Jump to content

Diphororo tsa Berlin

Go tswa ko Wikipedia

Diphororo tsa Berlin ke diphororo tse di kwa Mpumalanga, Aforika Borwa. Di gaufi le God's Window ga mmogo le diphororo tse ditona thata kwa kgaolong ya Mpumalanga kwa Aforika Borwa tsa Lisbon.[1] Di dinnye go gaisa bo lesome jwa boleele jwa diphororo tse ditona thata kwa Aforika Borwa tsa Tugela, di itsege ka bontle jwa tsone.

Diphororo tsa Berlin, di tlhama bontlha jwa mokgatsha wa noka ya Blyde mo tseleng ya Panorama, ke dingwe tsa diphororo tse di ka fitlhelwang kwa kgaolong ya Sabie, tse dingwe e le diphororo tsa Horseshoe, diphororo tsa Lone Creek, diphororo tsa Bridal Veil, diphororo tsa Mac-Mac le diphorororo tse ditona kwa Mpumalanga tsa Lisbon.

Diphororo tsa Berlin di tshologa go tswa kwa bogareng jwa logaga lo lo boleele jwa di mithara di le makgolo a robabobedi. Popego ya diphororo tse, e tshwantshangwa le kerese e tona. Mosele o mosesane kwa godimo ga diphororo o dira mogala wa kerese, metsi fa a tshologa go tswa foo, a a phatlalala a dira kerese pele ga a tshologela kwa mogobeng o o kwa tlase.[1]

Diphororo tsa Berlin, di tsaya leina la tsone mo babereking ba meepo ba ba neng ba ile Aforika Borwa go tswa kwa Yuropa ka nako ya gouta, ba ne ba fa diphororo tsotlhe tse di mo kgaolong eo maina a ditoropo tse ba tswang kwa go tsone, kgotsa mafelo a a teng kwa mafatsheng a bone.

Baeti ba ba yang diphororong tsa Berlin ba ka bona lefelo ba tsamaya ka dinao, ba ka iketla ba ja dijonyana gaufi le diphororo, ba ka tsenya maoto mo mogobeng o o kwa tlase. Baeng ba ka eletsa go bona noka ya Blyed Protea, e e mo kgaolong e ya Mpumalanga.

Diphororo tse di mo nokeng ya Sabine, di tshologa sekgele sa dimithara di le masome a robabobedi, metsi a a tshologela mo kgampung e e dikaganyeditsweng ke dikgaga tse dikhibidu.[1][2]

Diphororo tse di filwe leina di reelelwa ka mokgatšha wa Berlyn le Fram Beryln, kwa diphororo di leng teng.

  1. 1 2 3 "Mpumalanga Attraction - Berlin Falls". Mpumalanga Tourism and Parks Agency. Archived from the original on 27 September 2011. Retrieved 10 June 2026.
  2. ↑ "Berlin Falls". South African Tourism. Archived from the original on 27 September 2011. Retrieved 10 June 2026