa kwa mafatsheng a sele. Mefuta e le mentshie ya dinawa e lengwa mo gae, e tshwana le cow peas, ditloo, and letlhodi. Manoko le o ne a lengwa mono. Merogo e le mentsi e lengwa mono e tshwana le spinach, carrots, cabbage, dikwii, matapole, ditamati, dipotata le lettuce.

Go na le merogo e e tlhogang ,mo sekgweng e e nnang teng ka dipaka dingwe. Morogo wa dinawa ke dijo tsa setswana tse di tlwaelesegileng thata.

Go nna le maungo a le mantsi mo lefatsheng la Botswana a a akaretsang morula. Go dumelwa fa magapu a tlholegile mo lefatsheng la Botswana mme nna mantsi ka paka ya one. Mefuta e mengwe ya magapu e akaretsa lerotse kgotsa lekatane le le lone le lemiwang mono. Go nna le mefuta e mengwe ya magupa a naga a a tlhogang mo mafelo a a metlhaba e bile a le dikaka a le botlhokwa mo banning ba dikgaolo tse ka ba a dirisa e le dijo e bile gape e le metsi. Bontsi jwa merogo e bonwa ka dipaka dingwe mme ebile e a omelediwa kgotsa e lokiwa e le tsela ya go e itsa go senyega. Go nna le metlhale e le mentsi ya go apaya merogo e e omeleditsweng e.

Dijo tse di itsegeng thata[fetola | Fetola Motswedi]

Vetkoek, a pastry, with mince
Location of Botswana
A mopane Worm

Seswaa kgotsa Chotlho ke nama ya setswana e e apewang mo medirong e e kgetlhegileng. Gantsi e apewa ke borre mo pitsaneng e e maoto mararo kwa leisong,e apewa ka leswai le metsi fela mo molelong o o kwa tlase go fitlhale le butswa thata e bo e nna boruma. Dijo tse dingwe tse di itsegeng thata ke serobe;mala la dirwe tsa podi,nku kgotsa kgomo tse di apeilweng go fitlhelela di nna boruma.Fa phologolo e le nku kgotsa podi tlhako e apewa le tsone.

Go dumelwa fa koko ya setswana e gaisa ya kgodiso ka seatla ka tatso. Go apaela moeng koko ya setswana go dira gore a ikutlwe a amogelesegile. Go e apeela mo pitsaneng e e maoto mararo go e e efa tatso ya maemo a a kwa godimo.

Motogo kgotsa bogobe bo apewa ka go faga bopi jwa mabele,jwa phaletšhe kgotsa jwa lebelebele,mme o fudue ka bonya ka bonya go fitlhelela go lowa. Nako tse dingwe bopi jwa mabele kgotsa jwa phaletšhe bo a bidisiwa bo bo bo jerwa ka maši le sukiri. Dijo tse di bidiwa ting. Ko ntleng ga maši le sukiri,ting e ka jewa ka nama le mrogo e le dijo tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa. Tsela e ngwe ya go apaya bogobe ke go bo tsenya madila le lerotse. Dijo tse di bidiwa tophi ke morafe wa baKalanga.

Bopi jwa borotho ke ngwe ya dijo mme bone bo nna le dingwaga bo ntse bo rekiwa go tswa mo mafatsheng a sele.Go nna le mefuta e mentsi ya go apaya borotho e e setseng e itsege lefatshe ka bophara. The most common are dumplings (matemekwane), flat cakes (diphaphatha) and fat cakes (magwinya). Mo go se boupi jwa borotho bo a dubiwa e bo bo apewa ka ditsela tse difarologaneng ditshwana le go bo bidisa le nama, go bo apaya ka mafura a molelo kgotsa magala.

Dijo tse di itsegeng thata mo mafelong a dikgaolo a akaretsa morama, kungwa e ka fa tlase ga lefatshe e e jewang mme e baka malwetsinyana..[1] Phane ke seboko se kima se se batileng go tshwana le seboko se ka teme ya sekgowa se bitswang caterpillar se se apewang ko magala a molelo, go bediiwa le go gadikiwa[2]

Dino[fetola | Fetola Motswedi]

Dino tsididi le bojalwa ka bontsi di dirwa ke madirelo a Botswana tse di akaretsa Fanta le Coca-Cola. Local brands ke Castle le Lion beers. Masi a remisiwa go dira madila (sour milk) a a kgonang go nowa e le o ne fela kgotsa a tsenngwa mo motogong. Seno se se rategang se se itiretsweng mo lwapeng e se bojalwa ke gemere.

