Dithapelo Keorapetse
Dithapelo Lefoko[1] Keorapetse (yo o tshotsweng ka Tlhakole a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1982)[2][3] ke lepolotiki la Botswana yo e leng motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Botswana wa gompieno fa e sale ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone. E ne e le mopalamente go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone go tsena go wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone , pele e ne e le moeteledipele wa kganetso go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi go tsena go wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone. Ke wa lekoko la Umbrella for Democratic Change (UDC), a sena go kobiwa kwa Botswana Congress Party (BCP) ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Keorapetse o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole a le masome mabedi le bone ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bobedi [2], o tswa kwa Selebi Phikwe, Botswana. Kwa ntle ga sepolotiki, o berekile e le morutuntshi wa sepolotiki le tsamaiso lefatshe kwa University of Botswana, kwa a berekileng go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi go tsena go wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe, mme o ne a le mo boitapolosong jo bo sa duelelweng go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone go tsena ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe. O bereketse gape kwa Botswana Police College le Botswana Defence Force (BDF).[3]
Keorapetse o tseneletse sepolotiki ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe, a nna leloko la Botswana Congress Party (BCP). Go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano , e ne e le mokwaledi mogolo wa setlhopha sa BCP sa sekolo se segolwane sa UB, morago a nna mothusa tautona wa lBanana la BCP ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe, morago a nna tautona wa lekgamu leo go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi go tsena ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano . O ne a nna gape mokwaledi wa tsa kgaso wa BPC. E ne e le mothusa ba ba kgatlhanong le tshenyetso setshaba, a bereka mo maemong ao kwa Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC) go tswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe go tsena ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome .[3]
Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone , Keorapetse o ne a emela ditlhopho tsa lefatshe e le ntlhopheng wa BCP kwa Selibe Phikwe, a fenya ka 49.1% fa go tshwantshanngwa le 36.7% wa yo a neng a mo setse morago.[4] O ne a nna mopalamente o monnye mo Botswana, a tlhophiwa go nna moeteledipele wa kganetso mo palamenteng ya lesome le bongwe ya Botswana. O ne a tsenelela komiti ya madi a setshaba, morago a nna modulasetilo wa yone.[3]
Keorapetse o ne a tlhophiwa gape ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe ka 59.1% wa tlhopho.[5] Ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi, o ne a gaisanela maemo a moeteledipele wa kganetso le Dumelang Saleshando. O ne a atlega a amogela maemo ao, mme ene le maloko a mangwe a le mane a BCP ba ne ba kobiwa mo phathing go bo ba nnile kgatlhanong le komiti ya legare ya BCP mo go tseeng maemo ao.[3][6] Ka jalo o ne a nna ntlhopheng yo o ikemetseng ka nosi, a ikamanya le Umbrella for Democratic Change (UDC). Keorapetse o ne a emela ditlhopho laboraro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone a le ka fa tlase ga UDC, ka nako eo o ne a na le melao kakanyetso e robabobedi, ditshutiso di le mmalwa le dipotso di le makgolo, ebile a ngangisantse dikakanyetso tsa melao tse dikgolo.[7]
Keorapetse o ne a latlhegelwa ke ditlhopho. Mme le fa go ntse jalo, ka kgwedi ya Ngwanatsele o ne a tlhophiwa go nna motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Botswana. Ka e ne e le ene fela a tlhophilweng, o ne a bona thotloetso go tswa mo mapalamenteng a diphathi tse di farologaneng, a tlhomiwa go nna motho wa lesome go nna motsamaisa dipuisano tsa palamente.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Botswana | National Assembly". IPU Parline: global data on national parliaments. Retrieved 16 Phalane 2025.
- 1 2 "Botswana | National Assembly". IPU Parline: global data on national parliaments. IPU. Retrieved 23 September 2025
- 1 2 3 4 5 Tlhankane, Spira (29 July 2022). "The determined, unyielding Keorapetse". Mmegi. Retrieved 23 September 2025.
- ↑ "BCP wins Selebi Phikwe West". Daily News Botswana. October 2014.
- ↑ Report to the Minister for Presidential Affairs, Governance and Public Administration on the 2019 General Elections (PDF). Independent Electoral Commission (IEC). 2020.Retrieved 23 September 2025.
- ↑ Sejabosigo, Jeremiah (12 July 2023). "KEORAPETSE NEW LOO". Daily News Botswana. Retrieved 23 September 2025.
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (27 September 2024). "Keorapetse's third term bid". Mmegi.
- ↑ Chida, Daniel (29 November 2024). "Keorapetse, the mastermind behind the scenes?". The Voice.