Dikhuduego tsa kwa Los Angeles ka 1992
Dikhuduego tsa kwa Los Angeles tsa 1992 (tse gape di bidiwang Tsogologo ya 1992 ya Los Angeles)[1] e ne e le motseletsele wa dipheretlhego le dikhuduego tsa selegae tse di neng tsa diragala kwa Los Angeles County, California, Amerika, ka Moranang le Motsheganong 1992. Khuduego e simolotse kwa bogare jwa borwa jwa Los Angeles ka Moranang a le masome mabedi le boferabongwe, morago ga basekisi ba sena go golola mapodisi a le mane a Lephata la Sepodise la Los Angeles (LAPD) ba ba neng latofaditswe ka go dirisa maatla a a feteletseng mo go tshwareng le go ketekweng ga ga Rodney King. Tiragalo eno e ne e tserwe ka sekapaditshwantsho ke George Holliday, yo o neng a lebile tiragalo eo, mme e ne ya gasiwa thata mo dikgannyeng tse di farologaneng le mo metsweding ya dikgang e e farologaneng.
Tshimologo
[fetola | Fetola Motswedi]
Sepodisi kwa Los Angeles
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga go gololwa ga setshwantsho sa ga Rodney King, baeteledipele ba setshaba ba merafe e e mmalwanyana kwa Los Angeles ba ne ba ngongorega gangwe le gape ka tlhoriso le tiriso ya dikgoka tse di feteletseng kgatlhanong le baagi ba bone ke mapodisi a Los Angeles (LAPD).[3] Daryl Gates, Molaodi wa LAPD go tloga ka 1978 go ya go 1992, o ne a lebisiwa boikarabelo jwa dikhuduego. Go ya ka patlisiso nngwe, "tirisodikgoka e e tlhabisang ditlhong ya tlhaolele... e ne ya tshwaya LAPD ka fa tlase ga boeteledipele jo bo bogale jwa ga Gates." Ka fa tlase ga ga Gates, LAPD e ne e simolotse Operation Hammer ka Moranang 1987, e e neng e le kgatelelo e kgolo ya sesole kwa Los Angeles.
Tshimologo ya Operation Hammer e ka latelwa go ya kwa Metshamekong ya Olimpiki ya 1984 e e neng e tshwaretswe kwa Los Angeles. Ka fa tlase ga kaelo ya ga Gates, LAPD e ne ya atolosa go tshwara makgamu ka nako ya Metshameko ya Diolimpiki. Seno se ne sa tsenngwa tirisong mo dikgaolong tse di farologaneng tsa toropokgolo, segolobogolo kwa borwa jwa bogare le botlhaba jwa Los Angeles, mafelo a batho ba le bantsi ba ba nnang mo go one. Fa Metshameko e sena go fela, toropo e ne ya simolola go tsosolosa tiriso ya melao ya pele e e kgatlhanong le mekgatlho ya badirimmogo le melao e e kgatlhanong le di-syndicalist go boloka molao wa tshireletsego e e simolotsweng ya Metshameko ya Olimpiki. Mapodise a ne a tshwara basha ba Ba MaAforika a Amerika ba le bantsi. Dingongorego tsa baagi kgatlhanong le bosetlhogo jwa sepodisi di oketsegile ka 33% mo pakeng ya 1984–1989.
Ka 1990 batho ba feta dikete tse masome matlhano, bontsi jwa bone e ne e le banna ba bannye, ba ne ba tshwerwe mo ditlhaselong tseo. Batshwayadiphoso ba boletse gore tiro eno e ne e tlhotlhelediwa ke letso ka gonne e ne e dirisa go tlhaola batho ka lotso, e lebile basha ba Maaforika a Amerika le ba Mexico ba Amerika. Maikutlo a gore mapodisi a ne a tlhasela baagi ba e seng basweu a ka tswa a ne a tsenya letsogo mo bogaleng jo bo neng jwa tsoga mo dikhuduego tsa 1992.
Khuduthamaga ya Christopher moragonyana e ne ya swetsa ka gore "palo e kgolo" ya babereki ba LAPD "ba dirisa dikgoka tse di feteletseng kgatlhanong le setshaba mme ba tswelela ba itlhokomolosa dikaelo tse di kwadilweng tsa lephata malebang le dikgoka". Tlhaolele e e amanang le letso, bong le tshekamelo ya thobalano e ne ya fitlhelwa e le ka metlha e ne ya nna le seabe mo tirisong ya dikgoka tse di feteletseng tsa LAPD.[4] Pego ya khuduthamaga e ne ya kopa gore go emisetswe Molaodi Daryl Gates le Khuduthamaga ya Sepodisi sa mo gae.[4]
Ditlamorago
[fetola | Fetola Motswedi]
Morago ga dikhuduego di bepa, dipatlisiso di ne tsa dirwa ke Khuduthamaga ya Sepodisi ya toropo, e eteletswe pele ke William H. Webster (mogakolodi yo o kgethegileng), le Hubert Williams (motlatsa-mogakolodi yo o kgethegileng, tautona wa motheo wa Sepodisi). Diphitlhelelo tsa patlisiso e, The City in Crisis: A Report by the Special Advisor to the Board of Police Commissioners on the Civil Disorder in Los Angeles, e e itsegeng gape jaaka Webster Report kgotsa Webster Commission, e ne ya gololwa ka Phalane a le masome mabedi le motso, 1992.
Mogolwane wa sepodisi sa LAPD Daryl Gates, yo o neng a bone motlhatlhami wa gagwe Willie L. Williams a bidiwa ke Khuduthamaga ya Sepodisi malatsi pele ga dikhuduego, o ne a patelesega go tlogela tiro ka Seetebosigo a le masome mabedi le boferabobedi, 1992. Mafelo mangwe a toropo a ne a bona ditumalano tsa nakwana magareng ga ditlhopha tsa Crips le Bloods, gammogo le magareng ga ditlhopha tsa Latino tse di gaisanang, tse di neng tsa tlhotlheletsa dipelaelo magareng ga batlhankedi ba LAPD gore tumalano e ne e tlile go dirisiwa go kopanya digongwana kgatlhanong le lephata.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Danver, Steven L., ed. (2011). "Los Angeles Uprising (1992)". Revolts, Protests, Demonstrations, and Rebellions in American History: An Encyclopedia, Volume 3. Santa Barbara, Calif.: ABC-CLIO. pp. 1095–1100. ISBN 978-1-59884-222-7. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
- ↑ "The Final Report: The L.A. Riots", National Geographic Channel, aired on October 4, 2006, 10 pm EDT, approximately 38 minutes into the hour (including commercial breaks).
- ↑ "Violence and Racism Are Routine In Los Angeles Police, Study Says". www.nytimes.com. July 10, 1991. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
- ↑ 4.0 4.1 Reinhold, Robert (May 3, 1992). "Riots in Los Angeles: The Overview; cleanup begins in los angeles; troops enforce surreal calm". The New York Times. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
- ↑ Terry, Don (May 12, 1992). "After the Riots: Hope and Fear in Los Angeles As Deadly Gangs Call Truce". The New York Times. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.