Jump to content

Ditlhopho tsa kakaretso tsa 1974 (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia

Ditlhopho tsa kakaretso di ne tsa tshwarwa mo Botswana ka Phalane a le masome mabedi le borataro ka 1974. Ka batlhophi ba ba neng ba ikwadisitse ba le 205,050, palo ya batho ba ba neng ba tla go tlhopha e ne e le 31.22% fela.[1] Maduo a e nnile phenyo ya boraro ka tatelano ya Botswana Democratic Party (BDP), e e neng ya gapa ditilo di le masome mabedi le bosupa mo go tse masome mararo le bobedi tse di tlhophilweng,[2] go akaretsa le tse nne tse mo go tsone ba neng ba se na kganetso.[3] Ditlhopho tsa selegae di ne tsa tshwarwa ka lone letsatsi leo, ka batho ba ba neng ba tla go tlhopha ba le 30.3% fela, mme tsa bona BDP e nonotsha maemo a yone.[3]

Palogotlhe ya bontlhopheng ba le masome marataro le boraro ba ne ba tsenelela ditlhopho tseo. BDP e ne e na le bontlhopheng ba le masome mararo le bobedi, Botswana National Front e ne e na le bontlhopheng ba le lesome le bone, Botswana People’s Party e ne e na le ba le borobabobedi, Botswana Independence Party e ne e na le ba le barataro, mme go ne go na le baikemedi ba le bararo.[3]

  1. Botswana: 1974 National Assembly results EISA
  2. Dieter Nohlen, Michael Krennerich & Bernhard Thibaut (1999) Elections in Africa: A data handbook, p113 ISBN 0-19-829645-2.
  3. 1 2 3 Botswana: The October 1974 General Election EISA