Jump to content

Ditlhopho tsa kakaretso tsa 1979 (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia

Ditlhopho tsa kakaretso di ne tsa tshwarwa kwa Botswana ka kgwedi ya Phalane a le masome mabedi ,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe. Maduo a e nnile phenyo ya bone ka go latelana ya Botswana Democratic Party (BDP), e e neng ya fenya manno a le masome mabedi le boferabongwe mo go a le masome mararo le bobedi a a neng a tlhophilwe,[1] go akaretsa le a le mabedi a mo go one ba neng ba sena kganetso.[2]

Go ya ka ditlhopho tsa setshaba tsa 2019, ke ditlhopho tsa bofelo tse mo go tsone BDP e amogetseng ditlhopho tsa setshaba di feta 70%.

Palogotlhe ya bontlhopheng ba le masome a marataro le boferabongwe ba ne ba tsenelela ditlhopho tseo. BDP e ne e le yone fela phathi e e neng ya tsamaisa bontlhopheng ba ba tletseng ba le masome a mararo le bobedi, mme Botswana National Front e ne ya tlhagisa bontlhopheng ba le lesome le borataro, Botswana People’s Party e le lesome le bone le Botswana Independence Party e le ba le batlhano. Gape go ne go na le batho ba babedi ba ba ikemetseng.[2] BDP e ne ya dira letsholo la go nna kgatlhanong le tlhaolele mo Aforika Borwa le go ikuela gore go nne le dikiletso tsa ikonomi kgatlhanong le Zimbabwe-Rhodesia.[3]

Pele ga ditlhopho, lenaane la batlhophi le ne la tlhabololwa gotlhelele. Poeletso e ne e patilwe ke letsholo le le matlhagatlhaga la seromamowa le la bobegadikgang ke puso go rotloetsa ikwadiso. Le fa palo ya batlhophi ba ba kwadisitsweng e ne ya oketsega ka dikete tse thataro le makgolo a marataro le masome a mararo le botlhano fela fa e bapisiwa le ditlhopho tsa 1974, seo se ne sa tsewa se bakilwe ke lenaane la batlhophi la ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bone le le neng le na le dipoeletso tse dintsi.

  1. Dieter Nohlen, Michael Krennerich & Bernhard Thibaut (1999) Elections in Africa: A data handbook, p113 ISBN 0-19-829645-2.
  2. 1 2 Botswana: The October 1979 General Election EISA
  3. Botswana Inter-Parliamentary Union