Dinaledi
Ponalo

Dinaledi ke dikgolokwe tse dikgolo tse di phatsimang mo loaping. Dinaledi di fitlwelwa mo loaping. Gona le tse di bopang tsela nngwe di bidiwa masomosomo a dinaledi. Seno se farologane le setlhopha sa dinaledi se se bidiwang losagaripa, se se nang le dimilione le dibilione tsa dinaledi tse di nang le dipolanete tsa tsone. Gantsi batho ba ne ba leba masomosomo a dinaledi e le diphologolo, modimo kgotsa badimo e ba ba nang le dipolelo tsa bone (ka gonne legodimo le Lefatshe di ne di tsewa di farologane). [1]Ditlhopha dingwe tsa dinaledi tse di tlwaelegileng, tse di bonalang motlhofo ka matlho kwa loaping lo lo kafa borwa ke:
- Dithutlwa ke dinaledi e e thusang go ya kwa borwa. Go dumelwa gore dinaledi tse di mo letshwaong leno ke tsa ditshukudu tse di namagadi mme dinaledi tse di phatsimang tse di mo sefapanong ke tsa ditshukudu tse di tonanyana.
- Dikolobe ke dinaledi tse tharo tse di phatsimang tse di mo moleng o mokhutshwane tse go neng go dumelwa gore ke di kolobe tsa naga.
- Kgogamasigo ke naledi e e phatsimang go di gaisa tsotlhe, e e bapileng le Orion mme e bonala thata mo loaping la mo mosong ka Phukwi. Totatota go raya gore "Molebedi wa masigo", go bona naledi eno go supa gore go setse go le lotlatlana.
- Naka ke naledi ya bobedi e e phatsimang thata mo loaping lwa borwa, e e tlhagang go ela kwa bokhutlong jwa Moranang, e supa go simologa ga paka ya mariga. Banna ba ne ba tla nna ba lebeletse gore e tla tlhaga leng la ntlha mme motho wa ntlha yo o neng a tla e bona o ne a tla letsa lonaka. Go ne go dumelwa gore seno se tla ba tlisetsa masego a magolo.
- Selemela ke setlhopha sa dinaledi di le thataro kana di le supa tse di phatsimang thata se ne se itsiwe gore se ne se bonwa mo e ka nnang ka nako ya fa mmu o ne o tshwanetse go lengwa (kwa bokhutlong jwa Seetebosigo) mme se ne se tshwantshetsa ngwaga o mosha.