Jump to content

Dipalamo tsa lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Map of Botswana

Dipalamo mo Botswana di diriwa ke mafaratlhatlha a diporo, ditsela, dikepe le ditsela tsa difofane tse di kgabaganyang lefatshe leo.[1] Mohama wa dipalamo mo Botswana o nnile le seabe se segolo mo kgolong ya itsholelo morago ga boipuso jwa lefatshe le ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borataro. Lefatshe le ne la lemoga bo leng teng jwa ditswammung mo go neng ga letla gore go nne le ditlhabololo tsa kago, melao e ne ya letla gore mohama wa dipalamo o gole ka lobelo lo lo lekanenetseng matlhoko a ditirelo tseo.[2]

Ditirelo tsa diporo di diriwa ke kompone ya Botswana Railways, ditsela ka bontsi di tswa mo Gaborone. Lefatshe la Botswana le nna le diporo tsa boleele jwa dikhilometara di le makgolo a ferabobedi,masome a ferabobedi le boferabobedi go ya ka dipalo tsa ngwaga wa dikete pedi le bobedi, ke one mafaratlhatlha a masome a robabongwe le boraro ka boleele mo lefatsheng ka bophara, gape e le nngwe ya diporo tse di nang le motsamao o montsi mo Aforika. Lefatshe la Botswana ke leloko la bokopano jwa diporo jwa mafatshefatshe (IUC).

Diterena tsa kgaolo (BR Express)

[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Railways e na le diterena tse pedi tsa bosigo tsa bapagami, e nngwe e tswa Lobatse go ya Francistown, e nngwe e tswa Francistown go ya Lobatse, e ema kwa Gaborone, Mahalapye, Palapye le Serule. Terena ya bapagami e bidiwa BR Express (Botswana Railways). Ditirelo tsa bapagami di ne tsa emisiwa ka nakwana go tswa ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe go tsena dikete pedi, lesome le borataro, kwa ntle ga e e yang kwa Zimbabwe go tswa Francistown.

Diterena tsa toropo tsa bapagami

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Botswana, (Botswana Railways) "BR Express" e na le terena ya bapagami fa gare ga Lobatse le Gaborone. Terena e tswa kwa Lobatse ka nako ya botlhano e fetilwe ke metsotso e le masome a mararo, e goroge kwa Gaborone ka nako ya borataro e fetilwe ke metsotso e le masome a mane le borobabongwe. Terena e, e boela kwa lobatse mo maitseboeng, e tswa mo Gaborone ka nako ya borataro. Nako ya go goroga kwa Lobatse ke nako ya bosupa e fetilwe ke metsotso e le masome mararo le bone. Terena e ema kwa Otse, Ramotswa le Commerce Park.

Lephata la BR Express la boroko le dijo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa kwa tshimologong, BR e ne ya tsaya tshwetso ya go simolola dikoloi tsa boroko, ka jalo e nna le lefelo le legolwane gape le le botoka. Go nna le dikoloi tsa bone go dirile gore ba kgna go nna le taolo ya ditirelo le letseno. Fa dijo di neelwa bapagami, madi a dipoelo a ne a sa nne a dijo. Ba ba neng ba kgona go tsamaya maeto a maleele ba ne ba solofela ditirelo tse di botoka, ka jalo maiphitlhelo a a mantle a ne a ka ngokeka ba bangwe mo Botswana le mo ditereneng tsa BR.

Diporo tse di yang mafatsheng a a mabapi

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tse tshwaraneng le tsa mafatshe a Zimbabwe le Aforika-Borwa. Le ntswa go nne go solofetswe go bulwa ga seporo sa motlakase ka ngwaga wa 2006,se se yang Lüderitz kwa lefatsheng la Namibia go isa magala,ga gona seporo se tlhamalalelang kwa lefatsheng la Namibia mme go nna le se se fetang ka lefatshe la Aforika-Borwa.

