Jump to content

Diphororo tsa Lumangwe

Go tswa ko Wikipedia
Lumangwe e wela mo Nokeng ya Kalungwishi ka paka ya komelelo (Lwetse go ya go Diphalane)

Diphororo tsa Lumangwe mo Nokeng ya Kalungwishi kwa bokone jwa Zambia ke phororo e kgolo go gaisa mo nageng, e na le bogodimo jwa 30 - 40 m le bophara jwa 100 -160 m.[1] [2]Ke phororo ya mofuta wa block e e leng fa gare ga Luapula le Diporofense tsa Bokone. [3]Lefika le legolo ke quartzite e e tswakantsweng le dikarolo tsa siltstone e khibidu. [4]

Diphororo di dikilometara di le masome a robabobedi go tswa kwa Mporokoso mo tseleng ya Kawambwa. E na le boteng jo bo tshwanang jwa metsi a a welang kwa ntlheng ya Victoria Falls (Mosi-oa-Tunya) kwa Zambezi e gantsi e tsewang e le yone mo ditshwantshong. Diphororo tsa Lumangwe di bopa karolo ya Lumangwe Falls / Kabwelume Falls / Chimpepe Falls Complex, e leng sefikantswe sa bosetšhaba kwa Zambia. [5]

Fa noka e le kwa godimo thata kwa bokhutlong jwa paka ya dipula ka kgwedi yaMoranang/ Motsheganong, metsi a a tswang mo phororong eno a ka tlhatlogela kwa godimo ka dimetara di le lekgolo mme modumo o o kwa godimo o o utlwalang mo mokgatšheng o o kwa tlase o dira gore lefatshe le rorome.

Diphororo tsa Lumangwe di fitlhelelwa ka tsela ya mmu ya dikilometara di le lesome e e retologelang kwa bophirima go tswa mo tseleng ya gravel ya Kawambwa-Mporokoso, 2.5 km kwa bokone-botlhaba jwa borogo jwa Kalungwishi kwa Chipempe, jo bo neng jwa emisetsa ponton (Kalungwishi Ferry) ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone. Diphororo tseno di ka bonwa go tswa mo lotshitshing lwa noka e e kwa godimo le go tswa mo lefikeng le le fa thoko ga phororo eno. Ditsela di isa kwa tlase ga diphororo mme gape di fologela kwa tlase mo mokgatšheng go ya kwa diphororong tsa Kabwelume tse di dikilometara di le thataro kwa tlase ga noka.

Diphororo tseno ga di ise di bone bojanala jo bo kalo jaaka Victoria Falls e e itsegeng thata. Modiredimogolo mongwe wa thulaganyo ya toropo o ne a begela Zambia Daily Mail gore seno se ne se dirwa ke gore pelenyana lefelo leno le ne le le boitshepo mo dikgosing tsa kgaolo eno tse di neng di tla bo di tlotla bagologolwane ba tsone, mme batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba tila go tsena mo lefelong leno. Maiteko a go bula lefelo la Lumangwe Falls a simolotse ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano , mme a ne a se ka a atlega go fitlha ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borataro. Seno se ne sa dirwa ke gore dikgosana di ne tsa dumela go fudusetsa meya ya bagologolwane kwa lefelong le le farologaneng. [3]Leina la diphororo le tswa mo moyeng wa noga, Lumangwe, o go bolelwang fa o ne o ikgoga fa gare ga diphororo tsa Lumangwe le diphororo tsa Kabwelume, sekgala sa dikilometara di ka nna tlhano.

Go le gonnye kwa tlase ga Lumangwe Falls ke lefelo le le itsegeng fela la sethunya sa Zygotritonia atropurpurea, se se lemogilweng ke Peter Goldblatt et al. ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe .[1] 6]

  1. ↑ "Lumangwe Falls". Zambia Tourism. Retrieved 2022-02-16.
  2. ↑ "Lumangwe Falls - The Largest Waterfall Entirely in Zambia". World of Waterfalls. Retrieved 2022-02-16.
  3. 1 2 "Lumangwe Falls: Uncovering Luapula's hidden beauty". Zambia Daily Mail. 6 August 2017. Retrieved 16 February 2022.
  4. ↑ Olivotos, Spiros; Niedermann, Samuel; Flügel, Tyrel; Mouslopoulou, Vasiliki; Merchel, Silke; Cotterill, Fenton; Bookhagen, Bodo; Gärtner, Andreas; Rugel, Georg; Scharf, Andreas; Nadeau, Marie-Josée (2021-05-15). "Quaternary landscape evolution in a tectonically active rift basin (paleo-lake Mweru, south-central Africa)". Geomorphology. 381 107669. doi:10.1016/j.geomorph.2021.107669. hdl:11250/2980842. ISSN 0169-555X. S2CID 233907951.
  5. ↑ Mwamulowe, Kagosi; Nyambe, Imasiku Anayawa (2021), "The Use of Geoheritage, Geopark and Geotourism Concepts to Conserve and Sustain Tourism Development in Zambia", in Singh, R.B.; Wei, Dongying; Anand, Subhash (eds.), Global Geographical Heritage, Geoparks and Geotourism: Geoconservation and Development, Advances in Geographical and Environmental Sciences, Singapore: Springer, pp. 381–405, doi:10.1007/978-981-15-4956-4_20, ISBN 978-981-15-4956-4, S2CID 228872242