Jump to content

Diphororo tsa Karera

Go tswa ko Wikipedia
Lefelo la Burundi Dikopano tsa 3.830°S 30.080°E Palo ya marothodi 6
Location

Chutes de la Karera (Karera Falls kgotsa Chutes de la Karera) ke metseletsele ya diphororo tse di kgatlhisang tse di kwa borwabotlhaba jwa Burundi. Di kwa borwa jwa Rutana. Diphororo tseno di botona jwa diheketara di le lekgolo,masome a mane le bobedi mme di na le dikala di le thataro tse di kgaogantsweng ka dikarolo di le tharo. [1]

Mo maemong a ntlha, go na le phororo e tona e e kgaogantsweng ka mdikala tse mabedi tse di bapileng tsa boleele jo bo lekanyediwang go di methara di le masome a robabobedi (260 ft) a a tshologelang mo lekadibeng. Phororo eno e na le diphororo di le mmalwa tsa botona jo bo sa tshwaneng tse di kgaoganngwang ke ditshipi tse pedi. Go na le phororo e nngwe e nnye e e leng bokgakala jwa dimetara di le masome a matlhano go ya kwa bophirima jwa phororo eno e tona. Metsi a diphororo tse pedi tseno a kopana mo go tse pedi tse di latelang go bopa phororo ya boraro e e elelang mo melapong.[1]

Seemo sa Boswa jwa Lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo leno, mmogo le Nyakazu Fault, le ne la tsenngwa mo UNESCO World Heritage Tentative List ka kgwedi ya Motsheganong ele borobabongwe ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa mo setlhopheng sa Mixed (Cultural & Natural). [1]

  1. 1 2 3 Les chutes de la Karera et la faille de Nyakazu - UNESCO World Heritage Centre