Jump to content

Ditlhopho tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2024

Go tswa ko Wikipedia

Ditlhopho tsa kakaretso di ne tsa tshwarwa kwa lefatsheng la Botswana, ka ngwaga wa 2024, kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mararo (30) go aga palamente ya bo lesome le boraro (13) ya Botswana. Go ne go tlhophiwa mapalamente a le masome a marataro le bongwe (61), makhanselara a le makgolo a marataro le bofera bongwe (609).

Phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), e e saleng e fenya ditlhopho tsa ntlha fa lefatshe le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, e ne ya fenngwa ke phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) morago ga gore batlhophi ka bontsi ba fetogele kwa diphathing tsa kganetso, ba bo ba e digela kwa maemong a bone.[1][2][3]

Phathi ya UDC e ne ya tsaya maemo a ntlha ka manno a le masome a mararo le borataro (36). Se se ne sa tlhomamisa gore Duma Boko, moeteledipele wa UDC, ebile e le moeteledipele wa leloko la yone le legolo la Botswana National Front (BNF), o ne a tlhophiwa go nna tautona wa lefatshe la Botswana. Phathi ya Botswana Congress Party (BCP) e ne ya tsaya maemo a bobedi, mme ya nna party e kgolo ya kganetso. Phathi ya Botswana Patriotic Front (BPF) e na ya iponela kgolo thata, bogolo jang mo kgaolong ya legare go oketsa manno a yone mo palamenteng. BDP yone e ne ya fokodiwa go nna le ditilo di le nne fela, nngwe ya ditatlhegelo tse digolo e e diragaletseng phathi e e busang.

Tautona wa pele, Mokgweetsi Masisi o ne a amogela maduo ka letsatsi la 1 Ngwanatsele 2024, mme a netefatsa gore neelano ya puso ke ya kagiso.[4] Moragonyana mo letsatsing leo tautona Boko o ne a ikanisiwa ke Moatlhodimogolo Terence Rannowane, a mo letla go bopa puso ya ntlha ntlheng ga BDP, sale boipuso.[5]

  1. Ndebele, Lenin (31 October 2024). "Initial counting suggests Botswana may just get a new ruling party after 58 years". News24.
  2. "Early Botswana Vote Tallies Point to Shock Loss For Ruling Party". Bloomberg.com. 31 October 2024. Retrieved 1 November 2024
  3. du Plessis, Carien (31 October 2024). "Botswana: Early election count sparks opposition optimism". The Africa Report.
  4. "Botswana election: Duma Boko – the politician who did the unthinkable". www.bbc.com. Retrieved 1 November 2024.
  5. "Duma Boko sworn in as Botswana's new president". www.aa.com.tr. Retrieved 1 November 2024.