Go nne ga nna le kgang ya go bula seporo se se ntšha fa gare ga lefatshe la Botswana le la Zambia,se feta ka lefatshe la Zimbabwe ka rre Andrew Lunga yo e leng mookamedi wa kompone ya Botswana Railways. Seporo se ne se solofatswe go feta kwa borwabophirimsa go tswa Livingstone,se feta ka Zambesi,se bo se tswelelela kwa marakanelong a a ntseng a le teng a Mosetse. Mme e ne yare morago ga kgang e ya ga rre Lunga,kompone ya la latlhegelwa ke diterena ka bokete jo bo kwa godimo bo bo nne jwa latelelwa ke go bulwa ga seporo sa Beitbridge-Bulawayo se se ileng sa dira gore dipalo tsa bapalame le dithoto go fokotsege go tswa ko sedikeng le sekete ka ngwaga go ya go dikete di le lekgolo le masome matlhano ka ngwaga. Seemo sa itsholelo ya lefatshe la Zimbabwe ga gakatsa seemo ka go ile ga fokotsa go tsamaya ga diterena ka phuthologo. Seropo se rre Lunga a nneng a kaile se ile sa nna sone se kopanyang mafatshe a Aforika-Borwa, Zambia and le la Democratic Republic of Congo.

Ditoropo tse di nnang le diterena tse di yang kwa go tsone

[fetola | Fetola Motswedi]

Mesepele yotlhe ya diterena tsa batho e ile ya emiswa mo lefatsheng la Botswana,mme ga sala se di yang mafatsheng a sele tse di kopang le sa lefatshe la Zimbabwe go tswa Francistown,se e leng sone se se mo tirisong fela. Diterena tsa dithoto di santse di le mo tirisong tsone. Tse di latelang ke mafelo a a kileng a bo a na le diterena tsa batho go fitlhelela ka ngwaga wa 2009,kgwedi ya Motsheganong.

  • Ramatlhabama, South Africa yo e leng molelwane wa lefatshe la Botswana le la Aforika-borwa
  • Lobatse
  • Gaborone - motse-mogolo wa lefatshe leno
  • Palapye - makaranelo a diporo tse di rorang magala
  • Serule -marakanelo a diporo
  • Francistown
  • Ramokgwebana - yo o kopanetseng molelwane le lefatshe la zimbabwe
  • Palapye - marakanelo a diporo
  • Morupule - maemelo a diterena
  • Serule - marakanelo a diporo
  • Selibe Phikwe -maemelo a diterena
  • Francistown -marakanelo a diporo
  • Sowa - maemelo a diterena

Lefatshe la Botswana le nna le ditsela di le dikete di le lesome,makgola a mabedi le lesome le bosupa,mme ebile mo go tsone di le dikete tse matlhano,makgolo a marataro le masome mabedi di tshetswe sekontere. E sale go tloga ka dikabelelo tsa ngwaga wa 1996,go na le phokotsego mo dipalong tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere.Go tlhoga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka 1999 dipalo tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere di ile tsa fokotsega go tswa kwa dikhilometareng tse dikete tse lesome le bone,lekgolo le masome mararo le boferabongwe go ya go dikete tse nne,makgolo a matlhano le masome a ferabongwe le bosupa.

Maemelo a difofane

[fetola | Fetola Motswedi]

Go nne go nna le kabelelo ya gore go nna le maemelo a difofane a le masome a ferabobedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2004 mme di le lesome di tshetswe sekontere,se e ne le ka ngwaga wa 2005. Kompone ya Air Botswana e e leng ya goromente ke yone e okametseng difofane tse di yang Francistown, Gaborone, Maun le Selebi-Phikwe. Go nna le difofane tse di yang ditoropong tsa mafatsheng a sele jaaka Johannesburg kwa Aforika-Borwa; Mbabane kwa Swaziland; le Harare kwa Zimbabwe. Go nna le maemelo a mantšha gaufi le toropo ya Gaborone e e butsweng ka ngwaga wa 1984. Dipalo tsa bapalami ba difofane ba ba neng ba tsena ba bo ba tswa mo lefatsheng la Botswana e ne le dikete di le lekgolo le masome a ferabobedi le boraro ka ngwaga wa 2003.

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Mupimpila, C (2010-09-30). "Internalising the Externalities of Public Transport in Botswana". Botswana Journal of Economics. 5 (7). doi:10.4314/boje.v5i7.60307. ISSN 1810-0163.
  2. "Transportation and Economic Development in Botswana: A Case Study" (PDF). Archived (PDF) from the original on 2022-10-09.