Jump to content

Ditlhopho tsa kakaretso tsa 1969 (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia

Ditlhopho tsa kakaretso di ne tsa tshwarwa mo Botswana ka Phalane a le lesome le boferabobedi ka 1969, e le tsa ntlha fa e sa le go bona boipuso ka Lwetse 1966. Maduo a ne e le phenyo ya bobedi ka go latelana ya Botswana Democratic Party (BDP), e e neng ya gapa manno a le masome mabedi le bone mo go a le masome mararo le motso a a neng a tlhophilwe,[1] go akaretsa le a le mararo a mo go one ba neng ba sena kganetso.[2]

Palogotlhe ya bontlhopheng ba le masome a supa le bosupa ba ne ba tsenelela ditlhopho tseo. BDP e ne ya baya lenaane le le tletseng la bontlhopheng ba le masome mararo le motso, fa Botswana National Front e ne e na le ba le masome mabedi le motso, Botswana People’s Party e ne e na le ba le lesome le botlhano, Botswana Independence Party e ne e na le ba le borobabongwe, mme gape go ne go na le ntlhopheng a le mongwe yo o ikemetseng ka nosi.[2]

Botswana National Front e tlhamilwe morago ga ditlhopho tsa 1965, mme e ne e eteletswe pele ke Kenneth Koma. Le fa go ntse jalo, Koma o ne a khurumediwa ke Bathoen II, kgosi e kgolo ya Bangwaketse. Bathoen o ne a tlogela setilo sa gagwe sa bogosi go nna tautona wa BNF, mme gape o ne a tlogetse tiro mo Ntlo ya Dikgosi, e a neng a e tsaya e le e e senang maatla.[2] E ne e le moeteledipele wa ntlha wa setso go tsenelela ditlhopho.[2]

  1. Dieter Nohlen, Michael Krennerich & Bernhard Thibaut (1999) Elections in Africa: A data handbook, p113 ISBN 0-19-829645-2.
  2. 1 2 3 4 Botswana: The October 1969 General Election EISA