Ditonki

Erile mo malobeng mogologolo are tota le ga oka etima metsi otla ebona enwele o ne a raya jaana ka se re se itemogelang gompieno jaana mo segompienong.
Lelapa la ga ratonki e ne e lelapa le le itsagaleng thata,gone le sa itsagale ka sepe ntle le botlhoki kgotsa nkare gonna dikobo khutswane mo o fitlheleng le mo di palangweng tsa botlhe o utlwe go ngunwa ngunwa ka lone ga bangwe ba tle ba bua ba Kalotse dihuba ba sa tshabe gore mang otla reng,tota bohutsana ke selo se se utlwisang botlhoko ka se tshabise motho ka ope ka tsela eleng gore le bo mapimpana ka dinko tse dimamina ofitlhele le bone ba sa go bone ka sepe ba bua le wena ka tsela e ba batlang ga bangwe batla be ba iphomola mamina ao ka wena,ga e le gore otlile wa bona ntswa entsha metsi e sa tshabe sepe gore mang areng kae ka nako mang le gone ke seo ba lelapa la ga rra tonki ba ne ba itemogela sone mme ebile seo tota fela ba ne ba setlwaetse ebile ratonki le ba lapa la gagwe baithutile go tshela ka sone.[1]
Tota le ga o ne o sa botse o ne o bona ka bana le bagolo melomo edula ephaphaletse ke raya le dikutu tsa maoto a bone di dula disetlhafetse jaaka setlhare se seile sa hutswa ga gone go kerewa se sena se se jewang mo go sone ka nako e mpa tota ene ebatla se se ya maleng go ka busa matlho a wetseng ko gare kantlha ya tlala e iteleketseng,ya re go tlhoka dijo molomo ware otla setlhafalela ruri,le se itshaso ga se fitile go ne go sa bontshe ebile ekete se setlhafaditse go feta ga se sa dirisiwa ele setlhe.[1]
Ga bose gangwe ebile tota ga le phirimalele ruri e le tota , Motswana wa gaetsho ga ke bue ke boela ko morago ka se ba lelapa ba iphitlhelang ba tshela ka sone.Tota gone ga sa kgalwe mathe ganong ga go buiwa ka lelapa la ga ratonki ofitlhele le mo dipamong tsa botlhe ga ba palami ba sena se ba tlotlang ka sone o utlwe hela motho are gate ga osetlhafetse jaana gorileng kgotsa ao fudugetse ko lapeng la ga ratonki,outlwe hela ka setshego se se kogodimo ga go jewa monakaladi ka ba ba kobo difelelang mo mangweleng jaaka gotwe motho o kobo dikhutshwane,go tlhoka go botlhoko ebile go tlisa malwetsi a fetang ka tsela ka aiponela hela mole masole a mebele ga aikemela nka tsena ka dula ka bo ka gola go se sekgoreletsi sepe hela,go bua bolwetsi ka tsela e leng gore le bone bo bontsha boitumelo go tsena mo lapeng la motho ekete kgomo ejele polasitiki,go bonala hela ka dimpa di le motwetwenene ekete dikgotse mme gone ese kgora e le bolwetsi bo ikagile ebile bo emisitse mpa.[1]
Go tlhagile mofeti ka tsela a tswa borwa atsamaya le ba lelapa la gagwe ka bane ba le mo malatsing a boikhutso ba ya botlhaba go ka jesa matlho a bone monate kgotsa gone e le go ka itse karolo erileng ya diteropo le metseselegae erileng e ka kwa ga botlhaba,letsatsi lene le setse le tsentse nko mo marung tota le badisa go bonagala ga masaka asetse atswetswe e le gone go bontsha ga diruiwa difeletse ebile letsatsi le fetile go tsena lefifi e le gone go bontsha ga mebele e ipakanyetsa go ka isiwa gobeng kgotsa nkare gone go ya go ikhutsha go irela ga letlhaba e bo ekgone go ka ikhutsa gore ere ga le tlhaba ebe e nonofile ebile ena le matla go ka semelela motsatsing le lentsha.[1]
Tota ke nnete ga bare Modimo ga anke a latlha bana ba gagwe,ratonki o utlwile ka monona o iteya kgoro ya gagwe go ipotseng gore ase ase utlwang ke sone ga aemisa ditsebe sentle ka gone a ne a sa tlwaela baeng ka motho a sa etele mang le mang,yare go reetsa sentle a tsamaela ko mojakong wa ntlo ya gagwe go ka lebelela,gompieno ya bo e le maabane ka ga re bua gompieno jaaana lenyora la maobane ke puo efetileng mo go ratonki le balelapa la gagwe gompieno jaana oiphitlhela e le rakgwebo o itsagaleng thata mo motseng wa Lotlhakane ka ntlha ya kgwebo ya gagwe ya kariki ya ditonki e saleng a ereka ka lodi le a le sietsweng ke mofeti ka tsela yo aneng atswa ko borwa morago ga go mofa marobalo,erile ga letsatsi le lesha le tlhaba monna wa borwa oile afa ratonki le balelapa la gagwe madi a ratonki aneng asimolola go ka atshwara ka seatla,go atshwareng le fa tota ane atshogile oile aitumelela gore nako ya gore a reke Kolotsana ya di tonki le ditonki ke ga efitlhile ka ane aitemogetse ga dipalangwa di tlhokega mo motseng wa gaabo go ka thusa ka metsi le goisa batho mahelong arileng jaaka Bookelong,gompieno jaana ratonki o na le dikolotsana tsa ditonki di le tharo le palo ya ditonki tse di kgonang go fitlhisa o mongwe le o mongwe ko ayang ka ana le babereki ba ba motlase ga gagwe go akaretsa le ba bo mme jaaka o bona mosetshwantshong mo gompieno jaana ratonki le bana ba gagwe ba ipelang ka tonki le goitse botlhokwa jwa yone.[1]