Jump to content

Ditlhare, Dingaka le Ngwaoboswa - Mekgwa ya setso ya boitekanelo mo metseng ya Batswana mo Aforikaborwa

Go tswa ko Wikipedia

Setswana ke nngwe ya dipuo tse di fitlhelwang kwa Aforikaborwa, Botswana, Namibia, Zimbabwe le karolo e nnye ya Lesotho.[1] Batswana ba le bantsi ba fitlhelwa kwa nageng ya Botswana, e latelwe ke Aforikaborwa. Go ya ka dipalopalo, ke diperesente di le 8.3 tsa naga tse di nang le batswana.[2]

Mekgwa ya boitekanelo ya Setso

[fetola | Fetola Motswedi]
Dingaka tsa Setso

Batswana ba ikadile ka porofense ya Bokone Bophirima mme ga ba ikala fela, ba ikadile ka ngwaoboswa ya bona, ditlhare tse di ba sireletsang kgatlhanong le malwetsi a farologaneng le dingaka tsa setso tse e leng gore di ba sireleditse. Malwetsi a tshwana fela go ralala ditso tsa rona tsa Aforika.

Go na le malwetsi a tlholwang ke go sa latelele meetle le meila ya Setswana. Go boe gape go nne le malwetsi a tlholego, a a ka tlholwang ke tikologo e e seng phepha.[3] Malwetsi a tlholege a tshwana le malwetsi a mafatlha, go opiwa ke tlhogo le mototwana (go wa). Malwetsi a a tlholwang ke go sa latelele melawana ya setso ke go ja ditlhare ka meno (fa o jele nama ya dithari mme o sa jewa dithari). Go folafala fa o bone batho ba bosigo, ba e leng gore ba bidiwa baloi. Sejeso le sona ke nngwe ya malwetsi a e leng gore a na amana le setso, mme sona o nna le sona fa o tsheletswe botlhole mo dijong. Go tshwarwa ke phogwana. Go nna le ngope (madi a magolo), le a mangwe a a tlhagelelang fa ntse o buisa.

Dingaka tsa Setso

[fetola | Fetola Motswedi]

Batswana ba na le mefuta e e farologanang ya dingwana tsa setso. Go na le ngaka e Tshoša, yona ke ngaka e e sa tlholeng ka go dirisa ditaola. Go na le bo Nkadilatlha, tseo ke dingaka tse e leng gore di gasa bola go tlhatlhoba batho. Go ya ka dipatlisiso, bongaka bo, bo tsewa kwa metsing.[4]

Tsela ya go alafa

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Batswaneng fa o bone baloi mme o be o golafala, o tshwanetse go bona ngaka ya Setswana gore e tle e kgone go go afala, ka go go tlhatlhoba le go go fa ditlhare. Mo motho a jeleng nama ya dithari mme a sa jewa dithari, o tshwanetse go jewa dithari gore tlhaloganyo e boele mannong. Mo maemong a e leng gore motho o ile kgolegelong, malomaagwe o tshwanetse go mo tlhapisa ka mosiama, gore a seka a tsenwa ke dikgaba. Mo o tsheletsweng sejeso gona, o tshwanetse go bona nkadilatlha gore a tle a kgone go go kgwisa sejeso seo.

Go na le setlhare se se bidiwang 'Lengana' mo ditlhareng tsa setso tsa Batswana.[5] Setlhare se na le mesola e mentsi, jaaka go fedisa go fotlhola, go tiisa masole a mmele le go ntsha serame mo mmeleng. Batho ba bogologolo ba ne ba bedisa lengana ka metsi mme morago ba le nwe gore ba dule ba itekanetse.

  1. https://repository.up.ac.za/server/api/core/bitstreams/e82b3d31-e3ca-42d1-8a90-a74bf1f92b89/content
  2. https://southafrica-info.com/arts-culture/the-languages-of-south-africa/
  3. https://conference.ut.ac.id/index.php/fusion/article/view/4021
  4. https://pmc.ncbi.nlm.nih.gov/articles/PMC4651463/
  5. https://www.molohealth.co.za/index.php?id_product=92&id_product_attribute=0&rewrite=lengana-artemesia&controller=product