Jump to content

Dipo Dina

Go tswa ko Wikipedia
Otunba Dipo Dina
Tsalo
Adedipupo

(1960-07-15)15 Phukwi 1960
Leso25 Hirikgong 2010 (dingwaga 49)
Ke moNigerian
Alma materMmadikolo wa Lagos
Tiromopolotiki], [motho yo o ratang go thusa ba bangwe]
Political partyAction Congress

Otunba Dipo Dina (Phukwi e tlhola malatsi ale lesome le botlhano ka, 1960 - Ferikgong masome a mabedi le botlhano ka, 2010) e ne e le radipolotiki wa kwa Nigeria, motsayaditshwanelo, motsamaisi, moeteledipele wa setšhaba le ramatlotlo go tswa kwa Mmusong wa Ogun .

Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Adedipupo Akanni Dina o belegwe ka Phukwi e tlhola malatsi ale lesome le botlhano , 1960, mo lelapeng la Dipo Alapo Ekun kwa Iyanro, Ijebu Ode, Mmuso wa Ogun . O ne a dira dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa Baptist Academy, kwa Lagos, pele a ya kwa Mmadikolo wa Lagos koo a neng a bona degree ya gagwe ya ntlha ya Bobalamatlotlo mme moragonyana M.Sc. mo go tsa madi. O ne a nna Mmalamatlotlo ka 1984 mme morago a tlhama mme go fitlha a tlhokafala e ne e le Molekane mogolo kwa Dele Dina & Co. (kgwebo ya bobalamatlotlo). Fa gare ga 1997 le 1999 Dipo o ne a direla jaaka modulasetilo wa Ogun State Bulk Purchase Commission koo go neng ga begwa fa a ne a neela dituelo tsa gagwe le dituelo kwa Sekolong sa ba ba nang le bogole, kwa Ijebu Ode. [1]

Ditiragalo tsa sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipo o tsene mo dipolotiking ka 2003 mme a nna ntlhopheng wa puso ya Ogun mo ditlhophong tsa 2007 morago ga go tsenela Action Congress (AC) e e neng e sa tlhole e le teng.[2] Go ne ga begwa gore o ne a abela baithuti ba ka nna makgolo a le mane ba ba mopusong eo di-bursary ngwaga le ngwaga, mme ka nako ya letsholo la gagwe la go nna mmusi ka 2007, go ne ga abiwa dibuka tsa go ikatisa tsa mahala di ka nna dimilione di le nnè kwa ditheong tsa sekolo se potlana, tse dikgolwane le tsa thuto e e kwa godimo mo lefatsheng leo. O ne a simolola " Ogunnet " , mokgatlho o e seng wa puso, go diragatsa mananeo a gagwe a sepolotiki. [3]

Ka Ferikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka 2010, Dina Dipo o ne a tsewa ka dikgoka fa a ne a le mo tseleng go ya kwa legaeng la gagwe kwa Dolphin Estate, Ikoyi, mme a isiwa ka koloi e nngwe kwa lefelong le le sa itsegeng kwa a neng a bolawa teng,[4][5][6][7]go begwa gore motlhasedi o ne a boloka matshelo a bapalami ba bangwe ba le babedi go akaretsa le mokgweetsi wa gagwe.[8]

Segopotso

[fetola | Fetola Motswedi]

Lebala la papadi la boditšhabatšhaba sa Otunba Dipo Dina kwa Ijebu-Ode se ne sa tewa leina ka tlotlo ya gagwe ke mmusi wa maloba Ibikunle Amosun.

  1. Kehinde, Akinyemi (30 January 2010). "Dipo Dina: Dream shattered by bullet". Daily Trust. Archived from the original on 20 July 2020. Retrieved 2025-03-12.
  2. John A. A. Ayoade, Adeoye A. Akinsanya (2013). Nigeria's critical elections. Rowman & Littlefield. pp. 241, 242. ISBN 9780739175880. Retrieved 2025-03-12
  3. Musa, Odoshimokhe. "Dina left outstanding legacy, says Obadara". The Nation. Retrieved 2025-03-12
  4. Ayo, Bada. "Remembering Dipo Dina, 10 Years After". Independent NG. Retrieved 2025-03-12
  5. Don Prince Victor Ovrawah (14 March 2012). Catastrophic Revelations. ISBN 9781469142388. Retrieved 2025-03-11
  6. Ayodeji Olukoju, Olutayo Adesina, Abimbola Adesoji (15 January 2019). Security Challenges and Management in Modern Nigeria Rowman & Littlefield. p. 272. ISBN 9781527525573.
  7. Ifeoha, Azikiwe (2013). Nigeria,echoes of a century:1999-2014. . AuthorHouse.ISBN 9781481729277. Retrieved 2025-03-12
  8. Kolade, Larewaju. "Who killed Dipo?" The Vanguard. Retrieved 2025-03-12 .