Dinah Elizabeth
Dinah Elizabeth, Lady Pearce (née Sowter; o tshotswe ka ngwaga wa 1836 abo a thokafala ka ngwaga wa 1918) e ne e le motho yo o ratang go thusa ba bangwe wa kwa Boritane, yo o neng a itsege ka go aga The Pearce Institute kwa Govan go solegela setšhaba sa lefelo leo molemo.
Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Dinah Elizabeth Sowter o tsholetswe kwa Kent, morwadia Robert Sowter, yo e neng e le morekisi wa dijo. [1]Ka ngwaga wa 1861 o ne a nyala William Pearce, yo e neng e le moenjenere e bile e le moagi wa dikepe. Ngwana wa bone wa mosimane, William George Pearce, o ne a tsholwa ka one ngwaga oo. [2]Ba ne ba nna kwa Govan mme ba nna mo ntlong ya ga John Elder ka dingwaga di le dintsi. Go tswa foo ba ne ba fudugela kwa Wemyss Bay e e kwa tlase kwa lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa Scotland.
E re ka e ne e le mosadi wa monna yo o atlegileng, o ne a tshwanetse go nna a amogela baeng ka metlha mme o ne a sa letle gore maemo a gagwe a a tlotlegang a mo thibele go nna le seabe mo matshelong a batho ba ba tlwaelegileng ba kwa Govan. O ne a dumela go fitlha a swa gore batho ba ba berekang ba ne ba swabisitswe ke puso. Monna wa gagwe o ne a nna Mopalamente wa Govan ka ngwaga wa 1885 mme a nna baronet dingwaga di le pedi moragonyana. Sir William o ne a le mo setlhoeng sa tiro ya gagwe mme ka nako eo o ne a setse a le mong wa Fairfield Shipyard Company e ka nako eo e neng e le moeteledipele wa lefatshe. O gakologelwa thata ka go nna le seabe mo go thuseng go tlhoma porojeke e e itsegeng thata ya 'Fresh-Air-Fortnight' e e neng ya naya bana ba ba lwalang tshono ya go nna le malatsi a boikhutso gantsi kwa lewatleng mme gape le kwa nageng go ba thusa go fola. O ne a tlhophiwa go nna leloko la lekgotla la sekolo la Govan Parish ka ngwaga wa 1885 [3]mme ka nako eo o ne a buelela kemedi ya basadi mo makgotleng a sekolo. Go ne ga buiwa jaana ka Lady Pearce, "Setšhaba sengwe le sengwe se ne se tshela sentle fa go ne go na le 'Moengele yo o Molemo' mo kgaolong, yo o neng a na le pelo e e ratang go aba e bile a iketleeditse go thusa go tsweledisa pele dilo tse batho le kgaolo ba di kgatlhegelang".[4]
Fa William Pearce a ne a tlhokafala ka 1888, Lady Pearce o ne a rua dithoto tsa boleng jwa diponto di le milione.
Tiro ya go thusa ba bangwe
[fetola | Fetola Motswedi]Lady Pearce o ne a na le botsalano jo bo tiileng le Margaret Macgregor, [5]mme a thapa Margaret jaaka mookamedi wa mosadi wa Fairfield Works Mission, eo ntlokgolo ya yone e neng e le kwa Harmony Row. Lady Pearce o ne a tsenelela thata mo bodumeding ka ntlha ya botsala jwa gagwe le Margaret. Fela jaaka Margaret, o ne a sa tseye letlhakore mo ditirong tsa gagwe tsa bopelotshweu mme o ne a ntsha meneelo kwa dikerekeng tsotlhe. Morago ga loso lwa ga Margaret, Lady Pearce o ne a dira gore go agiwe kereke ya segopotso sa Margaret, Margaret Macgregor Memorial Church.[4]
Ka ngwaga wa 1906, Lady Pearce o ne a aga Pearce Institute [6] [7]jaaka mpho go batho ba Govan le go gopola monna wa gagwe. Kago e ne e dirilwe ke Sir Robert Rowand Anderson. Maikaelelo a setheo sa tshimologo e ne e le go tshegetsa loago le boitekanelo jwa setšhaba, go tlamela ka ditlamelo tsa boitapoloso, boitapoloso le thuto. [8]Seno se ne se akaretsa lefelo la go ikatisa, diphaposi tsa go bala, le di-workshop. [9]Ke kago ya A-listed e e nang le holo ya botlhe, laeborari le diphaposi tse dingwe. O ne a tshegetsa letlole la Govan Press ka bopelotshweu mme o ne a amegile ka boitekanelo jwa masole, bana ba ba golafetseng le mongwe le mongwe yo o neng a boga. O ne a tswelela go kgatlhegela tiro ya Pearce institute go fitlha a thokafala.
O itsege gape ka go tlogela mpho mo thulaganyong ya gagwe ya go tshegetsa St John's College, Durham.[10]
Loso
[fetola | Fetola Motswedi]Lady Dinah Elizabeth Pearce o ne a tlhokafala kwa legaeng la gagwe kwa Wimbledon ka kgwedi ya Motsheganong ale borataro (6) ka ngwaga wa 1918, a le dingwaga di lemasome a boferabobedi le bongwe ( 81). Dithoto tsa gagwe tse dintsi di ne di akaretsa e le nngwe e e neng e ya kwa go Mobishopo wa Chelmsford, ka '£150 ka ngwaga go fitlha kwa bokhutlong jwa ntwa ya ga jaana go tlhokomela sethuthuthu sa gagwe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Kent Baptisms" (PDF). 30 November 1836. p. 208. Retrieved 4 July 2020
- ↑ "Kent Marriages And Banns" (PDF). 22 January 1861. p. 56. Retrieved 4 July 2020.
- ↑ "School Board Elections: Govan". Glasgow Herald. 27 April 1885. p. 8
- 1 2 "Death of Lady Pearce – Govan's Lady Bountiful – A Discerning Philanthropist". Govan Press. 10 May 1918
- ↑ Ewan, Elizabeth L.; Innes, Sue; Reynolds, Sian; Pipes, Rose (8 March 2006). The Biographical Dictionary of Scottish Women. Edinburgh University Press. ISBN 9780748626601.
- ↑ "Sketch of Pearce Institute". Scotcities. Retrieved 2 July 2016.
- ↑ "Home - Pearce Institute". Pearce Institute. Retrieved 2 July 2016.
- ↑ "Pearce Institute (PI)". Scottish Community Alliance. Retrieved 4 July 2020
- ↑ "The Pearce Institute | Get Into Govan". getintogovan.com. Retrieved 4 July 2020.
- ↑ Whiting, C.E. (1932) The University of Durham 1832-1932. (London: The Sheldon Press) pp.173-174