Jump to content

Ditshwanelo tsa LGBTQ kwa Namibia

Go tswa ko Wikipedia

Ditshwanelo tsa basadi ba ba ratanang ka bong, banna ba ba ratanang ka bong, batho ba ba ratanang le bong ka bobedi, dba ba fetotseng bong, le ba ba queer (LGBTQ) kwa Namibia di atologile mo lekgolong la bomasome a mabedi le motso la dingwaga, le fa ntswa batho ba LGBTQ ba sa ntse ba na le tshireletso e e kwa tlase ya semolao.[1][2] Melao ya Namibia ya motlha wa bokolone e e neng e dira gore go ratana ka bong ga banna e nne molato e ne e sa diragadiwe mo ditsong, mme e ne ya menolwa ke Kgotlakgolo ya ditsheko ya lefatshe leo ka 2024.[3]

Lewa la batho ba LGBTQ kwa Namibia le tlhofofetse mo dingwageng tsa bosheng. Setlhopha se se eteletseng pele sa go buelela LGBTQ mo lefatsheng leo ke OutRight Namibia, e tlhamilwe ka Mopitlo 2010 mme ya kwadisiwa semmuso ka Ngwanatseele 2010. E rulagantse dipontsho tsa ntlha tsa boikgantsho tsa Namibia mme e batla go nna "lentswe la basadi ba ba ratanang ka bong, banna ba ba ratanang ka bong, batho ba ba ratanang le bong ka bobedi le batho ba ba fetotseng bong le ba bong jo bo tlhakaneng kwa Namibia".[4] Ditlhopha tse dingwe tsa LGBTQ di akaretsa MPower Community Trust, e e tlamelang ka kitso ka botsogo jwa thobalano mo banneng ba ba ratanang ka bong le batho ba ba ratanang ka bong ka bobedi, Mokgatlho wa Namibian Gays and Lesbian Movement, o o nayang batho ba LGBTQ tshegetso le kgakololo le go rulaganya mananeo a thuto go lemotsha batho ba LGBTQ ba Namibia, Tulinam, setlhopha sa LGBTQ sa tumelo, le Wings to Transcend Namibia, setlhopha sa batho ba ba fetotseng bong.[5]

Ka 2023, kgotlakgolo ya ditsheko ya Namibia e ne ya atlhola gore Namibia e tshwanetse go amogela manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang a baagi ba Namibia a a dirilweng kwa mafatsheng a sele. Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa 2024 palamente e ne ya ntsha molao o o thibelang go amogelwa jalo.

Go kwadilwe ka go ratana ka bong le go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa segompieno tsa Namibia. Mo ngwagakgolong wa bolesome le borobabobedi, batho ba Khoikhoi ba ne ba lemoga mareo a koetsire e e kayang monna yo o amogelang tlhakanelodikobo le monna yo mongwe, mme soregus, e e kayang go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang gantsi mo gare ga ditsala. Go tlhakanela dikobo ka marago le go tlhakanela dikobo fa gare ga basadi le gone go ne go diragala, le fa e le ka sewelo.[6]

Ka dingwaga tsa bo 1920, moithuta-loago wa Mojeremane Kurt Falk o ne a bega ka go ratana ka bong le meletlo ya lenyalo la bong jo bo tshwanang mo bathong ba Ovambo, Nama, Herero le Himba. Banna ba Ovambo ba ba tsayang karolo ya go tlhakanela dikobo le banna ba bangwe ba bidiwa kimbanda kgotsa eshengi . Mo gare ga Baherero, botsala jo bo tsosang keletso ya tlhakanelodikobo (jo bo itsiweng e le oupanga) fa gare ga batho ba babedi go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe di ne di tlwaelesegile, mme gantsi di ne di akaretsa go tlhakanela dikobo ka marago (okutunduka vanena ). Ka dingwaga tsa bo 1970, ethnographer ya Mopotokisi Carlos Estermann o ne a ela tlhoko ngwao ya Ovambo fa banna ba ba neng ba itsege jaaka esenge ba ne ba tla apara jaaka basadi, ba dira tiro ya basadi le go nyala banna ba bangwe. Setšhaba sa Ovambo se ne se dumela gore ba tsenwe ke mewa ya basadi.[6]

  1. "Namibia". Human Dignity Trust. 8 February 2019. Retrieved 8 September 2023.
  2. Petersen, Shelleygan (October 2023). "Gay community ready to take legal action over Ekandjo's bills". The Namibian. Retrieved 2 October 2023.
  3. "Namibian court strikes down law criminalising same-sex relationships". https://guardian.ng/namibian-court-strikes-down-law-criminalising-same-sex-relationships/.
  4. "OutRight Namibia". 26 February 2013. Archived from the original on 2017-09-03. Retrieved 2018-12-13.
  5. "Namibia's Compliance with the U.N. Convention Against Torture: LGBTI Rights" (PDF). The Advocates for Human Rights. 2016.
  6. 1 2 "Boy-Wives and Female Husbands". www.willsworld.org. Archived from the original on 14 October 2018. Retrieved 16 September 2018. Cite error: Invalid <ref> tag; name "africa" defined multiple times with different content