Dino tse dingwe tsedi rategang ke Khadi, Chibuku, Setopoti le Tipi ya mokwatla.

Dijo tsa Magwera[fetola | Fetola Motswedi]

Basimane ba ne ba a ja bogobe jo bo tswang kwa magabone. Borrabasimane kgotsa bomalomaabasimane ba ba tswang kwa metseng e e kgakala ba ne ba romela dikgetsi tsa mabele kwa kgosing ya motse o o rupisang, mme go bonwe ba ba ka ba apeelang. Ba motse bone ba ne ba apeelwa ke bommaabo, ka dipitsa tse di kgethegileng, le maiso a a lebaganyeng bone fela. Fa go ne go rupa leitibolo, batsadi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go ja bogobe jo a bo apeetsweng, go twe ba ka mo tshereanya.

Fa bogobe jwa gagwe bo budule, bo, tsholelwa mo mogopong o a tlholang a jela ka one fa a le mo gae. Bo tshwanetse go tsholwa le go isiwa bo sa le bolelo. Go ne go isiwa dijo gabedi ka letsatsi mo mosong, fa dikgomo di bolola; le mo maitseboeng, fa di goroga.

Basadi ba kgoro e le nngwe ba ne ba tsamaya mmogo, mme ba fete ba eme fa setlhareng se ba tla beng ba laetswe go letela fa go sona. Magobe a a feta a tsewa ke bagokane/makgajane, ba ye go a ntsha, mme ba buse megopo e. Basadi ba fa ba tsena kwa gae ba tlhatswa megopo e, mme ba e beele kwa thoko. E ne e le moila gore bana ba e kgome, kgotsa ba e dirise.

Basadi ba ne ba ka nna ba tsisa bojalwa, fa bo le teng, mme bo ne bo nowa ke banna ba bagolo fela, e seng magwera kgotsa badisa ba bona. Legwetla fa le le teng le lona le ne le amogelesega, mme e le la banna fela.

Rramosimane kgotsa malomaagwe o ne a ka ntsha kgomo kgotsa podi, gore e tlhabelwe magwera. Fa e sena go begwa kwa go ‘mogokgo’ e neelwa bagokane go e tlhaba, mme e jewe ke ba kgoro ya yo o tlhabisitsweng. Kgosi le yona e ne e a tle e ntshe dikgomo kgoro nngwe le nngwe e bona kgomo. Kgomo nngwe le nngwe fa e sena go ralwa e tshwarwatshwarwa ke ngaka; e dire moswang wa yona, e be e kgatshe nama yotlhe ka metswako ya yona. Se se ne se direlwa gore fa e ka re bosigo mongwe a re o tla go tlopola moswang o, di ye nae.

Pele ga basimane ba a ja ba ne ba tlhapa diatla, mme ba je ka go tlhakanela. Fa ba fiwa nama ba ne ba ema ka go tlhomagana, mme e re mongwe le mongwe a ntse a abelwa jaana, a ete a logediwa ka thupa.

Bogobe Jwa Lerotse[fetola | Fetola Motswedi]

Bogobe jwa lerotse ke mofuta o mongwe wa dijo tsa Setswana. Bogobe jwa lerotse fela jaaka dijo dingwe le dingwe, bo apeelwa go jewa ke batho botlhe. Go le gantsi, bogobe jwa lerotse bo jewa thata ka dinako tsa letlhafula ka e le dijo tse di lemiwang kwa masimo ka nako ya dipula. Jone bo apewa jaana; Moapei o simolola ka go kgabetlelela lekatane mo pitseng. A pharanye metsi a se kae. A lete metsotso e le masome mabedi gore lekatane le butswe. Fa lekatane le sena go butswa, o ka faga boupi jwa mabele mo lekataneng le le budulweng wa fetlha go thuba mangope mo bogobeng. O bo o leta metsotso e le lesome gore boupi le jone bo butswe. O ka pharanya lebese fa o batla go tiisa tatso ya bogobe jwa gago. Jaanong o ka tsholela ba lelwapa la gago bogobe jwa lerotse go kganela ramatheka[1].

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Dijo tsa Afrika


Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Archive copy". Archived from the original on 2016-03-20. Retrieved 2013-11-27.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)

Tempolete:Cuisine of Africa Tempolete:Cuisine