Jump to content

Dikakana

Go tswa ko Wikipedia
Warts
Maina a mangweVerrucae,[1] papillomas[2]
A large number of warts on the big toe
SpecialtyDermatology
DikaiPainless, small, rough skin growth[1][3]
DurationMonths to years[1]
CausesHuman papillomavirus[1]
Risk factorsPublic showers, eczema[3]
Differential diagnosisCallus, seborrheic keratosis, squamous cell carcinoma[4]
TreatmentSalicylic acid, cryotherapy[1]
FrequencyVery common[2]

Dikakana gantsi ke dimela tse dinnye, tse di makgwakgwa, tse di thata tse di tshwanang ka mmala le letlalo lotlhe.[1][3] Gantsi ga di felele ka dikai dipe ntle le fa di le kwa tlase ga dinao, kwa di ka nnang botlhoko gone.[3] Le fa gantsi di tlhagelela mo diatleng le mo maotong, di ka ama gape le mafelo a mangwe.[1] Go ka nna ga tlhagelela kakana e le ngwe kgotsa di le dintsi.[3] Ga di na kankere.[3]

Dikakana di bakwa ke go tshwaediwa ke mofuta mongwe wa mogare wa papilloma wa motho (HPV).[1] Dintlha tse di oketsang kotsi di akaretsa tiriso ya made ko a botlhapelo tsa botlhe, go Amanda le nama, eczema le masole a mmele a a bokoa.[1][3] Go dumelwa fa mogare ono o tsena mo mmeleng ka letlalo le le senyegileng go se kae.[1] Go na le mefuta e le mmalwa, go akaretsa " dikakana tse di tlwaelegileng ", dikakana tsa maoto, " dikakana tsa filiform ", le dikakana tsa bong.[3] Dikakana tsa bong gantsi di tshelanwa ka thakanelo dikobo.[5]

Fa go sa alafiwe, bontsi jwa mefuta ya Dikakana e rarabologa mo dikgweding go ya go dingwaga.[1] Dikalafi di le mmalwa di ka itlhaganedisa tharabololo go akaretsa esiti ya salisiliki e e tshasiwang mo letlalong le kalafi ya setsidifatsi.[1] Mo bathong ba ba itekanetseng sentle, gantsi ga di felele ka mathata a marina.[1] Kalafi ya dikakana tsa bong e fapana le ya mefuta e meng.[3]

Dikakana di tlwaelegile thata, ka bontsi jwa batho ba tshwaetsega ka nako nngwe mo matshelong a bone.[2] Seelo se se fopholediwang sa ga jaana sa dikakana tse di seng tsa bong mo bathong ka kakaretso ke 1-13%.[1] Di tlwaelegile thata mo basheng.[1] Seelo se se fopholediwang sa dikakana tsa bong mo basading ba ba tlhakanelang dikobo ke 12%.[5] Dikakana di tlhalositswe go tloga ka 400 BC ke Hippocrates.[4]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 15 Loo, SK; Tang, WY (12 June 2014). "Warts (non-genital)". BMJ Clinical Evidence. 2014. PMC 4054795. PMID 24921240.
  2. 1 2 3 "Papillomas (Warts) – National Library of Medicine". PubMed Health. Archived from the original on 2017-09-10. Retrieved 2016-11-06.
  3. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 "Warts: Overview". U.S. National Library of Medicine. 30 July 2014. Archived from the original on 10 September 2017. {{cite journal}}: Cite journal requires |journal= (help)
  4. 1 2 Bope, Edward T.; Kellerman, Rick D. (2012). Conn's Current Therapy 2012 (in Sekgoa). Elsevier Health Sciences. p. 275. ISBN 978-1455733057. Archived from the original on 2016-11-07.
  5. 1 2 W Buck, Henry (13 August 2010). "Warts (genital)". BMJ Clinical Evidence. 2010. PMC 3217761. PMID 21418685.