Diphororo tsa Awhum

Diphororo tsa Awhum di kwa motseng wa Amu-Ugwu wa toropo ya Awhum kwa Udi Local Government Area, Enugu State, Nigeria. [1]Awhum Waterfall e dirilwe go tswa mo letlapeng la granite le legolo le le nang le metsi a a elelang kwa godimo go bopa molapo. Gantsi karolo nngwe ya phororo eno e nna e le bothitho ka dinako tsotlhe tsa ngwaga. Phororo ya Awhum e bogodimo jwa dimetara di le masome a mararo [2] mme e gaufi le Awhum Monastery.[2]
Go bolelwa gore metsi ano a a fodisa (a na le maatla a go fodisa) e bile a kgona go leleka meya e e bosula fa a kgatshiwa gongwe le gongwe. Go tsaya metsotso e ka nna masome a matlhano go tsamaya ka dinao go tswa mo lefelong la go phaka dikoloi go ya kwa lefelong le le phothoselang. Lefelo leno le siametse thata bojanala jwa bodumedi. [3]
Diphororo tsa Awhum gape ke lefelo le le tumileng la bojanala kwa Nigeria. [4]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]E re ka logaga lono lo na le lobaka lo loleele lo le teng, ga go itsiwe gore lo simologile kae. Ka nako ya Ntwa ya Selegae ya kwa Nigeria, batho ba ne ba batla tshireletsego mo teng ga logaga ka gonne dibomo di ne di sa kgone go le senya. Ba-Traditionalist ba ne ba tsamaisa lefelo leno pele ga baitlami ba goroga ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano. [1]
Batho ba baikarabelo/Maleba
[fetola | Fetola Motswedi]Our Lady of Mount Calvary Monastery, e leng mokgatlho wa Katoliki o o gaufi le lefelo leno, o tlhokomela logaga lwa metsi le fa gone lo le lwa motse wa Awhum.
Batho ba ba etelang legaga le phororo (kwa ntle ga batho ba lefelo leo) ba tshwanetse go duela madi a a rileng pele ba ka letlelelwa go tsena.
Bajanala ba ba etelang logaga ba ka hira marobalo mo teng ga lefelo la baitlami ka N2,000 bosigo bongwe le bongwe. Go ya ka modiredimogolo mongwe wa pabalesego, ka malatsi a boikhutso a a jaaka Keresemose le Ista gantsi batho ba le bantsi ba etela lefelo leno la baitlami. [2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "10 Top Waterfalls in Nigeria – Their Location and History". Nigerian Bulletin - Nigeria News Updates. Retrieved 2016-12-14.
- 1 2 3 "Destination... Awhum Waterfall and Cave". The Guardian. Lagos, Nigeria. 2017-05-13. Retrieved 2023-05-18.
- ↑ "Destination... Awhum Waterfall and Cave". The Guardian. Lagos, Nigeria. 2017-05-13. Retrieved 2023-05-30.
- ↑ "21 places every tourist must visit in Nigeria - TheCable Lifestyle". TheCable. 2016-08-16. Retrieved 2016-12-14.