Dingaan Khumalo
Dingaan Mokebe KaKhumalo (o tshotswe ka Firikgong a le masome mabedi le borataro 1978)[1] ke modiragatsi wa Aforika Borwa, mogasi wa thelebišene, motaki wa lentswe mmogo le seopedi. O itsege thata ka go tshameka karolo ya ga James Motsamai mo drameng ya SABC 2, Muvhango.[2]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]kaKhumalo o tshotswe ka Firikgong a le masome mabedi le boraro 1978 kwa Limpopo, Aforika Borwa.[1] O godisitswe ke mmaagwe le rraagwe wa bobedi. Ka 2016, o ne a golagana gape le rraagwe wa madi, mme seno sa dira gore lelapa le boelane le go amogela leina la “ka Khumalo.”[2]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]KaKhumalo o ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo thelebišeneng ka 1998 mo filiming e e tumileng ya Generations, koo a neng a tshameka karolo ya ga Dingaan, yo e neng e le modiri wa kwa bareng. Fa a sena go tlogela pontsho eno ka 2000, o ne a tsenela Muvhango ka 2003, a tshameka karolo ya ga James Motsamai pele ga a feleletsa a tlogetse motseletsele oo.[1][3]
Kwa ntle ga go diragatsa, KaKhumalo ke seopedi se se nang le dipina tse di tshwanang le Sondela le Mina Nawe, le jaaka motaki wa lentswe la matshwao a kgwebo a magolo a a farologaneng, go akaretsa Smirnoff, Nedbank, Coca-Cola, le Kellogg's. Gape o kile a nna mogasi wa mananeo a le mmalwa a thelebišene, go akaretsa le Speak Out, Ha Molefi,[4] Zaziwa, le Community Builder, mme o tlhageletse mo dipontshong tsa boammaaruri tse di jaaka Strictly Come Dancing and Nna Sajene= Kokobela.[5]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Telebishine | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 1998 | Generations | Dingaan | |
| Ha Molefi | |||
| 2003 | Muvhango | James Motsamai | |
| Speak Out | Host - Himself | ||
| Strictly Come Dancing | Himself | ||
| Zaziwa | Himself | ||
| Umoja[2] |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 admin (2023-07-28). "Dingaan Mokebe Khumalo Biography, age, education, career, and Networth". Soapie Celebs. Retrieved 20 Phalane 2025.
- 1 2 3 Mataz, Simba (2020-09-19). "Dingaan Mokebe Biography, Age, Career, Wife, Muvhango, Net Worth". Savanna News. Retrieved 20 Phalane 2025.
- ↑ Mbayimbayi, Asanda (2025-08-08). "Saying Goodbye to James: Dingaan Khumalo reflects on 22 years with Muvhango and life after the curtain falls". Africa Jamz FM News. Retrieved 20 Phalane 2025.
- ↑ Seleme, Rae (2024-05-25). "'Muvhango' star Dingaan Khumalo discusses his role in 'Ha Molefi'". The South African. Retrieved 20 Phalane 2025.
- ↑ "Dingaan Khumalo | TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 20 Phalane 2025.